Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Dira Eng fa ba Bangwe ba Mpolelela Mathata a Bone?

Ke Tshwanetse go Dira Eng fa ba Bangwe ba Mpolelela Mathata a Bone?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Tshwanetse go Dira Eng fa ba Bangwe ba Mpolelela Mathata a Bone?

“Go na le mosetsana mongwe kwa sekolong. Batsadi ba gagwe ba ne ba rulaganyetsa go tlhalana mme maduo a gagwe kwa sekolong a ne a ya kwa tlase. Gantsi o ne a mpolelela ka mathata a lelapa la gaabo.”—Jan, wa dingwaga di le 14.”

“Mosetsana mongwe kwa sekolong o ne a mpolelela bothata jo a neng a na le jone jwa gore o ile a tlhakanela dikobo le mosimane mongwe. O ne a ima mme a ntsha mpa mme batsadi ba gagwe ba ne ba sa itse ka gone.”—Mira, wa dingwaga di le 15.

AKANYA o tshwere motlotlo le tsala nngwe kgotsa le mongwe yo o tsenang sekolo le ene. O sa lebelela, o simolola go go bolelela mathata a gagwe. Gongwe o na le mathata a a tshwenyang basha—mathata a diaparo, madi, tebego ya gagwe, ditsala le maduo a sekolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, a ka tswa a na le mathata a a masisi le a a boima.

Seemo sa kwa United States se bontsha kafa mathata a basha a ka nnang masisi ka teng. Go ya ka makasine wa Newsweek, “National Institutes of Mental Health (NIMH) e fopholetsa gore diperesente di le 8 tsa basha le diperesente di le 2 tsa bana (ba bangwe ba bone ba nang le dingwaga di le 4 fela) ba na le matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong.” Patlisiso e nngwe e bolela jaana: “Mo e ka nnang basetsana ba ka nna 97 mo go ba le 1 000 ba dingwaga di le 15-19—basha ba kwa Amerika ba le milione—ba ima ngwaga le ngwaga. Bontsi jwa ba ba imang—diperesente di le 78 tsa bone—ba ima ba sa ikaelela.” Mme gape go na le basha ba ba dimilione ba ba nnang mo magaeng a a sa tlhomamang. Ba le diketekete ba bone ba a ketekwa le go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Mo e ka nnang go feta sephatlho sa bana ba ba kwa sekolong se segolwane kwa United States ba ile ba dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang. Go na le dipalo tse di kwa godimo tsa basha ba ba lebaneng le mathata a go ja.

Ga go gakgamatse go bo basha ba le bantsi ba tlhoka mongwe yo ba ka buang le ene le yo ba ka mmulelang mafatlha! Mme gantsi motho wa ntlha yo ba yang kwa go ene ke dithaka tsa bone. O tshwanetse go dira eng fa mosha jaaka wena a go bulela mafatlha? Fa e le gore o Mokeresete, ga go a tshwanela go go gakgamatsa go bo seno se direga. Baebele e laela Bakeresete gore ba nne “sekao” mo boitshwarong le go nna tekatekano. (1 Timotheo 4:12; Bafilipi 4:5) Ka jalo, basha ba bangwe—go akaretsa le ba e seng Bakeresete—ba ka nna ba batla go go bulela mafatlha. Mme o tshwanetse go rarabolola jang bothata jono? Mme go tweng fa e le gore o akanya gore o go boleletse dilo tse o ka se kang wa kgona go mo thusa mo go tsone?

Go Nna Moreetsi yo o Molemo

Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:7) Fa mongwe a na le bothata mme a batla go bua le wena, gantsi selo se se molemolemo se o ka se dirang ke go reetsa fela. Tota e bile Baebele e kgala motho yo o ganang go reetsa “go goa ka go ngongorega ga motho wa maemo a a kwa tlase.” (Diane 21:13) Go ka tswa go ile ga tsaya tsala ya gago nako gore a nne le bopelokgale jwa gore a bue le wena. Go iketleetsa go reetsa go ka dira gore go nne motlhofo gore a bue. Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Hiram a re: “Gantsi ke letla motho yo mongwe gore a bue. Ke dira gore a bue ka se se mo tshwenyang mme ke leka fela go nna kutlwelobotlhoko.” Vincent le ene a re: “Ka dinako tse dingwe batho ba batla fela go bua.”

Ka jalo, tsala ya gago e ka tswa e sa lebelela gore o rarabolole mathata a gagwe. Se a ka tswang a se tlhoka fela ke gore o nne moreetsi yo o molemo. Ka jalo reetsa! Tila go itewa tsebe ke dilo tse di go dikologileng kgotsa go mo tsena ganong go sa tlhokege. Go bo o le teng fela mme o reeditse go ka mo thusa thata. Go bontsha gore o amegile tota ka ene.

A seno se raya gore ga o a tshwanela go bua sepe? Go ikaegile thata ka gore bothata jwa gagwe ke jwa mofuta ofe. Gantsi, go bua fela sengwe sa bopelonomi se se supang gore o a mo akanyetsa, go lekane. (Diane 25:11) Ka sekai, fa motho mongwe yo o mo itseng a wetswe ke masetlapelo mangwe, go ka nna molemo gore o mmontshe gore o mo utlwela botlhoko. (Baroma 12:15) Diane 12:25 ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” Gongwe se se tlhokegang fela ke kgothatso. Mmolelele gore o a itse gore o tla kgona go fenya mathata a gagwe. Mafoko a a jaaka “Ke a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o ikutlwa jalo” kgotsa “ke maswabi go bo o tshwanelwa ke go lebana le seno” a ka dira gore tsala ya gago e itse gore o amegile tota le gore o batla go mo thusa.

Le fa go ntse jalo, Diane 12:18 e tlhagisa jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” Go botlhokwa gore o tile mafoko a a jaaka “Ga go maswe jalo,” “Lebala ka gone,” kgotsa “Ga o a tshwanela go ikutlwa jalo.” Ela tlhoko gape gore o se ka wa tlhofofatsa bothata jwa gagwe ka go dira metlae. Tsala ya gago e ka nna ya swetsa ka bonako gore ga o mo akanyetse malebana le kafa a ikutlwang ka teng.—Diane 25:20.

Go tweng fa e le gore ga o itse gore o reng? Bua boammaaruri fela. Bolelela tsala ya gago gore tota ga o itse gore o reng mme o sa ntse o batla go mo thusa. Mmotse gore, “Nka dirang go go thusa?” Ee, go ka tswa go na le dilo dingwe tse o ka di dirang tse di ka kokobetsang bothata.—Bagalatia 6:2.

Go mo Naya Kgakololo e e Botsalano

Go tweng fa e le gore o akanya gore tsala ya gago e tlhoka kgakololo? Gone ke boammaaruri gore jaaka motho yo mosha, tota ga o na maitemogelo. (Diane 1:4) Ka jalo, o ka tswa o sa tshwanelege go neela kgakololo ka bothata bongwe le bongwe. Le fa go ntse jalo, Pesalema 19:7 ya re: “Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” Ee, le fa o “[se na] maitemogelo” o ka tswa o na le kitso e e lekaneng ya melaometheo ya Baebele e e ka thusang tsala ya gago. (Diane 27:9) Kwantle ga go bua bobe, ke eng fa o sa mmontshe dintlha dingwe go tswa mo Baebeleng? Fa e le gore ga o tlhomamisege gore ke molaometheo ofe o o tla tshwanelang mo kgannyeng eo, dira dipatlisiso. Mo dingwageng tse di fetileng karolo ya makasine ono ya “Basha ba Botsa Jaana . . . ” e ile ya nna le kgakololo e ntsi e e tswang mo Baebeleng e e buang ka ditlhogo tse di farologaneng. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le yone e na le tshedimosetso e e molemo. *

Gongwe go ka thusa fa o ka tlhalosa ka se le wena se go diragaletseng. Gongwe e bile o na le dikakantsho tse di ka thusang. Kwantle ga go gatelela gore a direng, o ka nna wa tlhalosa gore wena o ile wa thusiwa ke eng. (Diane 27:17) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore maemo ga a tshwane. Se se ileng sa go thusa se ka nna sa se ka sa thusa yo mongwe.

Tlhagiso

O se ka wa senya nako e ntsi o reeditse mathata a basha ba ba sa boifeng Jehofa kgotsa ba ba sa tlotleng melao ya Bokeresete. Mathata a mantsi a ba nang le one a ka tswa a bakiwa ke botshelo jo ba bo tshelang jo bo sa tsamaisaneng le Baebele. Go leka go thusa batho ba ba sa rateng kgakololo ya Baebele go ka nna ga lo kgoba marapo ka bobedi. (Diane 9:7) Mo godimo ga moo, o ka nna wa iphitlhela o reeditse puo ya boeleele fela kgotsa le e leng puo ya matlhapa. (Baefeso 5:3) Ka jalo, fa o ikutlwa o sa gololesega go reetsa bothata bongwe, nna pelokgale go bolelela motho yoo gore o ka se kgone go mo thusa kgotsa o mmolelele gore ga o a gololesega go reetsa se a se buang.

Nna kelotlhoko fa mongwe wa bong bo sele a batla go go bulela mafatlha a gagwe. Baebele e tlhagisa gore pelo e ka nna boferefere. (Jeremia 17:9) Go tsalana thata le bone go ka tsosa maikutlo a lorato mme go ka nna ga felela ka boitsholo jo bo sa siamang.

Mo godimo ga moo, o se ka wa itsenya mo kotsing ya gore o mo solofetse gore o ka se ka wa bolelela ope. Ka boikokobetso, lemoga gore motho yo o buang le wena o ka tswa a tlhoka thuso e e fetang e wena o ka mo e nayang.—Diane 11:2.

Fa go Tlhokega Thuso ya ba Bangwe

Gantsi selo se se molemo go se dira ke gore le wena o batle thuso. Mira, yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a re: “Ke ne ke sa itse gore ke thuse motho yo ke tsenang le ene sekolo jang. Ka jalo, ke ne ka bua le mogolwane mongwe wa phuthego ka gone, mme o ne a nnaya kgakololo e e molemo malebana le kafa nka mo thusang ka teng.” Ee, mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, go na le banna ba ba nang le maitemogelo ba ba ka go thusang. (Baefeso 4:11, 12) Mogolwane yoo o ne a akantsha gore Mira a kgothaletse tsala ya gagwe kwa sekolong gore e bue le batsadi ba gagwe. Mosetsana yono o ne a amogela kgakololo ya ga Mira. Mira a re: “Seemo sa gagwe se tokafatse. Gone jaanong o batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele.”

Go tweng fa e le gore Mokeresete ka wena o go bulela mafatlha? Ga go pelaelo gore o tla batla go dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang go mo thusa. (Bagalatia 6:10) Fa e le gore o belaela gore a ka tswa a fapoga melao ya ga Jehofa ya boitsholo, o se ka wa tshaba go ‘bua boammaaruri’ le ene. (Baefeso 4:25) Bua boammaaruri mme gone o se ka wa ipona tshiamo. Go bua boammaaruri go tla supa gore o tsala ya mmatota.—Pesalema 141:5; Diane 27:6.

Fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo ntseng jalo, go botlhokwa gape gore o kgothaletse tsala ya gago gore e batle thuso—mo batsading ba gagwe, mo mogolwaneng kgotsa mo Mokereseteng mongwe yo o godileng semoyeng yo a mo tlotlang. Fa go fetile nako e e rileng mme a ise a bue le ope, o ka nna wa tshwanelwa ke gore wena o mmuelele mo mongweng. (Jakobe 5:13-15) Go dira jalo go ka nna ga tlhoka gore o nne pelokgale, mme go supa gore tota o amega ka tsala ya gago le gore o mmatlela se se molemo.

Mme gone, Jehofa ga a lebelela gore o rarabolole bothata jwa mongwe le mongwe. Mme fa mongwe a go bulela mafatlha, ga o tlhoke go ikutlwa gore o ka se ka wa kgona go mo thusa. Dirisa thapiso ya Bokeresete e o nang le yone mme o itshupe o le “molekane wa boammaaruri.”—Diane 17:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 E Gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke gore o kopele tsala e e mo kotsing thuso