Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela go “Tsamaya Mmaele o Mongwe Gape”

Go Itumelela go “Tsamaya Mmaele o Mongwe Gape”

Go Itumelela go “Tsamaya Mmaele o Mongwe Gape”

JAAKA GO BOLETSE CLAIRE VAVY

SETLHAKETLHAKE sa Madagascar, se se dikilometara di le 400 go tloga kwa nageng e e kwa Botlhaba jwa Afrika e leng Mozambique, se tletse dithaba e bile se na le dikgwa tse di kitlaneng. Ke ne ka tsholelwa kwa karolong e e kwa botlhaba jwa setlhaketlhake seno mo motsaneng mongwe wa Betoko II. Ka 1987, fa ke ne ke le dingwaga di le 15, ke ne ka ya go tsena sekolo kwa toropong ya Mahanoro e e kwa ntlheng e e fa losing lwa lewatle.

Ke ne ke nna kwa Mahanoro le mogolole e bong Celestin yo o neng a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga di le pedi morago ga foo ke ne ka nna Mosupi. Ke ne ke ikemiseditse go direla Jehofa Modimo ka botlalo ka moo nka kgonang ka teng.

Maiteko a go Fitlhelela Mekgele ya Me

Mongwe wa mekgele ya me ya ntlha e ne e le go thusa ba lelapa la gaetsho kwa Betoko II, mme ke ne ke rapela Jehofa ka metlha ka se ke batlang go se dira. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgona go boela koo fela ka malatsi a boikhutso a sekolo. Ke ne ke tsaya loeto lo lo boima lwa dikilometara di le 100. Go ne go kgonega go tsamaya ka koloi dikilometara di le 40 tsa ntlha mme dikilometara tse 60 tse di setseng tsone e ne e le tselana ya dinao e e mo dithabeng.

Ke ne ke tshwanelwa ke go pagama dithota di le dintsi tse di goletseng kwa godimo, mme dikarolo dingwe tsa tsela e e makgwakgwa eo di ne di le bosesane jwa boleele jwa lenao la me. Fa ke ne ke simolola mosepele wa me mo mosong, gantsi ke ne ke kgona go tsamaya dikilometara di le 40 go fitlha go nna lotlatlana. Ke ne ke tsamaya ka merwalo e e fetang boima jwa dikilogerama di le 15, mme e mengwe ya yone ke ne ke e rwala mo tlhogong, e mengwe ke e belega mme e e setseng ke e tshwara ka diatla. Bontsi jwa dilo tse ke neng ke di rwala e ne le dikgatiso tsa Baebele, tse ke neng ke fitlha ke di abela ba losika le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang. Batho ba ba neng ba mpona ke feta ka tsela ba ne ba simolola go mpitsa “morwadi wa merwalo e mentsi.”

Le mororo ke ne ke tlhagafetse, kwa tshimologong ba lelapa la gaetsho ba ne ba gana go ntheetsa fa ke bua le bone ka tumelo ya me e ntšha. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ba ne ba fetoga mme ba botsa dipotso tse dintsi mo e leng gore ka dinako tse dingwe re ne re ya go robala ka ura ya bobedi mo mosong.

Loeto Lo lo Sa Lebalegeng

Ka December 24, 1990, ke ne ka ya malatsing a boikhutso kwa gae kwa Betoko II. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba itumeletse go mpona, ba akanya gore ke tlile go keteka Keresemose le bone. Ba ne ba swaba tota fa ke ne ke tlhalosa gore nka se keteke Keresemose le bone. E re ka batho ba mo motseng ba ne ba le seoposengwe, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong go ba tlhalosetsa seno. Ka jalo ke ne ka akanya gore e nne nna ke yang go ba tlhalosetsa. Mme ke ne ke tla dira seo jang?

Ke ne ke etsaetsega, segolobogolo ka go bo ke ne ke le mosha thata. Ke ne ke ipotsa gore a go tla bo go siame gore ke ye go tlhalosa ka tumelo ya me e ntšha fa batho ba mo motseng ba kopane kwa kerekeng ka letsatsi le le latelang. Ke ne ka rapela Jehofa nako e telele le ka tlhoafalo, ke mo kopa gore a nkaele. Morago ga foo ke ne ka botsa mogolole e bong Paul, yo e neng e le moruti kwa kerekeng jaana: “A o akanya gore go tla bo go siame gore ka moso ke tlhalosetse batho ba ba kwa kerekeng lebaka la go bo ke sa keteke Keresemose?” O ne a ya go botsa ba bangwe, mme ba ne ba amogela kakantsho ya me.

Letsatsi le le latelang ke ne ka tla go bidiwa morago ga tirelo ya kereke. Fa ke sena go rapela Jehofa gape, ke ne ka tsamaya ka dikgatiso dingwe tsa Baebele. Fa ke sena go ikitsise, ke ne ka leboga botlhe go bo ba ile ba nthusa gore ke tlotle Baebele thata. Ke ile ka tlhalosa gore ke ne ka tswelela ka go ithuta Baebele le morago ga gore ke tswe mo motseng. Ke ne ka ba bolelela gore ke ithutile dithuto di le dintsi tsa Baebele tse re iseng re ko re di rutiwe.

Ke ne ka dirisa tshono eo go ba tlhalosetsa ka tsholofelo e e mo Baebeleng ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise (Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4), lebaka la go bo e le ba le mmalwa fela go tswa mo lefatsheng ba ba tla yang legodimong (Johane 14:2, 3; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3) le thuto ya Baebele ya gore baswi ga ba ikutlwe mme go ntse jaaka e kete ba robetse, ka jalo ga ba boge (Moreri 9:5, 10; Johane 11:11-14, 38-44). Ke ne ka ba bontsha gape gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke Keresemose le gore mokete oo o simologile kwa boheitaneng.

Fa ke fetsa go ba tlhalosetsa dilo tseno, ba le bantsi mo setlhopheng ba ne ba dumela gore dilo tse ke di buileng di boammaaruri. Ba bangwe ba ile ba bo ba botsa dipotso tse di oketsegileng. Morago ga foo ke ne ka ba bontsha dikgatiso tse ke tlileng le tsone mme ka tlhalosa le gore ke didirisiwa tse di re thusang go ithuta Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ba bolelela gore ke iketleeditse go thusa ope fela yo o ratang go ithuta Baebele. Ba le bantsi ba ne ba amogela dikhopi tsa dikgatiso tsa Baebele.

Go Utlwela Sengwe se se Gakgamatsang

Mosadi mongwe yo ke sa mo itseng o ne a nkatamela mme a re “Nnake yo o nnang kwa motsaneng o mongwe, le ene o mo bodumeding jwa lona.” Ke ne ka botsa jaana ke gakgametse, “Kae?”

O ne a araba ka go re “Kwa Andranomafana.” Motsana oo o bokgakala jwa dikilometara di le 30 go tswa kwa Betoko II.

Ke ne ka bolelela mosadi yoo gore go ka direga gore monnawe o mo bodumeding bo sele, ka gonne Basupi botlhe ba ba kwa lefelong leo ba a itsane. Le fa go ntse jalo, mosadi yoo o ne a tatalala, a bolela gore monnawe o ne a mo rutile tsone dilo tse ke neng ke di tlhalosa fa ke ne ke neetse puo kwa kerekeng. Ke ne ka kopa leina le aterese ya ga monnawe, ka gonne ke ne ke batla go ya kwa motsaneng oo ka bonako. Le fa go ntse jalo, mmè o ne a nkopa gore ke lete letsatsi kgotsa a mabedi, ka gonne e ne e le loeto lo lo lapisang go ya koo ka dinao. Malatsi a le mabedi morago ga foo, nna le mogolole e bong Charles re ne ra tsaya loeto go ya kwa Andranomafana.

Fa re fitlha teng, re ne ra botsa baagi bangwe ba motsana oo jaana: “A go na le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa fano?” Ke ne ka kgobega marapo fa ba ne ba araba ka go re “Go na le Bakatoliki, Ba-Pentecostal le dikereke tse dingwe tsa Independent mo motsaneng ono.”

Go tswa foo, mosadi mongwe o ne a re, “Fa e le gore lo batla Basupi ba ga Jehofa, lo tshwanetse lwa bo lo batla Marceline le ba lelapa la gagwe.” E ne e le lone leina le ke neng ke le filwe!

Mongwe o ne a ya go bitsa Marceline. Go ise go ye kae o ne a fitlha mme go ne go bonala a boifanyana. Motse otlhe o ne wa phuthega, ka gonne ba ne ba akanya gore re badiredi bangwe ba puso ba ba neng ba tlile go mmotsolotsa. Moragonyana ke ne ka utlwa gore ene le ba lelapa la gagwe ba kile ba bogisiwa mo motseng oo ka go bo ba le mo ‘bodumeding jo bo sa letlelelwang.’

Marceline o ne a re tseela kwa thoko go tswa mo setlhopeng moo re ka kgonang go bua gone. Fa ke ne ke mmotsa gore a ke Mosupi wa ga Jehofa, o ne a dumela. Go tswa foo o ne a ya go tsaya buka ya Boamarure Jo bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba e dirisa pele go ithuta Baebele mmogo le dimakasine tsa bogologolo tsa Tora ya Tebelo. Dikgatiso tseno tsotlhe di ne di onetse e bile di gagogile. Ke ne ka mmotsa ka re, “Lo ne lo ithuta makasine ofe Sontaga se se fetileng?”

O ne a araba ka go re “Tse ke tsone fela dimakasine tse re nang le tsone mme re nna re di boeletsa gangwe le gape.” E ne ya nna gone ke bolelelang Marceline gore le nna ke Mosupi. O ne a itumetse tota! Fa ke ne ke re ke batla go kopana le monna yo o neng a tshwara dipokano tsa bone, o ne a tlhalosa gore o nna kwa motsaneng o mongwe, o o kwa pelenyana.

Go Utlwela Selo se Sengwe se se Itumedisang

Letsatsi le le latelang nna le Marceline re ne ra tsamaya mmogo go ya go bona monna yoo. Fa re fitlha, o ne a gakgametse e bile a itumetse thata go re bona. Ke ne ka utlwa gore tota e ne e le Mosupi yo o neng a tswa kwa toropong e nngwe ya Toamasina gaufi le lobopo, dikilometara tse di fetang 200 go ya kwa bokonebotlhaba. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba patelesega go boela mo motseng ono dingwaga di le mmalwa tse di fetileng morago ga gore a latlhegelwe ke tiro a sa lebelela. Fa a sena go boela fano, o ne a simolola go rera, a tshwara dithuto tsa Baebele le go tshwara dipokano.

Mosupi yono le ba lelapa la gagwe ba ne ba itumela thata go bona dimakasine tse disha tsa Tora ya Tebelo tse ke neng ke tlile le tsone. Ke ne ka ba bontsha gape le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e re neng re e dirisa ka nako eo, e le yone sedirisiwa sa rona sa konokono sa go ithuta Baebele. E ne e le lekgetlho la ntlha ba e bona. Ka Sontaga se se latelang ke ne ka boela kwa Andranomafana go kopanela le bone kwa dipokanong. Ke ne ka ba kgothaletsa gore ba ikgolaganye le ofisi ya lekala ya Basupi e e kwa motsemogolong wa Antananarivo, ka gonne ofisi eo ya lekala e ne e sa itse gore setlhophanyana seno se teng.

Go simologa ka January 1991, ke ne ke tswa kwa Mahanoro ke ya kwa Andranomafana mo e ka nnang kgwedi nngwe le nngwe, ke ba isetsa dimakasine tse disha tsa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe. E ne e le loeto lwa dikilometara di le 130 go ya le tse dingwe gape go boa, mme ke ne ke tsamaya di le 85 tsa tsone ka dinao—ke tlhatloga le go fologela mo dithabeng tse di makgawekgawe, ke kgabaganya dikgwa tse di kitlaneng, mme fa pula e na, ke ne ke kgaratlha mo seretseng se se kima se se boreledi.

Dithoto tsa me di ne tsa nna boima le go feta fa palo ya batho ba ba neng ba tlhoka dikgatiso le dimakasine e oketsega. Le fa go ntse jalo, fa ke wetsa loeto longwe le longwe, ke ne ke ikutlwa ke kgotsofetse e bile ke itumetse thata le fa gone ke ne ke lapile e bile mesifa ya me e le botlhoko. A bo ke ne ka itumela jang fa ke bona kafa setlhopha seo se neng se itumetse ka teng fa se amogela kgatiso nngwe le nngwe e ntšha le go bona kafa ba tsibogelang boammaaruri jwa Baebele ka teng!

Go Tsenela Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Ka September 1, 1992, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela, jaaka Basupi ba bitsa badiredi ba bone ba nako e e tletseng. Ke ne ka bula tsela kwa Mahanoro mme ke nna ke ikgolaganya le ba losika lwa me kwa Betoko II ka go ba kwalela lekwalo. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba simolola go ithuta le nna re ntse re kwalelana mme ba ne ba mpotsa gore a ke tla boela kwa motsaneng wa rona go ya go ba thusa. Ke ne ke iketleeditse go dira seo, mme ke ne ke batla go tlhomamisa pele gore ba ne ba tlhoafetse tota ka tshwetso e ba e dirileng ya go ithuta Baebele le gore ba tla gatela pele semoyeng. Ka jalo, ka nakwana, ke ne ka fetsa nakonyana ke le mmulatsela kwa Mahanoro.

Kwa bofelong jwa 1993, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna teng kwa sekolong sa babulatsela sa dibeke tse pedi kwa Antananarivo. Moragonyana ga moo ke ne ka kopiwa gore ke ikwadisetse go nna mmulatsela yo o kgethegileng, se se neng se raya gore ke tla abelwa go ya go direla gongwe le gongwe mo nageng ya gaetsho. Le fa go ntse jalo, ke ne ka etsaetsega go amogela taletso eo ka gonne ke ne ke batla go thusa ba losika lwa me kwa Betoko II, ba ba neng ba le kgakala le phuthego e e fa gaufi. Ka jalo ke ne ka boela kwa kabelong ya me ya bobulatsela kwa Mahanoro.

Kgabagare, fa molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa a re etela, ke ne ka mmotsa ka kgang ya go boela morago gore ke ye go thusa ba losika lwa me. Ka nako eo, go ne go setse go na le phuthego kwa Andranomafana, mme o ne a akantsha gore ke ye koo gore ke tle ke kopanele le phuthego eo le go rera mo tshimong ya Betoko II. Ke ne ka simolola kabelo ya me ka September 1, 1994. Mo go yone kgwedi eo, mogolole e bong Paul, yo e neng e le moruti, o ne a ya le nna kwa kopanong ya kgaolo. Go ise go ye kae, go ne go na le batho ba le 30 ba ba neng ba rera kwa Andranomafana, mme ka Sontaga go ne go nna le palogare ya batho ba le 65 ba ba nnang teng kwa dipokanong.

Mesepele Ya me E ne Ya se Ka ya Kgaotsa

Ka bonako fela fa ke sena go boela kwa Betoko II, ba le banè ba bomorwarre le bokgaitsadiake ba ile ba tshwanelega go nna le seabe mo bodireding jaaka Basupi ba ga Jehofa, mme go ise go ye kae morago ga foo ba ne ba kolobediwa. Fa ke sena go boela kwa Betoko II, ke ne ke ya ka metlha kwa Anosibe An’ala go ya go tsaya dibuka le dimakasine, ke tsamaya sekgala sa dikilometara di le 50 go ya le tse dingwe gape go boa. Le fa gone e ne e le loeto lo lo lapisang, boipelo jwa go bona kgolo ya semoya mo lefelong leo bo ne jwa dira gore maiteko a me e se ka ya nna matsapa a bophiri.

Gompieno go na le phuthego e e gatetseng pele kwa Betoko II, mme palogare ya ba ba nnang teng mo dipokanong ka Sontaga ke 45. Ba lelapa la gaetsho botlhe ba ba leng mo lefelong leno ke Basupi gone jaanong, mme bontsi jwa bone ke babulatsela ba ka metlha. Mongwe wa bonnake ke mmulatsela yo o kgethegileng. Ka November 1, 2001, le nna ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa motsaneng wa Antanambao-Manampotsy. Mme ke ne ka tswa kwa Betoko II ke itumetse.

Fa ke ne ke simolola go ithuta boammaaruri jwa Baebele ka 1987, go ne go na le Basupi ba ba kwa tlase ga 3 000 kwa Madagascar. Gone jaanong ba feta 14 000. Jaaka bontsi jwa batho bano, ke itumelela go bo ke nnile le tshiamelo ya go dirisa maatla a me go ‘tsamaya mmaele o mongwe gape’ go thusa ba bangwe. Mme ke leboga Jehofa go bo a ile a segofatsa maiteko a me mo go seno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Gantsi ke ne ke rwala morwalo wa dilwana tse di fetang dikilogerama di le 15 ke tsamaya sekgala sa dikilometara di le 60 go ya kwa motsaneng wa gaetsho

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mogolole e bong Paul

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mogolole e bong Charles

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le bangwe ba lelapa la gaetsho. Botlhe ke Basupi ba ga Jehofa