Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela

Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela

A MORWA Modimo o ne a tle a iphe nako le bana? Bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba sa akanye gore a ka dira jalo. Mo lekgetlhong lengwe ba ne ba leka go kganela bana gore ba se ka ba atamela Jesu. O ne a tsibogela seo ka go ba raya a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Morago ga moo o ne a amogela setlhopha sa bana ka lorato mme a bua le bone. (Mareko 10:13-16) Jesu o ne a bontsha ka tsela eo gore o kgatlhegela bana. Batsadi ba ka latela jang sekao sa gagwe gompieno? Ba ka dira jalo ka go thapisa bana ba bone sentle le go ipha nako le bone.

Gone ke boammaaruri gore batsadi ba ba diragatsang maikarabelo a bone ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba tlhokomele bana ba bone sentle mme ba tila go ba tshwara makgwakgwa. Mme re ka nna ra re ke ga “tlholego” fela gore batsadi ba bontshe bana ba bone tlotlo ba bo ba ba akanyetse. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa gore ba le bantsi mo motlheng ono wa rona ga ba tlhole ba na le “lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-3) Mme mo go ba ba sa ntseng ba kgatlhegela bana ba bone ka lorato, gantsi go na le sengwe se ba ka se ithutang malebana le go nna motsadi yo o diragatsang maikarabelo a gagwe. Ka jalo, melaometheo e e latelang ya Baebele ke dikgakololo tse di itumedisang tse di ka thusang batsadi ba ba batlelang bana ba bone se se molemo.

Go Thapisa Bana Kwantle Ga go Ba Tshwenya

Dr. Robert Coles, yo e leng morutabana le ngaka e e tumileng ya malwetse a tlhaloganyo, o kile a re: “Ka tlholego fela ngwana fa a sa ntse a gola o simolola go akanya ka tsa boitsholo. Ke akanya gore keletso e bana ba nang le yone ya go batla go kaelwa mo go tsa boitsholo ba e neilwe ke Modimo.” Ke mang yo o tshwanetseng go ba naya kaelo e e ntseng jalo?

Mo go Baefeso 6:4, Dikwalo di gakolola jaana: “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” A o etse tlhoko gore temana eno e naya segolobogolo rre boikarabelo jwa gore a rute bana ba gagwe go rata Modimo le go tlotla melao ya gagwe? Mo temaneng ya 1 ya Baefeso kgaolo 6, moaposetoloi Paulo o ne a lebisitse go mmè le rre ka bobedi fa a ne a raya bana a re ba ‘utlwe batsadi ba bone.’ *

Gone ke boammaaruri gore fa rre a seyo, mmè ke ene yo o tshwanetseng go rwala boikarabelo jono. Bommè ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba ile ba kgona go godisetsa bana ba bone mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, fa mmè a nyalwa, monna wa Mokeresete ke ene a tshwanetseng go etelela pele. Mmè o tshwanetse go ikobela boeteledipele joo fa ba thapisa bana ba bone le go ba otlhaya.

O ka kgona jang go otlhaya kgotsa go thapisa bana ba gago kwantle ga go ba “tshwenya”? Ga go na mokgwa o o rileng o e leng one fela o ka o latelang, segolo jang ka gonne bana ga ba tshwane. Mme batsadi ba tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko tsela e ba otlhayang bana ba bone ka yone, e nne e ka metlha e bontshang gore ba ba rata le gore ba ba tlotla. Se se kgatlhang ke gore, kgang eno ya gore o se ka wa tshwenya bana ba gago e boelediwa gape mo Dikwalong mo go Bakolosa 3:21. Mo temaneng eo, borre ba gakololwa gape jaana: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”

Batsadi bangwe ba garumela bana ba bone. Ga go pelaelo gore seno se galefisa bana ba bone. Mme Baebele e kgothatsa jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Baebele gape ya re “motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.

Iphe Nako le Bone

Go ipha nako le bana ba gago go tla raya gape gore o ikemisetse go itima menate mengwe ka ntlha ya bana ba gago go bona gore a dilo di ntse di ba tsamaela sentle. Baebele ya re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:6, 7.

Gompieno, maikarabelo a magolo a go ya tirong gore motho a bone madi a dira gore batsadi ba le bantsi ba se ka ba kgona go nna le bana ba bone go tloga fela mo mosong go fitlha letsatsi le phirima. Le fa go ntse jalo, Duteronome e gatelela gore batsadi “ba tshwanetse” go ipha nako le bana ba bone. Go dira jalo go tlhoka gore motho a nne le thulaganyo e e siameng le gore a itime dilo dingwe. Gone mme, bana ba tlhoka nako e e ntseng jalo.

Akanya ka se se bonweng mo patlisisong nngwe e e neng ya dirwa mo basheng ba dingwaga tsa bolesome ba ba fetang 12 000. Babatlisisi ba ne ba swetsa ka go re: “Selo se se ka thusang mosha wa dingwaga tsa bolesome thata mo botsogong jwa gagwe le gore a se ka a itshwara ka tsela e e tla mo tsenyang mo kotsing ke gore motsadi a atamalane thata le ene.” Ee, bana ba batla gore batsadi ba bone ba ba kgatlhegele. Mmè mongwe o kile a botsa bana ba gagwe a re, “Fa lo ka bo lo kgona go nna le sengwe le sengwe se lo se batlang, ke eng se lo neng lo tla rata go nna le sone thata?” Ka bonè jwa bone ba ne ba araba ka go re “Go nna le nako e e oketsegileng le Mama le Papa.”

Ka jalo go nna motsadi yo o diragatsang maikarabelo a gagwe go raya gore o tshwanetse go tlhomamisa gore bana ba gago ba bona dilo tse ba di tlhokang, go akaretsa go ba ruta dilo tsa semoya le go tsalana thata le bone. Go raya go thusa bana gore ba kgone go nna bagolo ba ba nang le bokgoni, ba ba tlotlegang le ba ba ikanyegang ba ba ka kgonang go tshwara batho ba bangwe sentle e bile e le batho ba ba galaletsang Mmopi wa bone. (1 Samuele 2:26) Ee, fa batsadi ba thapisa le go otlhaya bana ba bone ka tsela ya bomodimo, ba diragatsa maikarabelo a bone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Paulo fano o ne a dirisa lefoko la Segerika la go·neuʹsin le le tserweng mo lefokong la go·neus le le kayang “motsadi.” Mme mo temaneng ya 4 o dirisitse lefoko la Segerika la pa·teʹres le le kayang “borre.”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go garumela ngwana go ka mo ngomola pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Iphe nako le bana ba gago