Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Laola go Ngomoga Pelo!

O ka Kgona go Laola go Ngomoga Pelo!

O ka Kgona go Laola go Ngomoga Pelo!

“GO KGARATLHELA go lekalekanya maikarabelo a kwa tirong, a mo lelapeng le dilo tse dingwe tse o tlhokang go di dira mo botshelong go ntse go thatafalela pele mo dingwageng tsa bosheng.” Mafoko ano a fitlhelwa mo bukeng nngwe ya bosheng e e buang ka botshelo jwa lelapa. Ruri re tshela mo dinakong tse di ngomolang pelo. Mme gone, seno ga se gakgamatse baithuti ba Baebele ka gonne e sa le e boleletse pele gore tseno e tla nna “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”—2 Timotheo 3:1-5.

Jesús, yo e leng rre wa bana ba le bararo a re: “Go ngomoga pelo ke selo se se tlwaelegileng. Ka gone, o tshwanetse go itse kafa o ka go laolang ka teng.” Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go laola bothata jwa go ngomoga pelo. Le fa go ntse jalo, go na le dikakantsho tse di mosola le melaometheo ya Baebele e e ka go thusang.

Go Laola go Ngomoga Pelo go go Bakwang ke Tiro

A o ikutlwa o ngomogile pelo, gongwe ka ntlha ya maemo a mo tirong e o e dirang? Go didimala fela o sa bue ka gone go tla dira gore o ikutlwe o gatelesegile le go feta. Jaaka fa Baebele e bolela mo go Diane 15:22, “go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.”

Batho ba ba ileng ba dira dipatlisiso ka bothata jwa go ngomoga pelo jo bo bakwang ke tiro ba akantsha gore “o bue le mothapi wa gago: fa ba sa itse gore go na le bothata, ba ka se kgone go go thusa.” Seno ga se bolele gore o bue le bone ka bogale e bile o betilwe ke pelo. Moreri 10:4 ya re: “Go ritibala go okobatsa maleo a magolo.” Bua le mothapi wa gago o wetse dibete e bile o sa lwe le ene. Gongwe o ka kgona go bolelela mothapi wa gago gore fa dilo tse di go ngomolang pelo mo tirong di ka fokotsega o ka kgona go dira tiro e e duleng diatla le go feta.

O ka dira se se tshwanang le ka mathata a mangwe a a tlhagang mo tirong, a a jaaka dikgotlhang tse o nnang le tsone le badiri ka wena. Dirisa ditsela tse di siameng tsa go rarabolola mathata a a ntseng jalo, gongwe o dire dipatlisiso fa go tlhokega gore o ka dira seo jang. Go gatisitswe ditlhogo di le dintsi mo lokwalopakeng lono tse di ka go thusang. * Fa go bonala bothata jono bo ka se rarabologe, go ka nna molemo gore o batle tiro e nngwe.

Go Fokotsa Mathata a Tsa Madi

Baebele gape e na le kgakololo e e ka go thusang go lebana le mathata a tsa madi. Jesu Keresete o ne a kgothatsa jaana: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng.” (Mathaio 6:25) Seno se ka kgonega jang? Ka go ikanya Jehofa Modimo gore o tla go tlamela ka dilo tsa konokono tse o di tlhokang. (Mathaio 6:33) Dilo tse Modimo a di solofetsang ga se tsa lefela. Dimilione tsa Bakeresete gompieno di nonotshiwa ke tsone.

Ke boammaaruri gore gape o tlhoka go dirisa “botlhale jo bo mosola” malebana le madi. (Diane 2:7; Moreri 7:12) Baebele e re gakolola jaana: “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:7, 8) Re ka kgona go ithuta go kgotsofalela bonnye jo re nang le jone e bile go ka re tswela mosola. Akanya ka Leandro, yo o neng a tsamaya ka setulo sa maotwana morago ga kotsi e e neng ya mo tlhagela. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tila go dirisa madi ka tsela e e botlhaswa. Leandro o tlhalosa jaana: “Re leka go somarela madi. Ka sekai, fa lebone le sa dirisiwe re a le tima gore re se ka ra senya ka motlakase. Fa go tliwa mo koloing gone, re rulaganya go sa le gale gore re ya kae re bo re kopanya mekgaphe ya rona gore re se ka ra senya ka peterole.”

Batsadi ba ka thusa bana go nna le boikutlo jo bo siameng. Morwadie Leandro e bong Carmen o dumela jaana: “Go bonala ke rata go rekareka dilo fela, mme batsadi ba me ba nthusitse go lemoga gore ke eng se tota ke se tlhokang le gore ke eng se ke sa se tlhokeng. Kwa tshimologong go ne go le thata gore ke fetole mokgwa ono wa me. Mme gone ke ne ka ithuta go dira pharologano fa gare ga dilo tse ke di batlang le tse tota ke di tlhokang.”

Puisano—Selo se se Thusang go Fokotsa go Ngomoga Pelo

Legae e tshwanetse go nna lefelo le motho a ikhutsetsang go ngomoga pelo mo go lone, mme gantsi ke lone selo sa dilo tse dikgolo tse di bakang go ngomoga pelo. Ka ntlha yang? Buka ya Survival Strategies for Couples ya re: “Banyalani . . . ba ba ngomogileng pelo go se kae kgotsa ba ba ratang go omana ba bolela gore gantsi go sa buisane ke gone go dirang gore ba nne le dikgotlhang gangwe le gape.”

Melaometheo ya Baebele e ka thusa banyalani go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go buisana. Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua” le gore ‘lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le molemo jang!’ (Moreri 3:1, 7; Diane 15:23) Go itse seno go ka dira gore o se ka wa bua ka dilo tse di amang maikutlo fa molekane wa gago a lapile kgotsa a ngomogile pelo. A ga go botoka gore o letele nako e e tshwanetseng—e ka yone go ka diregang thata gore molekane wa gago a go reetse?

Ke boammaaruri gore fa o ile wa itshokela maemo mangwe a a bokete kwa tirong, go ka se nne motlhofo gore o ritibale kgotsa o nne pelotelele. Mme go ka diregang fa re bontsha gore re betilwe ke pelo ka go bua ka tsela e e makgwakgwa le molekane wa rona wa lenyalo? Baebele e re gakolola gore “lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Go farologana le seo, “mafoko a a itumedisang ke lomepe lwa tswina ya dinotshe, a monate mo moyeng e bile ke phodiso ya marapo.” (Diane 16:24) Go tlhokega boikemisetso tota gore motho a nne le puisano mo lenyalong e e se nang “kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba.” (Baefeso 4:31) Le fa go ntse jalo, matswela a gone a molemo. Banyalani ba ba buisanang ba ka kgona go gomotsana le go tshegetsana. Diane 13:10 ya re: “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” *

Kgwetlho ya go Buisana ga Batsadi le Bana

Go buisana le bana ke selo se se gwetlhang—segolobogolo fa motho a se na nako e lekaneng ya go dira jalo. Baebele e kgothaletsa batsadi go dirisa tshono epe fela e ba e bonang go buisana le bana ba bone, jaaka ‘fa ba ntse mo ntlong le fa ba tsamaya mo tseleng.’ (Duteronome 6:6-8) Leandro a re: “O tshwanetse wa batla ditshono tsa go buisana le bone. Fa ke le mo koloing le morwaake, ke dirisa tshono eo go buisana le ene.”

Ke boammaaruri gore ga se batsadi botlhe ba ba go fitlhelang go le motlhofo go buisana le bana ba bone. Alejandra, yo e leng mmè wa bana ba le bararo, o dumela jaana: “Ke ne ke se moreetsi yo o molemo. Go palelwa ga me ke go nna le puisano go dirile gore ke ikutlwe ke galefile e bile ke le molato.” Motsadi a ka tokafatsa jang mo ntlheng eno? Simolola pele ka go ithuta “go nna bonako go utlwa.” (Jakobe 1:19) Dr. Bettie B. Youngs a re: “Go reetsa ka kelotlhoko ke mokgwa o o molemo go gaisa wa go fokotsa go ngomoga pelo.” O tshwanetse wa ela tlhoko kafa o reetsang ka gone. Leba motho yo o buang le ene mo matlhong. Se tseye mathata a bana ba gago ba nang le one e se a sepe. Kgothaletsa bana ba gago go ntsha maikutlo a bone. Botsa dipotso tse di tshwanetseng. Ba bontshe lorato ka bopelotshweu o bo o ba bontshe gore o tshepa gore ba tla dira se se siameng. (2 Bathesalonika 3:4) Rapela mmogo le bana ba gago.

Go tlhokega boiteko gore o kgone go nna le puisano e e molemo. Mme go dira jalo go ka go thusa gore o fokotse go ngomoga pelo mo lelapeng la gago. Puisano e ka go thusa gore o kgone go lemoga fa bana ba gago ba ngomogile pelo. O ka kgona go naya bana ba gago kaelo e e botlhale le go feta fa e le gore o tlhaloganya maikutlo a bone le maemo a bone. Kwa bofelong, basha ba ba kgothalediwang go bua fa ba na le dilo tse di ba ngomolang pelo go ka se direge thata jalo gore ba bontshe go ngomoga pelo ga bone ka go se itshware sentle.

Tirisanommogo—Selo Se se Ka Thusang Gore go Dirwe Ditiro Tsa Legae

Fa monna le mosadi wa gagwe ba bereka ka bobedi jwa bone, go dirwa ga ditiro tsa legae e ka nna selo se sengwe se se ngomolang pelo. Bommè bangwe ba ba berekang ba kgona go itshokela seno ka go tlhofofatsa ditiro tsa bone tse ba di dirang letsatsi le letsatsi mo gae. Ba ka nna ba lemoga gore ba ka thusiwa ke gore ba se ka ba apaya dijo tse dintsintsi. Gakologelwa kgakololo e Jesu a neng a e naya mosadi yo o neng a baakanyetsa dijo di le dintsintsi: “Go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela.” (Luke 10:42) Ka gone, iphokoletse tiro. Buka ya The Single-Parent Family e akantsha jaana: “Apaya setšhuu le dijo tse dingwe tse di apeelwang mo pitseng e le nngwe fela gore o se ka wa nna le tiro e ntsi ya go tlhatswa dipitsa.” Ee, go iphokoletsa ditiro tse o di dirang letsatsi le letsatsi mo gae go ka fokotsa go ngomoga pelo.

Tota le fa o dira jalo, go ka nna ga nna le dilo di le dintsi tse di tshwanetseng tsa dirwa. Mmè mongwe yo o berekang o dumela jaana: “Fa ke ne ke sa le mosha, ke ne ke kgona go dira sengwe le sengwe. E re ka jaanong ke godile, ga go tlhole go le motlhofo go dira jalo. Botshelo jo ke bo tshelang jwa go nna mo lebelong ka dinako tsotlhe bo simolotse go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng. Ka gone, tirisanommogo ya mongwe le mongwe mo lelapeng e bontsha gore re a akanyetsana, mme e nthusa gore ke se ka ka ngomoga pelo ka tsela e e masisi.” Ee, fa botlhe mo lelapeng ba dirisana mmogo ka go rata, ditiro tsa legae di ka dirwa kwantle ga gore e nne morwalo wa motho a le mongwe fela. Buka e e buang ka go nna motsadi ya re: “Go abela bana ditiro tsa legae ke nngwe ya ditsela tse di molemo go gaisa tsa go dira gore . . . ba ikutlwe ba na le bokgoni. Go ba abela ditiro tsa legae ka metlha go dira gore ba nne le sengwe se se molemo se ba se dirang le gore ba lebe tiro ka tsela e e tshwanetseng.” Go dira ditiro tsa legae mmogo go ka nna ga go naya tshono ya go ipha nako le bana ba gago.

Julieta yo mmotlana a re: “Ke kgona go lemoga gore mmè o ikutlwa a imologile fa ke mo thusa go dira dilo dingwe. Seno se dira gore ke itumele e bile se dira gore ke ikutlwe ke le motho yo o nang le maikarabelo. Se nthusa go anaanela legae la me. Go ithuta go dira ditiro tsa legae go nthapisetsa isagwe.” Mary Carmen le ene a re: “Go tloga fela fa re sa le bannye, batsadi ba me ba ne ba re ruta go itlhokomela. Seno se re thusitse fela thata.”

Ditsela Tse di Mosola Tsa go Lebana le go Ngomoga Pelo

Go ngomoga pelo ke karolo ya botshelo jwa segompieno; o ka se go tile. Le fa go ntse jalo, o ka ithuta go go laola. (Bona lebokose le le mo tsebeng ya 10.) Go latela melaometheo ya Baebele go ka thusa. Ka sekai, fa o ikutlwa o fekeediwa ke boemo bongwe, gakologelwa gore “go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) Buisana le tsala e e godileng sentle kgotsa le molekane wa gago wa lenyalo. Ronald L. Pitzer, yo e leng moithutaloago a re: “O se ka wa fitlha maikutlo a gago. Bolelela motho yo o godileng sentle mo tlhaloganyong maikutlo a gago le dilo tse o tshwenyegileng ka tsone yo go ka diregang gore a tlhaloganye boemo jwa gago le go amega ka wena.”

Baebele gape e bua ka go ‘direla moya wa gago ka tsela e e duelang.’ (Diane 11:17) Ee, o tla bo o dira sentle fa o itlhokomela ka dilo tse o di tlhokang. Baebele ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Go ipha nako ya go ikhutsa go ka go solegela molemo fela thata—tota le fa e ka nna metsotso e sekae fela mo mosong gore o itumelele go nwa kopi ya tee, o bale sengwe, o rapele kgotsa o itulele o le nosi fela o tlhatlhanye.

Go ikatisa ka tsela e e lekaneng le go ja dijo tse di otlang le gone go ka go thusa. Buka nngwe e e buang ka go nna motsadi e re gakolola jaana: “Fa o dirisa bontlhanngwe jwa nako ya gago e e botlhokwa le maatla a gago go itlhokomela, tota o a bo o ntšhafatsa maatla a gago. . . . Go nna o dirisa maatla a gago go thusa ba bangwe go batla gore o tlhomamise gore le wena o boa o ntšhafatsa maatla a gago, go seng jalo o tla bo o itsietsa mme kgabagare o tla felelwa ke maatla gotlhelele.”

Mo godimo ga moo, Baebele e thusa motho go nna le dinonofo tse a di tlhokang gore a itshokele go ngomoga pelo, tse di jaaka “bonolo,” bopelotelele le bopelonomi. (Bagalatia 5:22, 23; 1 Timotheo 6:11) Go feta moo, Baebele e re naya tsholofelo—tsholofetso ya lefatshe le lesha le le tlang le mo go lone dilo tsotlhe tse di hutsafatsang batho di tla bong di fetile! (Tshenolo 21:1-4) Ka gone, go botlhale gore o nne o bala Baebele letsatsi le letsatsi. Fa e le gore o ka rata go thusiwa gore o simolole go dira jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa kwantle ga go go duedisa madi ape.

Seno ga se bolele gore motho yo e leng Mokeresete ga a ngomoge pelo mo botshelong. Mme Jesu o ne a bolela gore go a kgonega go tila ‘go imelwa ke . . . ditlhobaelo tsa botshelo.’ (Luke 21:34, 35) Gape fa o ntse o tlhagolela botsala le Jehofa Modimo, a ka nna botshabelo jwa gago! (Pesalema 62:8) A ka kgona go go thusa gore o kgone go lebana le dilo tse di ngomolang pelo mo botshelong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona ditlhogo tse di reng “Go Kgerisiwa Kwa Tirong—O ka Dirang ka Gone?” mo makasineng wa rona wa May 8, 2004.

^ ser. 15 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo ya 3 ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Fa ke ne ke sa le mosha, ke ne ke kgona go dira sengwe le sengwe. E re ka jaanong ke godile, ga go tlhole go le motlhofo go dira jalo. Botshelo jo ke bo tshelang jwa go nna mo lebelong ka dinako tsotlhe bo simolotse go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Kafa o ka Fokotsang go Ngomoga Pelo ka Gone

▪ Ikhutse ka mo go lekaneng letsatsi le letsatsi

▪ Ja sentle. O se ka wa ja go feta selekanyo

▪ Ikatise mmele ka tsela e e tshwanetseng ka metlha, jaaka go tsamaya ka go gwanta

▪ Fa go na le sengwe se se go tshwenyang, buisana le tsala ka sone

▪ Iphe nako e e oketsegileng le ba lelapa la gago

▪ Abela ba bangwe ditiro tsa legae gore ba go thuse

▪ Itse makoa a gago a mo mmeleng le mo maikutlong

▪ Itlhomele mekgele e o kgonang go e fitlhelela; o se ka wa nna motho yo o batlang go dira dilo kwantle ga diphoso

▪ Dira dilo ka thulaganyo; nna le thulaganyo e o kgonang go e latela

▪ Tlhagolela dinonofo tsa Bokeresete tse di jaaka bonolo le bopelotelele

▪ Iphe nako ya go nna o le nosi

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go buisana ka tlotlo le mothapi wa gago ka mathata a o nang nao go ka nna ga fokotsa go ngomoga pelo go go bakwang ke tiro

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Batsadi ba ka nna ba buisana le bana ba bone ka ditsela tse ba ka somarelang madi ka tsone

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa o le mosha, buisana le mongwe yo o ka go thusang ka dilo tse di go ngomolang pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Botlhe ba ka thusa mo go direng ditiro tsa legae