Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tla Dirang Fa a Ka Nkgana?

Ke Tla Dirang Fa a Ka Nkgana?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Tla Dirang Fa a Ka Nkgana?

O NE o mo tsaya e le tsala. Mme a simolola go go kgatlha ka tsela e sele. Gongwe o ile wa ngokwa ke tsela e a neng a le maitseo ka yone kgotsa tsela e a neng a nyenya ka yone fa a bua. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta lobaka lo loleele a sa bue sepe ka tsa lorato. Ka jalo o dirile tshwetso ya gore o mmotse gore a botsala jwa lona e ka se nne sengwe se se fetang go nna ditsala fela. Ka maswabi, o ne a gana a sa etsaetsege mme a le pelonomi. *

Jaaka go ka lebelelwa, o utlwile botlhoko. Mme o se ka wa galefa; leka go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Ee, lekawana leno le go boleletse gore ga le batle go ratana le wena. Gakologelwa, tshwetso ya gagwe ga e fetole kafa o leng botlhokwa ka teng, e bile e ka se dire gore batho ba bangwe ba se ka ba tlhola ba go rata le go go tlotla. Tota e bile, tshwetso e a e dirileng e ka tswa e sa amane le se a se akanyang ka wena mme e ka tswa e amana le dilo tse a batlang go di fitlhelela le tse di tlang pele mo go ene.

Fa e le gore o Mokeresete, o ka nna wa gakologelwa gape gore, ‘Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya gago le lorato lo o le bontshitseng leina la gagwe.’ (Bahebera 6:10) Sonja * o tlhalosa seno jaana: “O sa ntse o le botlhokwa. Le fa o sa nyalwa o botlhokwa thata mo go Jehofa.” E re ka Mogodimodimo le batho ba bangwe ba go tsaya o le botlhokwa, ga o na lebaka la go ipona o se motho wa sepe.

O ka tswa o sa ntse o ikutlwa o paletswe kgotsa o boifa gore o ka se ka wa nyalwa. Kgang ya go bo o lebega o sa ‘siamela’ lekawana leno ka nako eno ga le reye gore o ka se ka wa ‘siamela’ motho yo mongwe. (Baatlhodi 14:3) Ka jalo, go na le gore o tseye gore o paletswe ke go bona molekane wa lenyalo, lemoga gore maiteko a gago a go solegetse molemo ka tsela eno: O lemogile gore lekawana leno ga le a go tshwanela. Ke eng fa re bua jalo?

A o Ne a Go Tshwanetse?

Baebele e laela banna gore ba “[rate] basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” (Baefeso 5:28) Mme gape e laela banna gore ba ‘neye basadi ba bone tlotlo.’ (1 Petere 3:7) Mme mo kgannyeng eno, lekawana leno le ka tswa le go rata jaaka tsala. Mme fa a re ga a batle go ratana le wena, tota o bontsha gore gone jaanong ga a ise a siamele go go rata le go go tlotla jaaka mosadi wa gagwe. Mosimane yono o na le tshwanelo ya go dira tshwetso e e ntseng jalo. Akanya ka seno: Fa e le gore mosimane yono o ikutlwa jalo, a tota e ka nna monna yo o go tshwanetseng? Akanya fela ka khutsafalo e o tla nnang le yone fa o ka nyalana le motho yo o sa go rateng e bile a sa go anaanele jaaka Dikwalo di supa!

Gongwe go ka go thusa go ikutlwa botoka fa o akanya ka se lekawana leno le se dirileng, e re ka o sa atlega go ratana le ene. Ka dinako tse dingwe go tseega maikutlo go ka nna ga dira gore motho a se ka a lemoga ditlhaelo dingwe tsa botho kgotsa tsa semoya tse batho ba bangwe ba di bonang sentle. Ka sekai, a go ka direga gore o ne a sa lemoge gore o a mo rata, kgotsa a o ne a tsosa maikutlo ao ka boomo ka go nna a godisa botsala jwa gago le ene? Fa e le gore o ne a dira jalo ka boomo, a seo ga se bontshe gore ga a ise a siamele go nna monna wa Mokeresete yo o akanyetsang le yo o kutlwelobotlhoko? Fa e le gore go ntse jalo, o thusegile go bo o ile wa lemoga seo, le fa go ka tswa go utlwisa botlhoko.

Marcia o ne a nna le maikutlo a lorato fa lekawana lengwe le simolola go bontsha go mo kgatlhegela. Fa a mmotsa gore o ikaeletse eng, o ne a mmolelela gore ga a batle go ratana le ene. Ke eng se se neng sa mo thusa go lebana le boemo jono? A re, “Go dirisa tlhaloganyo e seng maikutlo ke gone go nthusitseng go lebana le maikutlo a ke neng ke na le one.” Go gakologelwa gore Baebele ya re banna ba tshwanetse go itshwara jang go ne ga mo thusa gore a lemoge gore e ne e se monna yo o tshwanelang. Seno se ne sa mo thusa go fenya khutsafalo ya gagwe.

Andrea le ene o ne a tshwarwa jalo ke lekawana lengwe. Moragonyana o ne a lemoga gore se a se mo dirileng se bontsha gore ga a ise a gole sentle. O ne a lemoga gore o ne a ise a siamele lenyalo, mme o itumelela go bo Jehofa a ile a dira gore a lemoge seo. A re, “Ke dumela gore Jehofa a ka go sireletsa mo maemong a a ka go utlwisang botlhoko mme o tshwanetse go mo ikanya.” Gone ke boammaaruri gore, gantsi lekawana le a bo le itshwere sentle mme le gana ka mabaka a a utlwalang. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, o ka lepalepana jang le maikutlo a o tla nnang le one?

Se o Ka se Dirang Malebana le Kafa o Ikutlwang ka Teng

O ka nna wa tlhoka nakonyana gore o amogele gore o go ganne. Go ile ga go tsaya nako gore o mo rate, mme go fedisa maikutlo ao le gone go tla tsaya nako. Ga o kake wa phimola maikutlo a lorato jaaka e kete o tima lebone. Malatsi a mangwe o ka nna wa utlwa maikutlo ao a go fekeetsa! Iphe nako. Fa nako e ntse e tsamaya, maikutlo ao le one a tla fela. Mme fa e le gore o batla gore maikutlo ao a fele ka bonako, tila dilo tse di dirang gore a tsoge.

Ka sekai, o se ka wa nnela go inyatsa, o boaboeletsa sengwe le sengwe se o se buileng le se o se dirileng fa o ne o tlhalosetsa lekawana leno kafa o ikutlwang ka teng. Fa o sa lwe le dikakanyo tse di ntseng jalo o ka nna wa feleletsa o dumela gore e ne e se gore o ne a go gana, gongwe a ka dumela fa o ka leka tsela e nngwe. Dumela fela gore o ka se ka wa fetola tsela e a ikutlwang ka yone. Go ka direga gore le fa o ka tswa o ile wa bua jang le ene, o ne a sa ntse a ka araba ka tsela eo.

Kotsi e nngwe e ka nna go nnela go akanya ka ene. O tlhola o lora o ipona lo tshela ka boitumelo le ene goyagoile. Dikakanyo tse di ntseng jalo di ka nna monate mme ga di boammaaruri. Fa di fela, o boa o akanya gape ka se se go latlhegetseng mme o bo o utlwa botlhoko gape. Modikologo ono wa monate le botlhoko o ka tswelela pele nako e telele fa o sa leke ka natla go o emisa.

Leka ka natla go lwa le dikakanyo tse di ntseng jalo. Fa di simolola, iphokise phefo. Dira tiro nngwe ya diatla—sengwe se se ka faposetsang mogopolo wa gago go sele. Tlhoma mogopolo mo dilong tse di agang, e seng mo dilong tse di ka go sulafatsang pelo. (Bafilipi 4:8) Go ka nna thata mo tshimologong, mme fa nako e ntse e tsamaya, o tla atlega mme o ikutlwe o ritibetse.

Selo se sengwe se se ka go thusang ke go kgothadiwa ke ditsala. (Diane 17:17) Le fa go ntse jalo, Sonja o tlhagisa jaana: “Go ka se go thuse fa e le gore ditsala tsa gago tsotlhe ke batho ba ba sa nyalwang, ba ba lekanang le wena ka dingwaga mme le bone ba batla go nyalwa. O tlhoka le ditsala tse di go fetang ka dingwaga, tse di ka go thusang gore o lebe dilo ka tsela e e siameng.” Mme gakologelwa, go na le mongwe yo o ka go thusang thata go lebala bohutsana jwa gago.

Jehofa—Tsala ya Rona le Motho Yo o Re Tshegetsang

Fa monna mongwe yo o ikanyegang wa bogologolo a ne a swabisitswe, o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse. Go ne ga felela ka eng? O ne a kwala jaana: “Nako le nako fa ke tlhobaela le fa ke tshwenyegile, o a nkgomotsa le go dira gore ke itumele.” (Pesalema 94:19, Today’s English Version) Le wena Jehofa o tla go gomotsa le go go ema nokeng fa o mo rapela ka tumelo. Andrea o ne a dira jalo. A re: “Thapelo e botlhokwa thata mo go go thuseng go lebala botlhoko jwa gago le gore o tswelele pele ka botshelo jwa gago.” Sonja le ene o bolela jaana malebana le thapelo, “E go thusa go nna le seriti se se sa ikaegang ka gore a batho ba bangwe ba a go rata kgotsa nnyaa.”

Ga go na motho ope yo o ka tlhaloganyang ka botlalo kafa o ikutlwang ka teng, mme Jehofa ene o a tlhaloganya. O bopile batho ba na le keletso ya go batla go rata le go ratiwa ke molekane wa lenyalo. O itse kafa maikutlo a go rata motho yo mongwe a ka nonofang ka teng e bile o itse kafa a ka laolwang ka teng. A ka go thusa go lebala botlhoko jo o bo utlwang ka gonne 1 Johane 3:20 ya re: “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.”

Leba Dilo ka Tsela e e Tshwanetseng

Lenyalo le ka dira gore motho a itumele thata mme ga se lone fela le le ka dirang gore o itumele. Mongwe le mongwe yo o direlang Jehofa a ka itumela mme ga se batho ba ba nyetseng fela ba ba ka itumelang. Go na le ditsela dingwe tse ka tsone batho ba ba sa nyalwang ba ka kgonang go itumelela dilo tse dintsi go feta batho ba nyetseng. Ga ba na “pitlagano mo nameng ya bone” e go buiwang ka yone mo go 1 Bakorintha 7:28. Pitlagano eno ke go ngomoga pelo le matshwenyego a batho botlhe ba ba nyetseng ba nnang le one. Batho ba ba sa nyalwang ba na le kgololesego e e oketsegileng mme go motlhofo thata gore ba dirise matshelo a bone go direla Jehofa. Ka jalo, Baebele e ruta jaana: “Yo o neelang bokgarebane jwa gagwe mo lenyalong o dira sentle, mme yo o sa bo neeleng mo lenyalong o dira botoka.” (1 Bakorintha 7:38) Le fa o na le keletso e kgolo ya go nyalwa, fa o tlhatlhanya ka dithuto tseno tsa Baebele go tla go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng le gore o itumelele seemo se o leng mo go sone ka mo o ka kgonang ka teng.

Ditsala dingwe tsa gago di ka nna tsa leka go go kgothatsa ka go go raya di re, “O se ka wa tshwenyega, ka letsatsi lengwe o tla kopana le mongwe yo o go ratang.” Gone ke boammaaruri gore, fa mongwe a go ganne ga go reye gore o tla nna fela o sa nyalwa. Le fa go ntse jalo, kgarebe nngwe ya Mokeresete e e bidiwang Candace e tlhalosa jaana: “Ke tshepa Jehofa. Mme tota ga ke a lebelela gore a nneye monna gore ke itumele. Go na le moo, ke itse gore o tla nnaya sengwe se ke se tlhokang gore ke se ka ka ikutlwa ke le nosi.” Go akanya ka tsela e e siameng jalo go ile ga mo thusa gore a lebale ka maswabi a gagwe a go ganwa ke lekawana.

Gantsi maiteko a go ratana le mongwe ga a atlege mo lefatsheng leno, mme go ntse jalo le ka manyalo. Fa o ikanya Jehofa mme o reetsa kgakololo ya gagwe, a ka go thusa gore mo boemong jwa go hutsafala o itumele. O ka diragalelwa ke se se diragaletseng Kgosi Dafide yo o neng a kwala jaana: “Jehofa, keletso ya me yotlhe e fa pele ga gago, mme go fegelwa ga me ga go a go fitlhegela. Gonne ke ne ka leta wena, Jehofa; O ne wa araba, wena Jehofa Modimo wa me.”—Pesalema 38:9, 15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Bolelela Jang Mosimane Yono Kafa ke Ikutlwang ka Teng?” (October 8, 2004) se ile sa tlhalosa gore mo dinageng dingwe go ka tswa go sa amogelesege gore mosadi e nne ene a ipuelelang mo monneng. Le fa Baebele e sa kgale mokgwa ono, e kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba kgopisa ba bangwe. Ka jalo, batho ba ba batlang gore Modimo a ba amogele, ba tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya Baebele fa ba dira tshwetso malebana le seno.—Mathaio 18:6; Baroma 14:13; 1 Bakorintha 8:13.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Amogela thuso e Jehofa a go e nayang