Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le ka Namolwa!

Lefatshe le ka Namolwa!

Lefatshe le ka Namolwa!

DITLHOGO tse di fetileng di bontshitse sentle gore batho ba ka se tlhole ba kgona go tswelela ba dirisa meamuso ya lefatshe ka selekanyo se ba e dirisang ka sone gone jaanong. Ke boammaaruri gore baeteledipele ba lefatshe ba ile ba dira maiteko a a molemo go fokotsa kgotlelo, go senngwa ga dikgwa le mathata a mangwe a tikologo. Go tloga ka Khonferense ya UN e e Malebana le Tikologo ya Batho ya 1972, e e neng ya latelwa ke dikhonferense tse dingwe tse di neng tsa nna gone gangwe le gape, go setse go ile ga kopana dinaga di le 163 tse di dumalaneng go tsaya dikgato dingwe gore go rarabololwe bothata. Mme matswela e nnile eng? David Hunter, yo e leng mokaedimogolo wa Setheo sa Lefatshe Lotlhe sa Melao ya Tikologo a re: “Ka maswabi, ditumalano tseno tse dintsintsi, dithulaganyo le dikgato tse dingwe tse di tserweng ga di a fedisa go senngwa ga tikologo mo lefatsheng lotlhe.” Tota e bile, jaaka fa Hunter a bolela, “mo e batlang e nna dilo tsotlhe tse di bontshang go senngwa ga tikologo di nnile maswe le go feta gompieno go gaisa kafa go neng go ntse ka teng ka nako ya Khonferense ya UN ya 1992.”

Ke ka ntlha yang fa go sa nna le kgatelopele epe e kalo le mororo go fetile dingwaga tse di fetang 30 go ntse go buiwa ka dikgang tse di malebana le tikologo? Lengwe la mabaka ke gore ikonomi e tshwanetse go gola. Go gola ga ikonomi ya dinaga go ikaegile ka gore a batho ba reka dilwana. Seno se tlhoka gore dikgwebo di dire dilwana tse batho ba tla di rekang, mme seo se dira gore ba tshwanelwe ke go dirisa dikungo tsa naga. Ke modikologo o o sa feleng o o felelang ka gore tikologo e senyege. Mme gone tharabololo ke eng?

Dikgato Tse di sa Thuseng

Baebele e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a go ipusa a ile a palelwa ka tsela e e tlhomolang pelo jaana. Moporofeti Jeremia o ne a re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Mafoko ao a itshupile a le boammaaruri tota!

A o kile wa etela tshingwana kgotsa paraka? A bo re itumela jang ne fa re bona ditlhare tse dintle, ditlhatshana le malomo! Mme gone, tshingwana e e rulagantsweng sentle jalo ga e itiragalele fela. Badiri ba ditshingwana ba ba nang le bokgoni ba dirisa diura di le dintsi ba poma ditlhare, ba sega bojang le go tlhokomela ditshingwana tsa malomo e le gore di lebege sentle. Akanya fela kafa legae la rona la lefatshe le neng le tla lebega ka teng fa lotlhe le ne le ka tlhokomelwa ka tsela e e ntseng jalo e e lorato e e tshwanang le e tshingwana e tlhokomelwang ka yone.

Tota e bile maikaelelo a Mmopi wa rona ke gore polanete ya rona e tlhokomelwe ka tsela e e ntseng jalo. Go ya ka pego ya popo e e mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ‘Jehofa Modimo o ne a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a bo a e tlhokomele.’ (Genesise 2:15) Mo godimo ga moo, lelapa la batho le ne la amogela e seng fela taelo ya go tlhokomela Edene mme gape le gore ba atolosetse Paradaise eo ya kwa tshimologong mo lefatsheng lotlhe.—Genesise 1:28.

Ka maswabi, Adame le Efa e ne ya nna batho ba ba sa itekanelang ka ntlha ya go se utlwe ga bone mme ba latlhegelwa ke tshono ya go tlhokomela le go atolosa melelwane ya Paradaise. (Genesise 3:1-6, 23) E re ka re le bana ba banyalani bano ba ntlha, le rona re ruile boleo jwa bone le bosaitekanelang. (Baroma 5:12) Go se dirise meamuso ya lefatshe ka tsela e e tshwanetseng ke sekai se le sengwe fela se se bontshang maiteko a a sa thuseng sepe a batho ba a dirang go leka go ipusa. Ga go pelaelo gore gore batho ga ba na bokgoni jwa go rarabolola mathata a bone. Go tlhokega thuso ya mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho.

Tsela ya go Rarabolola Bothata

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Baebele e ruta gore fa Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong bo busa, lefatshe le tla dirwa paradaise. (Pesalema 37:10, 11) Ka nako eo ditlhare le dimela di tla ungwa ka botlalo mo tikologong e e phepa. (Pesalema 72:16) Fa Modimo a busa kgotlelo le yone e tla fedisiwa mo lefatsheng, mme batho ba tla ithuta go tshwara tikologo sentle ka botlalo. Re ka tlhomamisega jang gore seo se tla direga?

Baebele e bolela gore lefatshe “ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, batho botlhe ba ba tshelang ba tla itumelela masego a bosakhutleng, go akaretsa le botsogo jo bo siameng, dijo tse dintsi le matlo a a siameng. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka maikaelelo a Modimo? Bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ba tla itumelela go dirisa Baebele go go thusa go bona kafa Lefatshe le ka kgonang go namolwa ka teng le gore seo se tla direga jang!

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Fa Modimo a busa, batho ba tla tshwara tikologo sentle

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mosetsana le molemirui: © Jeremy Horner/Panos Pictures