Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seemo sa Dingaka mo Dinakong Tsa Diphetogo

Seemo sa Dingaka mo Dinakong Tsa Diphetogo

Seemo sa Dingaka mo Dinakong Tsa Diphetogo

Ka 1174, Maimonides o ne a tlhongwa go nna ngaka ya babusi ba Egepeto mme o ne a fetsa bontsi jwa malatsi a gagwe a direla kwa ntlong ya segosi. O ne a kwala jaana malebana le se a neng a se dira fa a goroga kwa gae letsatsi le letsatsi: “Ke ja dijo tse di motlhofo, tse e leng tsone fela ke di jang ka letsatsi. Go tswa foo ke ya go tlhola balwetse ba me ke bo ke ba kwalela melemo e ba tshwanetseng go e newa le ditaelo ka malwetse a bone. Balwetse ba tsena ba tswa go fitlha bosigo mme ka dinako tse dingwe . . . ke ikutlwa ke lapile tota mo ke sa kgoneng le go bua.”

GO NNA ngaka e sa le e le tiro e e tlhokang gore motho a ithontshe dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, seemo se dingaka di ntseng di bereka mo go sone gompieno, se fetoga ka bonako. Dingaka di sa ntse di ka bereka diura tse di lapisang fela jaaka go ne go ntse ka Maimonides. A mme gone, dingaka di sa ntse di tlotliwa jaaka pele? Maemo a masha a amile botshelo jwa dingaka jang? Mme diphetogo tsa bosheng di fetotse jang tsela e dingaka di dirisanang ka yone le balwetse?

Tirisano ya Dingaka le Balwetse e Fetogile

Bangwe ba sa ntse ba gakologelwa nako ya fa dingaka di ne di tsamaya di tshotse melemo yotlhe ya tsone mo kgetsing e ntsho. Batho ba ne ba na le maikutlo a a sa tshwaneng ka dingaka mo metlheng eo fela jaaka go ntse le gompieno. Bontsi jwa dingaka di ne di tlotlwa ka ntlha ya bokgoni le maemo a tsone, mme di ne di ratwa thata ka ntlha ya mekgwa ya tsone e e siameng. Le fa go ntse jalo, di ne di ka tshwaiwa diphoso ka ntlha ya madi a di neng di batla gore di a duelwe, tsa nyadiwa fa di paletswe ke tiro ya tsone mme tsa kgalwa ka gonne go lebega di se na kutlwelobotlhoko.

Le fa go ntse jalo, dingaka di le dintsi di ne di itumelela go thusa dikokomana tse di latelanang tsa lelapa le le lengwe. Di ne di tlhola batho kwa gae, mme ka dinako tse dingwe fa di le kwa mafelong a metseselegae di ne di ja mmogo le malapa kgotsa di robala kwa malapeng ao fa di thusa go belegisa. Dingaka di le dintsi di ne di rulaganyetsa balwetse ba tsone melemo e ba tshwanetseng go e newa. Dingaka tse di seng pelotshetlha di ne di alafa batho ba ba humanegileng mahala mme di ne di thusa batho bosigo le motshegare.

Ke boammaaruri gore dingaka dingwe di sa ntse di bereka ka tsela eo, mme gone mo mafelong a le mantsi go bonala tsela e dingaka di dirisanang le balwetse ka yone e fetogile thata mo dingwageng di ka nna 30 go ya go di le 40 tse di fetileng, go feta mo makgolong a le mmalwa a dingwaga a a fetileng. Go tlile jang gore diphetogo tseno di nne teng? A re sekasekeng pele kgang ya go tlhola balwetse kwa gae.

Go Tlhola Balwetse Kwa Gae go Feletse Kae?

Go tlhola balwetse kwa gae e ne e le mokgwa o o tlwaelegileng thata mo tirong ya bongaka, mme mokgwa ono o sa ntse o latelwa mo dinageng dingwe. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono o ntse o fela mo lefatsheng lotlhe. Lokwalodikgang lwa The Times of India lo ne lwa re: “Mo metlheng eno e dingaka di setseng di ithutela kalafi e e rileng fela, mokgwa ole o a fela wa gore ngaka e e lo itseng sentle mo lapeng e iketleeletse go lo tlhola nako nngwe le nngwe fela, e dirisana le lona ka tsela e e nametsang.”

Ka ntlha ya go ntsifala ga kitso ya tsa kalafi, dingaka di le dintsi di ithutetse kalafi e e rileng fela mme di bereka e le setlhopha, ka jalo balwetse ba ka tlhatlhobiwa ke dingaka tse di sa tshwaneng nako le nako fa ba lwala. Ka ntlha ya moo, dingaka di le dintsi ga di kgone go dirisana lobaka lo loleele le malapa jaaka pele.

Mokgwa ono wa gore balwetse ba se ka ba tlhola ba etelwa kwa gae o simologile dingwaga di le lekgolo tse di fetileng fa dingaka di ne di simolola go dirisa thata tshedimosetso ya dilaboratori le didirisiwa tsa go lemoga bolwetse. Mo mafelong a le mantsi ba tsa botsogo ba ne ba simolola go tsaya gore go tlhola balwetse kwa gae ga se tsela e e molemo ya go dirisa nako ya dingaka. Gompieno bontsi jwa balwetse ba kgona go bona sepalangwa ba bo ba ikela kwa ngakeng. Gape gone jaanong bathusi ba tsa kalafi le ba ditirelo tsa tshoganyetso ba setse ba dira tiro e pele e neng e dirwa ke dingaka.

Maemo a a Fetogileng

Gompieno ke dingaka di sekae fela tse di ikemetseng. Ditirelo tsa kalafi di dirwa thata ke mekgatlho ya puso kgotsa dikhampani tsa kalafi tse di thapang dingaka. Le fa go ntse jalo, dingaka di le dintsi ga di rate gore go nne le batho ba bangwe ba ba tsenelelang fa di dirisana le balwetse. Gantsi mekgatlho eno e batla gore dingaka di tlhatlhobe balwetse ba le bantsi mo nakong e nnye. Dr. Sheila Perkins, yo e leng ngaka ya malwetse otlhe kwa Boritane, a re: “Ke tshwanetse go tlhatlhoba molwetse a le mongwe metsotso mengwe le mengwe e le supa go ya go e le lesome. Mme ke tshwanetse go dirisa bontsi jwa nako eo ke tsenya tshedimosetso mo khomputareng. Nako e e salang e nnye thata gore o ka itlwaetsa molwetse wa gago. Seno se kgoba marapo eleruri.”

Mo seemong se dingaka di dirang mo go sone gone jaanong, balwetse ba na le dithata go feta pele. Pele lefoko la dingaka le ne le agelwa mosako. Mme mo dinageng di le dintsi gompieno, dingaka di tshwanetse go tlhalosetsa molwetse ka dikalafi tse a ka di tlhophang le gore matswela e ka nna afe, gore molwetse fa a dumela kalafi a bo a na le tshedimosetso ka yone. Tsela e dingaka di dirisanang le balwetse ka yone e fetogile. Bangwe ba tsaya dingaka e le batho fela ba ba kgonang go rarabolola bothata.

Mo dinakong tseno tsa diphetogo, palo e kgolo ya dingaka ke basadi. Gantsi basadi ba e leng dingaka ba ratwa thata ka gonne go tsewa gore ke bone ba ba reetsang botoka. Ka jalo, seo se dira gore bongaka e nne tiro e e dirwang ka bopelotlhomogi.

Batho ba le bantsi ba rata ngaka e e amegang ka bone, e e tlhaloganyang maikutlo a balwetse le dilo tse di dirang gore ba ikutlwe ba gateletswe mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go botsa gore, Ke balwetse ba le kae ba ba tlhaloganyang maikutlo a dingaka tsa bone le kafa di gateletsweng mo maikutlong ka teng? Ga go pelaelo gore go dira jalo go ka tokafatsa tsela e balwetse le dingaka ba dirisanang ka yone. Setlhogo se se latelang se ka thusa.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Maimonides

[Motswedi wa Setshwantsho]

Brown Brothers

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Mo nakong e e fetileng, gantsi dingaka di ne di tlhola balwetse kwa gae