Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhaselwa ke go Ngomoga Pelo!

Go Tlhaselwa ke go Ngomoga Pelo!

Go Tlhaselwa ke go Ngomoga Pelo!

“BOTHATA jo Bogolo mo go Tsa Boitekanelo Kwa Amerika.” Mafoko ano ke a setlhogo se segolo se se neng sa gatisiwa ke Setheo sa Amerika se se Malebana le go Ngomoga Pelo se se bolelang gore selo se segolo se se bayang boitekanelo jwa batho mo kotsing gompieno ga se kankere kgotsa yone AIDS. Pego eno e bolela jaana: “Go fopholediwa gore diperesente di le 75-90 tsa batho botlhe ba ba yang go bona dingaka tsa kalafi ba a bo ba na le mathata a amanang le go ngomoga pelo.”

Ga se go feteletsa dilo fa go twe batho gompieno ba tlhaselwa ke go ngomoga pelo. Go ya ka National Consumers League “tiro ke yone selo se segolo thata se se ngomolang pelo mo bathong ba ba godileng ba ba nang le mathata (39%), mme sa bobedi se se ngomolang batho pelo ke lelapa (30%). Dilo tse dingwe tse di ngomolang batho pelo di akaretsa boitekanelo (10%), go tshwenyega ka maemo a tsa ikonomi (9%) le go tshwenyega ka dikgotlhang tsa ditšhaba tse di farologaneng le borukhutlhi (4%).”

Le fa go ntse jalo, bothata jono ga bo fitlhelwe fela kwa United States. Patlisiso ya kwa Boritane ya 2002 e ne ya fopholetsa gore “ka 2001 le 2002 batho ba feta halofo ya milione kwa Boritane ba ne ba dumela gore ba ne ba ngomogile pelo ka ntlha ya tiro go ya bokgakaleng jwa gore ba bo ba lwale.” Ka ntlha ya “go ngomoga pelo go go bakwang ke tiro, go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa go tlhobaela,” go “fopholediwa gore kwa Boritane go ile ga nna le malatsi a le dimilione di le sometharo le halofo ka ngwaga a badiri ba neng ba sa tla tirong ka one.”

Seemo se maswe fela jalo le kwa Yuropa. Go ya ka Lephata la Yuropa la Pabalesego le Boitekanelo Kwa Tirong “go ile ga lemogiwa gore go ngomoga pelo go go bakwang ke tiro go ama dimilione tsa badiri ba kwa Yuropa mo mefuteng yotlhe ya ditiro tse ba di dirang.” Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore go na le “mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 41 ba [Mekgatlho ya kwa Yuropa] ya badiri ba ba amiwang ke go ngomoga pelo ka ntlha ya tiro ngwaga le ngwaga.”

Go tweng ka Asia? Pego nngwe e e neng ya ntshiwa kwa khonferenseng e e neng e tshwaretswe kwa Tokyo e ne ya konela jaana: “Dinaga di le dintsi mo lefatsheng di tshwenyegile ka go ngomoga pelo go go bakwang ke tiro, e ka tswa e le dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa kana tse di tlhabologileng.” Pego eno e ne ya bega gore “dinaga di le mmalwa kwa Asia Botlhaba, tse di akaretsang China, Korea le Taiwan, di ile tsa nna le madirelo ka bonako e bile ikonomi ya tsone e godile. Dinaga tseno jaanong di tshwentswe thata ke tsela e tiro e ngomolang badiri pelo ka gone le kafa seno se amang boitekanelo jwa bone ka tsela e e sa siamang ka gone.”

Le fa go ntse jalo, ga o tlhoke go bala dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa gore o lemoge gore batho ba ngomogile pelo. Go ka direga gore le wena o ka tswa o ngomogile pelo ka tsela e e masisi! Ke ditlamorago dife tse di sa siamang tse go ngomoga pelo go ka go bakelang tsone, wena le ba o ba ratang? Malapa a ka dirang gore a kgone go laola bothata jono? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dikgang tseno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Selo sa konokono se se ngomolang batho ba le bantsi pelo ke tiro ya bone