Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Motswedi wa Maatla Otlhe

Go Bona Motswedi wa Maatla Otlhe

Go Bona Motswedi wa Maatla Otlhe

LETSATSI ke motswedi wa konokono wa maatla a motlakase a a fitlhelwang mo lefatsheng. Baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore magala le oli di dirwa ke masalela a a bodileng a ditlhare le dimela tse di neng tsa monya maatla a letsatsi. * Metsi a a elelelang mo matamong a a nang le mafelo a a fetlhang maatla a motlakase a dirisa metsi a a tswang mo mawatleng ka ntlha ya mogote wa letsatsi mme a bo a fetisediwa mo lefatsheng ke maru. Gape marang a a mogote a letsatsi ke one a dirang gore go nne le pheswana e e dirang gore metšhine e e fetlhang maatla ka phefo e bereke. Le fa go ntse jalo, go fopholediwa gore go fitlha karolwana e nnye thata ya maatla ano a letsatsi mo lefatsheng.

Le fa gone letsatsi le na le maatla a a gakgamatsang, ke nngwe fela ya dilo tse dintsintsi tse le tsone e leng metswedi e megolo ya maatla mo lobopong. Motswedi o mogolo wa maatla ano otlhe ke mang? Fa mokwadi wa Baebele e bong Isaia a bua ka dinaledi, a re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.” (Isaia 40:26)

Fa re akanya ka maatla a magolo thata a dinaledi, re ka nna ra sala re gamaregile—mme re ka gamarega le e leng go feta fa re akanya ka Mmopi wa tsone. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ee, Mmopi wa lefatshe le metswedi e mentsi ya lone ya maatla, ene yo o re fileng botshelo, a ka bonwa ke ba ba mmatlang.—Genesise 2:7; Pesalema 36:9.

Fa batho bangwe ba bona lefatshe le dilo tse di mo go lone di kgotlelwa e bile di sa abiwe ka go lekalekana, go ka nna thata gore ba dumele gore Modimo o kgatlhegela lefatshe le batho ba ba mo go lone. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore go tla tloga go nna le diphetogo, e solofetsa diphetogo tse dikgolo malebana le kafa dilo tse di mo lefatsheng di abiwang ka teng le kafa lefatshe ka bolone le busiwang ka teng. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Jehofa Modimo o tla tlhomamisa gore batho botlhe ba ba tshelang ba itumelela dilo tse di mo lefatsheng ka go lekalekana a dira jalo ka go tlhoma puso e le nngwe ya kwa legodimong e e busang lefatshe lotlhe, e go busang Morwawe, e bong Jesu Keresete mo go yone. (Mika 4:2-4) Gape o tla “senya ba ba senyang lefatshe,” e leng batho ba ba senyang tikologo ya lefatshe, e ka tswa e le ka tsela ya semoya kgotsa ya mmatota.—Tshenolo 11:18.

Ka nako eo, tsholofetso eno e e mo go Isaia 40:29-31 e tla diragadiwa ka tsela ya semoya le ka tsela ya mmatota: “O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. Basimane ba tla lapa le go felelwa ke nonofo, le makau a tla kgopiwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.” Le wena o ka ithuta mo go oketsegileng ka Motswedi wa maatla otlhe le kafa go tla rarabololwang mathata a lefatshe a maatla a motlakase ka teng fa o ka ipha nako ya go ithuta Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona lebokoso le le reng “Lookwane lo lo Tswang mo Mafikeng lo Simologile Jang?” mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 2003.