Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe la Rona le le Sotliwang

Lefatshe la Rona le le Sotliwang

Lefatshe la Rona le le Sotliwang

KA 1805, babatlisisi ba ba itsegeng e bong Meriwether Lewis le William Clark ba ne ba goroga kwa Nokeng ya Columbia e gone jaanong e leng kwa Kgaolong ya Washington, kwa U.S.A. * Se se neng sa ba kgatlha thata go gaisa noka eno ka boyone, e ne e le ditlhapi tse dintsintsi tsa salmon tse di neng di le mo go yone. Ba ne ba kwala jaana mo bukaneng e ba kwalang dintlha mo go yone: “Ga se ka ditlhapi ke tlang lo boneng. Di kokobala ka bontsi mo metsing a noka eno a a di kgokgweetsang a bo a di tlhatsetsa mo losing mo e leng gore Baindia ba tlhoka fela go di sela, go di bua ba bo ba di anega gore di ome.” Ee ruri, ditlhapi tsa salmon di ne di le dintsi thata mo e leng gore Baindia ba ne ba di omisa gore ba gotse molelo ka tsone!

Maemo a fetogile thata gompieno. Pego ya Newsweek ya re: “Baitsesaense ba na le dingwaga di feta lesome ba ntse ba itse gore go tshwarwa ditlhapi di le dintsi mo lewatleng go feta kafa tsone di kgonang go ata ka gone.” Ka sekai, go fopholediwa gore kwa Bokone jwa Atlantic, diperesente di le 90 tsa tlhapi ya salmon di nyeletse.

Mme ga se ditlhapi fela tse di nyelelang. Go dirisiwa selekanyo se se kwa godimo thata sa ditukisi (tse di jaaka magala, oli le tse dingwe), diminerale le dilo tse di tserweng go tswa mo sekgweng. World Wildlife Fund e bega gore diperesente di le 30 tsa meamuso ya lefatshe di ne tsa nyelela fa gare ga 1970 le 1995. Go dirisa meamuso ya lefatshe ka bontsi gantsi go itshupile go na le melemo ya gone e bile go na le dikotsi tsa gone, e re ka mekgwa e e dirisiwang gantsi e senya mafelo a tlholego.

Batho bangwe ba bolela gore e re ka batho e le bone ba dirileng gore go nne le mathata ano, ba ka kgona go a rarabolola. Ka sekai, mo dingwageng tsa bosheng jaana go kgotlelwa ga mowa go ile ga fokotsega mo ditoropong di le dintsi tse di nang le madirelo. A dilo tse dinnye tseno tse di ileng tsa dirwa go tokafatsa maemo di re naya tsholofelo ya gore batho ba tla kgona go tokafatsa maemo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Lewis le Clark ba ne ba romilwe go ya go sekaseka lefelo le le neng le sa tswa go rekwa kwa bophirima jwa Noka ya Mississipi le go dira mmapa wa lone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Kevin Schafer/CORBIS