Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka e e Tseelwang Kwa Godimo ya Basha

Buka e e Tseelwang Kwa Godimo ya Basha

Buka e e Tseelwang Kwa Godimo ya Basha

MOGOKGO wa Sekolo sa Tigoni sa Basetsana kwa Limuru, kwa Kenya, o ne a kwalela ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya naga eo a kopa dikhopi tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. O ne a re: “Jaaka lo ka tswa lo itse, go thata go dirisana le basha ba dingwaga tsa bolesome. Re na le dikhopi di le pedi tsa buka eno ya lona, e e ileng ya thusa barutabana le baithuti thata. E na le tshedimosetso e e lekaneng mme e kgona go thusa rona barutabana mmogo le basha.”

Go tswa foo mogokgo o ne a re: “Lekgotla la tsamaiso [ya sekolo] le batla gore re dirise buka e e mosola eno go ruta basetsana ba rona mo sekolong. Ba rata buka eno thata. Batsadi ba bana ba sekolo sa rona ba itumelela thata maiteko otlhe a re a dirang go thusa bana ba bone. Re akanya gore gone jaanong, dikhopi di le 25 tsa buka eno di tla bo di lekane.”

Buka eno ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang e bua thata ka se basha ba se akanyang le kafa ba ikutlwang ka teng. E dira gore go nne le motlotlo o o rutang o o malebana le ditlhogo tse di jaaka: “Ke ka Dira Jang Gore Batsadi ba Me ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?,” “A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?,” “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala Tsa Mmatota?,” “Ke Tshwanetse go Tlhopha Tiro Efe mo Botshelong?,” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?” le “Ke Ka Itse Jang Fa e Le Lorato Lwa Mmatota?”

Tseno ke ditlhogo di le mmalwa fela tsa dikgaolo tsa buka eno. Mo dikgaolong tsa yone tse 39, buka eno e bua gape le ka ditlhogo tse dingwe tse dintsi. Fa o batla gore o romelelwe khopi ya buka eno, tlatsa setlankana se se mo makasineng ono mme o se romele mo atereseng e e tlhagang mo setlankaneng seno kgotsa e romele mo atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.