A Founo ya Selula e Mosola Kgotsa E ka Go Gobatsa?
A Founo ya Selula e Mosola Kgotsa E ka Go Gobatsa?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
DINGWAGA dingwe tse di fetileng, go ne go sa kgonege go tsamaya ka founo ya selula. O ne o ka kgona go tsamaya ka yone fa fela o ne o nonofile kgotsa o e tsenyeditswe mo koloing ya gago, ka gonne dibeteri tsa teng di ne di le boima thata. Difouno tseno di ne di le bogolo jo bo fetang lebokoso la ditlhako, mme di ne di ja diketekete tsa diranta.
Gompieno go na le difouno tseno di ka nna dibilione di le 1,35. Mo dinageng dingwe palo e e fetang mo e ka nnang sephatlo sa baagi ba na le tsone. Bontsi jwa difouno tseno di dinnye mo di kgonang go felela mo seatleng sa gago, mme ka dinako tse dingwe motho o kgona go e fiwa mahala. * Lokwalopaka lwa kwa Australia lwa The Bulletin lo bega jaana: “Palo ya difouno tsa selula tse di dirisiwang e lekana le palo [e e leng teng] ya dithelebishene le dikhomputara di kopane.” Mo dinageng tse di fetang 20, go na le difouno tsa selula tse dintsi go feta difouno tse dingwe tse di tlwaelegileng tsa mo ntlong. Mankge mongwe wa tsa madirelo o tlhalosa gore difouno tsa selula ga se fela sedirisiwa se se kgatlhang sa botegeniki mme ke “selo se se gakgamatsang thata.”
Difouno tsa selula di ama batho jang? A di ka ba solegela molemo kgotsa di ka ba gobatsa?
Di Solegela Kgwebo Molemo
Go rekisiwa ga difouno tse dintsi tsa selula go solegetse dikgwebo molemo thata. Khampani nngwe e kgolo e ne ya re: “Kgwebo ya difouno tsa selula e kgolo thata go feta dilo dipe fela tsa ileketeroniki tse di kileng tsa rekisiwa.” Ka mantswe a mangwe, go dirisiwa madi a mantsi thata go reka difouno tsa selula go na le madi a a diriseditsweng go reka dilo tse dingwe tsa ileketeroniki mo nakong e e fetileng.
Ka sekai, kwa Australia, batho ba ba fetang dimilione di le 15 mo baaging ba le dimilione di le 20 ba na le difouno tsa selula. Bareki ba difouno tsa selula ba khampani e le nngwe fela ya tse di leng gone mo nageng eno ba ile ba founa ka makgetlo a le dibilione di le 7,5 mo ngwageng mongwe bosheng jaana. Mo lefatsheng lotlhe, difouno tsa selula di direla dikhampani tsa tlhaeletsano dibilione tsa diranta ka ngwaga. Go a utlwala go bo dikgwebo tse dikgolo di rata go rekisa difouno tsa selula.
Go Tlhamiwa ga Puo e Ntšha
Bontsi jwa dimilione tsa melaetsa e batho ba e romelanang ka difouno tseno tsa maemo a a kwa godimo tsa selula, ga se e ba buisanang ka tlhamalalo mo go yone, mme ba dirisa mokgwa wa go kwala. Go na le gore batho ba ba dirisang difouno tsa selula ba buisane le motho ka tlhamalalo, palo e ntsi ya bone—segolobogolo basha—ba dirisa mokgwa mongwe wa go romela molaetsa o o bidiwang Short Message Service (SMS). Mokgwa ono o dira gore ba kgone go kwalelana melaetsa e
mekhutshwane le go e romela mme go sa ba je madi a mantsi. E re ka go buisana ka tsela eno go tlhoka gore motho a kwale molaetsa mo founong, batho ba ba dirisang mokgwa ono thata ba dirisa mokwalo o o khutshwafaditsweng thata o mo go one ba kopanyang ditlhaka le dinomoro go bopa mafoko a a tlhaloganngwang. Le fa gone go tlhama le go kwala molaetsa mo founong e le tiro e lapisang fa go bapisiwa le fa motho a bua ka tlhamalalo le yo mongwe, kgwedi le kgwedi batho ba kwalelana melaetsa e e ka nnang dibilione di le 30 go ralala lefatshe.Go kwadiwa eng mo melaetseng eno? Mo patlisisong nngwe e e dirilweng kwa Boritane go ile ga lemogiwa gore diperesente di le 42 tsa basha ba dingwaga tse di fa gare ga 18 le 24 ba dirisa molaetsa o o khutshwafaditsweng ono go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato, diperesente di le 20 di o dirisetsa go kopa mongwe go intsha le bone mme diperesente di le 13 di ile tsa dirisa SMS go fedisa thatano.
Batho ba ba sekasekang mekgwa e batho ba tshelang ka yone ba tshwenyegile ka gore mokwalo o o kopakopaneng ono le tsela e mafoko a rulagantsweng ka yone mo melaetseng ya SMS o senya bokgoni jwa basha jwa go bala le go kwala. Ba bangwe ga ba dumalane le seo, ba bolela gore molaetsa o o khutshwafaditsweng wa SMS o “tsosolosa kgatlhego ya go kwala mo kokomaneng eno e ntšha.” Mmueledi mongwe wa khampani nngwe e e gatisang dikishinare ya Se-Australia o ne a raya lokwalodikgang lwa Sun-Herald a re: “Ga se gantsi re bona tshono ya go simolola mofuta o mosha wa [puo] . . . go dirisa mokgwa wa go romela molaetsa o o khutshwafaditsweng wa [SMS] le internet go kaya gore basha ba kwala thata. [Ba] tshwanetse ba bo ba le dikgeleke mo go ithuteng mokgwa ono, e nne ditswerere mo go diriseng mafoko ano le matshwao a a emelang mafoko ano.”
Mekgwa Mengwe E e Sa Siamang
Le fa gone difouno tsa selula di le mosola mo go buisaneng le batho ba bangwe le mo go tsamaiseng kgwebo, mo babereking ba le bantsi ka dinako tse dingwe didirisiwa tseno e ka nna sekgoreletsi go na le gore di nne mosola—di dira gore ba nnele ruri mo diofising tsa bone. Patlisiso nngwe e ile ya fitlhela gore diperesente di le 80 tsa badiri ba ba phasalatsang le diperesente di le 60 tsa baagi ba ikutlwa ba patelesega go nna ba ikgolagantse le batho ba bangwe ka dinako tsotlhe, e ka tswa e le bathapi ba bone kgotsa bareki ba bone. Tsela e batho ba ikutlwang ba patelesega go araba founo ya selula ka yone le fa ba ka tswa ba le kae kgotsa ba dirang e dira gore go nne le se mmatlisisi mongwe a se bitsang “mokgwa wa go kgorelediwa.” Go fedisa bothata joo, baenjeniri ba ile ba dira didirisiwa tsa kago tse di ka dirisiwang mo diresetšhurenteng le mo mafelong a bobogelo tse di ka kgonang go dira gore founo ya selula e se ka ya bereka.—Bona lebokoso la “Dikakantsho Malebana le go Dirisa Founo ya Selula.”
Mo godimo ga gore di nne letshwenyo, difouno tseno tse go bonalang di le gongwe le gongwe, di ka nna tsa bakela batho mathata. Patlisiso nngwe ya kwa Canada e ile ya bontsha gore go dirisa founo ya selula fa o ntse o kgweetsa go kotsi fela jaaka fa o kgweetsa o nole bojalwa. Porofesa Mark Stevenson wa Setheo sa Dipatlisiso Tsa Batho ba ba Gobetseng kwa Yunibesithing ya Botlhaba ya Australia, o tlhalosa gore go bua ka founo go thata go na le go bua fela le mongwe yo o nang le ene mo koloing. Le fa go na le dikotsi mme mo mafelong mangwe mapodisi a tshwara batho ba ba dirang seno, mo patlisisong nngwe ya bosheng go ile ga fitlhelwa gore kwa Australia mokgweetsi a le 1 mo go ba le 5 o romela melaetsa ya SMS, mme nngwetharong e a founelwa kgotsa e founela mongwe ka founo ya selula a ntse a kgweetsa.
Dikotsi tsa go sa dirise founo sentle di nna teng le mo difofaneng. Le fa gone megala ya difofane tsa bosheng e dirilwe gore di se ka tsa kgorelediwa ke difouno tsa selula, difofane dingwe tse di dirisiwang di sa ntse di kgorelediwa ke difouno tseno. Makasine wa New Scientist o bega jaana: “Mo ditekong tse di dirilweng mo difofaneng tse pedi, Civil Aviation Authority [CAA] ya kwa Boritane e ile ya tlhomamisa gore marang a difouno tsa selula a kgoreletsa le didiriswa tsa ileketeroniki tse di botlhokwa tsa sefofane.” Fa mmueledi wa CAA a tlhalosa kotsi e kgolo e e ka bakiwang ke difouno tsa selula o ne a re: “Founo ya selula e ntsha maatla a magolo fa e le kgakala thata le seteishene sa teng. Ka jalo, fa sefofane se ntse se tlhatloga, marang a founo ya selula a nna maatla le go feta, mme a bo a kgoreletsa thata sefofane ka nako e e kotsi thata ya fa se fofa.” Patlisiso nngwe ya kwa Australia e ile ya fitlhela gore didirisiwa tsa ileketeroniki, go akaretsa le difouno tsa selula, di ile tsa baka ditiragalo di le mmalwa tsa fa difofane di ne di nna le mathata ka go bo bapalami ba ne ba sa tsaya tsia tlhagiso ya gore ba time didirisiwa tseno fa ba tsena mo sefofaneng.
Difouno Tsa Selula le Bolwetse Jwa Kankere
Go sa ntse go ganetsanwa malebana le gore a marang a a tswang mo difounong tsa selula le mo diteisheneng tsa tsone a ka dira gore batho ba nne le kankere. E re ka dimilione tsa batho ba dirisa dilo tseno, le e leng peresente e nnye fela ya gore di ka nna kotsi mo boitekanelong e ka dira gore e lebege e le bothata jo bogolo jwa boitekanelo. Ka jalo, go ile ga dirwa dipatlisiso tse dintsi malebana le kafa marang a difouno tsa selula a amang dithishu ka teng. Go fitlheletswe ditshwetso dife?
Lekgotla la Independent Expert Group on Mobile Phones (IEGMP) le ile la ntsha pego e e reng: “Setlhopha seno sa baitse se dumela gore, ka ntlha ya bosupi jo bo bonweng gone jaanong, batho ka kakaretso ga ba tlhoke go tshwenyega ka go dirisa difouno tsa selula. Makasine wa New Scientist le one o ile wa bega jaana: “Le fa go ka tswa go ile ga nna le dipego tse di tshosang batho mo dingwageng tsa bosheng jaana, bosupi bo le bontsi jo bo leng teng gone jaanong bo bontsha gore marang a a tswang mo difounong tsa selula a ka se lwatse batho. Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore go ile ga nna boima go boeletsa ditlamorago dingwe.”
E re ka go sa ntse go na le dipelaelo malebana le gore a difouno tsa selula di ka lwatsa batho, go sa ntse go dirisiwa dimilione tsa diranta go dira dipatlisiso tse di oketsegileng. Go fitlha go bonwa karabo e e tlhomameng, lekgotla la IEGMP le akantsha seno: “Fa go kgonega, o se ka wa dirisa founo ya selula ka lobaka lo loleele. Dirisa difouno tse di nang le selekanyo se se kwa tlase sa marang. Dirisa didiriswa tsa founo tse di dirang gore o se ka wa e tshwara ka diatla le didirisiwa tse dingwe tse di leng teng fa e le gore di fokotsa selekanyo sa marang a founo eno.” Baitse bano ba akantsha gape gore “bana ba ba ka kwa tlase ga dingwaga di le somethataro ga ba tshwanela go rotloediwa go dirisa difouno tsa selula” e re ka thulaganyo ya bone ya ditshika tse dikgolo tsa boboko e e sa ntseng e gola “e ka nna ya tlhaselwa motlhofo ke malwetse a a sa bonaleng.”
Le fa go sa ntse go ganetsanwa ka kgang eno, founo ya selula e na le tlhotlheletso e kgolo mo go tsa ikonomi le mo bathong. Jaaka didirisiwa tse dingwe tse di tshwanang le yone tsa ileketeroniki—thelebishene le khomputara—founo ya selula e ka kgona go nna sedirisiwa se se mosola mme gape e ka laola motho ka tsela e e sa tshwanelang. Kgang ya gore a e mosola kgotsa a e ka gobatsa e ikaegile gotlhelele ka motho yo o e dirisang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 4 Ka dinako tse dingwe difouno tsa selula di abelwa batho mahala fa fela ba saenile konteraka le khampani ya difouno ya gore ba tla dirisa madi a a rileng go founa mo lobakeng lo go dumalanweng ka lone.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]
Dikakantsho Malebana Le Go Dirisa Founo Ya Selula
1. Buela kwa tlase fa o dirisa founo ya gago mo mafelong a botlhe. Maekerofouno ya founo ya gago e tshwara modumo wa lentswe ka bonako mme e bile batho ba ba go dikologileng ga ba batle go utlwa motlotlo wa gago.
2. Tima founo, kgotsa o dire gore e rorome ka tidimalo fa o le kwa dikokoanong tsa bodumedi, kwa dikokoanong tsa kgwebo, kwa baesekopong kana mo moletlong mongwe wa batho botlhe kgotsa kwa resetšhurenteng.
3. O se ka wa dirisa founo ya selula o e tshwere ka seatla fa o kgweetsa.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mo lefatsheng lotlhe, go romelwa melaetsa e e kwadilweng ka founo e e ka nnang dibilione di le 30 ka kgwedi
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Go dirisa founo ya selula o ntse o kgweetsa go ka nna kotsi fela jaaka fa o ka kgweetsa o nole bojalwa