Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

MODIMO o tlhalosiwa sentle gore ke mothatayotlhe le gore o itse dilo tsotlhe. Le fa go ntse jalo, fa bangwe ba leka go nna ba tlhalosa bogolo jwa Modimo, ba oketsa ka polelwana ya boraro ya gore Modimo o gongwe le gongwe.

Ditsela tse pedi tsa ntlha tse Modimo a tlhalosiwang ka tsone fa godimo di tshegediwa ke dithuto tsa Dikwalo. (Genesise 17:1; Bahebera 4:13; Tshenolo 11:17) Ee, tota Modimo ke mothatayotlhe e bile o itse dilo tsotlhe ka kgopolo ya gore ga go na sepe se se fitlhegileng mo go ene. A Modimo o gongwe le gongwe, kgotsa a ke motho yo o nang le bonno jo bo tlhomameng?

Modimo o Kae?

Mo ditemaneng di le mmalwa tsa Baebele, ‘magodimo’ a tlhalosiwa e le “lefelo le le tlhomameng la bonno” la Modimo. (1 Dikgosi 8:39, 43, 49; 2 Ditirafalo 6:33, 39) Le fa go ntse jalo, pego nngwe ya Baebele e tlhalosa bogolo jwa ga Jehofa Modimo ka mafoko ano: “A mme ruri Modimo o tla nna le batho mo lefatsheng? Bona! Legodimo, ee, legodimo la magodimo, lone le ka se go tshole.”—2 Ditirafalo 6:18.

Baebele ya re: “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Ka jalo, o nna mo lefelong la semoya le le seng mo lobopong. Fa Baebele e re “magodimo” ke lefelo la bonno la Modimo, e bua ka lefelo le le tlotlometseng kwa a nnang gone, lefelo le le sa tshwaneng le le le bonalang le rona re nnang mo go lone. Mme se se botlhokwa le go feta ke gore, Baebele e ruta gore eleruri bonno jwa Modimo bo farologane thata le lobopo lo lo bonalang mme le fa go ntse jalo ke lefelo le le tlhomameng.—Jobe 2:1-2.

Modimo ke Motho

Jesu o ne a bua ka bonno jwa ga Jehofa fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo ntlong ya ga rre go na le manno a le mantsi. . . . ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo.” (Johane 14:2) Jesu o ne a ya kae? Kgabagare, o ne a “tsena . . . . mo legodimong ka bolone, gore jaanong a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.” (Bahebera 9:24) Pego eno e re ruta dintlha tse pedi tse di botlhokwa ka Jehofa Modimo. Sa ntlha, o na le lefelo la bonno la mmatota mme sa bobedi, ke motho, e seng maatla a a sa kgoneng go tlhalosiwa, a a nnang gongwe le gongwe.

Ke ka lebaka leo Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “Rraarona yo o kwa legodimong,” ba lebisa dithapelo tsa bone kwa mothong, e bong Jehofa, yo o mo lefelong lengwe, e leng magodimo a semoya. (Mathaio 6:9; 12:50) Thuto eno e tsamaisana le tsela e batho ba Modimo ba ileng ba rutiwa gore ba rapele ka yone dingwaga tse di fetang 1 500. Mekwalo ya ntlhantlha e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e na le thapelo eno: “A ko o lebe kwa tlase go tswa kwa bonnong jwa gago jo bo boitshepo, e leng magodimo, mme o segofatse batho ba gago.”—Duteronome 26:15.

Moya o o Boitshepo wa Modimo o o Fitlhang Gongwe le Gongwe

Le fa gone ka metlha Baebele e bua ka Modimo e re ke motho yo o nang le bonno jo bo tlhomameng, gantsi e bua ka moya wa gagwe o o boitshepo ka tsela e e supang gore o gongwe le gongwe. Mopesalema Dafide o ne a botsa jaana: “Nka ya kae ke tswa mo moyeng wa gago, mme nka tshabela sefatlhego sa gago kae?” (Pesalema 139:7) Mafoko a a ntseng jalo a ile a tlhakanya batho bangwe tlhogo, mme ka ntlha ya seo ba ka nna ba swetsa ka gore Modimo o gongwe le gongwe. Le fa go ntse jalo, fa o akanya ka dintlha tse di dikologileng temana eno le ditemana tse dingwe, o kgona go lemoga sentle gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa—kgotsa maatla a a dirang—o ka tswa mo lefelong la gagwe le le tlhomameng mme wa romelwa le fa e le kae mo lobopong.

Fela jaaka rre a ka otlolola seatla sa gagwe go gomotsa le go tshegetsa bana ba gagwe, seatla sa ga Jehofa—kgotsa moya wa gagwe o o boitshepo—o ka kgona go ya gongwe le gongwe mo lefelong la semoya kgotsa mo lobopong go diragatsa maikaelelo a gagwe. Ke ka moo mopesalema a ileng a bolela jaana: “Fa ke ne nka tsaya diphuka tsa bosa, gore ke tle ke age mo lewatleng le le kwa tengteng, gone koo, seatla sa gago se ne se tla nkgoga le seatla sa gago sa moja se ne se tla ntshwara.”—Pesalema 139:9, 10.

O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo

Jehofa ka boikokobetso le ka lorato o tlhalosa gore o nna kwa kae le gore ke motho wa mofuta ofe a dirisa mafoko a batho ba kgonang go a tlhaloganya sentle. Ka tsela eno le ka ditsela tse dingwe, go ntse jaaka e kete o a “inama gore a bone legodimo le lefatshe.” (Pesalema 113:6, New International Version) Le fa go ntse jalo, batho ga ba ka ke ba kgona go tlhaloganya ka botlalo gore Modimo o ntse jang.

Jehofa o tlotlometse thata, o mogolo thata e bile o gakgamatsa thata moo batho ba ka se kgoneng go mo tlhalosa ka botlalo. Ka jalo, le fa Dikwalo di bolela gore lefelo la gagwe la bonno le le kwa legodimong ke lefelo le le tlhomameng, go ka se ka ga kgonega gore batho ba tlhaloganye lefelo le le ntseng jalo la semoya ka botlalo.—Pesalema 139:6.

Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go bo ka selekanyo se se rileng re bo re kgona go tlhaloganya tsela e Jehofa a ntseng ka yone, re lemoga gore ga se maatla mangwe a a sa kgoneng go tlhalosiwa a a sa bonaleng a a leng gongwe le gongwe mo lobopong. Go na le moo, ke motho, yo o nang le lefelo la bonno le le tlhomameng le dinonofo tse di kgethegileng tsa lorato le bonolo. Go nna le kitso e e ntseng jalo go dira gore motho mongwe le mongwe a nne le tshono e ntle thata—tshono ya go nna le botsala jo bo nnelang ruri le Mothatayotlhe yo e leng Molaodimogolo wa lobopo.—Jakobe 4:8.