Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa go Tlhokega Mekgwa e Mesha ya go Fetlha Maatla a Motlakase?

Ke Eng fa go Tlhokega Mekgwa e Mesha ya go Fetlha Maatla a Motlakase?

Ke Eng fa go Tlhokega Mekgwa e Mesha ya go Fetlha Maatla a Motlakase?

“Fa e le gore gone jaanong re ithaya re re re na le mathata ka oli, e re go fete pele dingwaga di le 20. Ka nako eo, e tla bo e le bothata jo bo boitshegang.”—Jeremy Rifkin, wa Foundation of Economic Trends, kwa Washington, D.C., August 2003.

PEGO ya International Energy Outlook 2003 (IEO2003) ya United States e bolela gore ‘go lebeletswe gore mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 20, mo lefatsheng lotlhe, go tla bo go dirisiwa diperesente di le 58 tsa maatla a motlakase go feta a a dirisiwang gone jaanong.’ Ka nako eo, Micah yo mmotlana o tla bo a godile mo e bileng a kgonang go kgweetsa. Makasine wa New Scientist o ile wa bitsa seno o re ke “koketsego e kgolo thata mo go dirisiweng ga maatla a motlakase, e e iseng e ko e tsamaye e nne gone pele.” A dilo tse di dirisiwang gone jaanong go fetlha maatla a motlakase di ka kgona go fetlha maatla ano a go lebeletsweng gore a tlile go tlhokega? Sekaseka dintlha tseno tse di tlhokang go akanyediwa.

MAGALA:

▪ Mo ditukising tsotlhe tse di gone, magala ke one a mantsi go gaisa, mo go fopholediwang gore a a leng gone a tla bo a ise a fele mo dingwageng di le 1 000 tse di tlang. Mo lefatsheng lotlhe, diteishene tsa motlakase tse di berekang ka magala di fetlha mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa motlakase. Australia ke yone e e nang le magala a mantsi go gaisa mo lefatsheng, mme e ntsha mo e ka nnang nngwetharong ya magala otlhe a go gwebisanwang ka one mo lefatsheng lotlhe.

Le fa go ntse jalo, pego nngwe ya bosheng e e neng ya gololwa ke mokgatlho wa Worldwatch Institute ya re: “Magala a na le khabone e ntsi thata. E le gore a tlhagise selekanyo se se rileng sa motlakase a ntsha diperesente di le 29 tsa khabone go feta tse di ntshiwang ke oli le diperesente di le 80 tsa khabone go feta tse di ntshiwang ke gase ya tlholego. Ke one a ntshang diperesente di le 43 tsa khabone e e ntshiwang mo lefatsheng lotlhe ka ngwaga—mo e ka nnang ditone di le dibilione di le 2,7.” Kwantle ga se magala a se dirang mo tikologong fa a dirisiwa go fetlha motlakase, ke eng se a ka se dirang mo boitekanelong jwa batho? Go nopola sekai se le sengwe, pego ya bosheng jaana ya Ditšhaba Tse di Kopaneng ya Global Environment Outlook 2000 ya re: “Kwa China, mosi le dikarolwana tse dinnye tsa magala tse di tswang fa a fisiwa di bolaya batho ba feta 50 000 pele ga nako le go baka bolwetse jo bo sa foleng jwa bronchitis mo bathong ba le 400 000 ka ngwaga mo ditoropong di le 11 tse dikgolo tsa naga eno.”

OLI:

▪ Go setse go dirisiwa dibarele tsa oli di le dimilione di le 75 ka letsatsi mo lefatsheng. Mo oling yotlhe e e leng teng mo lefatsheng, e go fopholediwang e ka nna dibarele di le dimilione di le dimilione di le 2, go setse go dirisitswe mo e ka nnang dibarele di le dikete di le dimilione di le 900 tsa yone. Fa go lejwa selekanyo se oli e ntshiwang ka sone gone jaanong, go bonelwa pele gore go sa ntse go ka tsaya dingwaga tse dingwe di le 40 e ntse e ntshiwa.

Le fa go ntse jalo, Colin J. Campbell le Jean H. Laherrère, ba ba ithutang ka maje ba ne ba bolela jaana ka 1998: “Mo dingwageng tse di latelang di le lesome, oli e e sa tlhotlhiwang e tla bo e tlhaela thata.” Bomankge bano ba madirelo a oli ba ne ba tlhagisa jaana: “Batho ba le bantsi ba ithaya ba re emere ya bofelo ya oli e ka pompiwa go tswa mo mmung fela jaaka e kete dibarele tsa oli di pomponyega mo didibeng gompieno. Tota e bile, sediba sepe fela, kgotsa naga e e ntshang oli, kwa tshimologong e ntsha oli ka bontsi thata mme e re go tswa foo fa halofo ya yone e setse e ntshitswe, e bo e simolola go tswa ka bonya. Mo go tsa ikonomi, kgang ya botlhokwa ga se gore oli e tlile go fela leng: bothata jwa bone jo bogolo ke fa e setse e simolola go fokotsega.”

Oli e tla simolola leng go fokotsega? Monna mongwe yo o ithutang ka lookwane lo lo sa tlhotlhiwang e bong Joseph Riva o bolela gore ‘oli e go lebeletsweng gore e tla bo e ntshiwa ka 2010 e tla bo e le kwa tlase thata ga e mokgatlho wa IEA [International Energy Agency] o bonelang pele gore e tla bo e tlhokega ka ngwaga oo.’ Makasine wa New Scientist o tlhagisa jaana: “Fa oli e ntse e ngotlega mme kafa letlhakoreng le lengwe e tlhokega ka bontsi, go ka direga thata gore ditlhwatlhwa tsa yone di nnele go ya kwa godimo le kwa tlase ka tsela e e sa laolegeng, mme seno se ka dira gore go nne le mathata mo go tsa ikonomi, mathata a go thota dijo le dilo tse dingwe gongwe ga bo ga baka le ntwa ka gonne dinaga di tla bo di lwela olinyana e e setseng.”

Le fa babatlisisi bangwe ba tsaya gore go fokotsega ga oli go tlile go re bakela mathata, ba bangwe bone ba eletsa e kete nako ya fa re sa tlhole re ikaega thata ka oli e ka goroga ka bonako. Fa Jeremiah Creedon a ne a kwala mo makasineng wa Utne Reader, o ne a re: “Selo se se ka nnang maswe go feta go felelwa ke oli ke go se felelwe ke yone. Khabonetaeokosaete e e nnang gone fa re dirisa oli e tsweletse pele ka go gotetsa moya o o mo loaping, le fa go ntse jalo gantsi fa go tlotlwa ka mathata a ikonomi ga go akanngwe sepe fela ka kgang ya tikologo.” Fa Khomishene ya Kgaso ya kwa Australia e ne e leka go bontsha fela kafa naga nngwe e setseng e tshela fela ka oli ka teng e ne ya re: “Dikoloi di le dimilione di le 26 kwa United Kingdom di ntsha nngwetharong ya khabonetaeokosaete yotlhe e e fitlhelwang kwa nageng eno (e leng se se bakang go gotela ga mowa o o mo loaping) e bile di baka nngwetharong ya kgotlelo yotlhe ya moya kwa United Kingdom (e leng se se bolayang batho ba le 10 000 ka ngwaga).”

GASE YA TLHOLEGO:

Pego ya IEO2003 e bolela gore mo dingwageng di ka nna 20 tse di latelang “go bonelwa pele gore gase ya tlholego e tlile go nna yone selo se segolo thata se se dirisiwang go fetlha maatla a motlakase mo lefatsheng lotlhe.” Gase ya tlholego ke yone e e sa bakeng kgotlelo e ntsi fa e bapisiwa le dilo tse dingwe tse di dirisiwang go fetlha maatla a motlakase, mme go dumelwa gore lefatshe le na le yone ka bontsi.

Le fa go ntse jalo, Mokgatlho o o Abang Gase ya Tlholego wa Washington, D.C o bolela gore “ga go na ope yo o ka go bolelelang ka tlhomamo gore go na le gase e e kana kang ya tlholego mo lefelong le le rileng go fitlha e ntshiwa. Go lebelelwa dilo tse di farologaneng nako le nako fa go fopholediwa gore lefelo le na le gase e e kana kang . . . Ka gone go thata go bua ka tlhomamo gore go setse gase e kana kang ya tlholego.”

Methane ke karolo e kgolo thata ya gase ya tlholego, mme mokgatlho o o nopotsweng fa godimo o bontsha gore “ke yone e segolobogolo e bakang go gotela ga mowa o o mo loaping. Tota e bile, e kgona go tshwarelela mogote mo e ka nnang makgetlo a le 21 go feta khabonetaeokosaete.” Le fa go ntse jalo, one motswedi ono wa tshedimosetso o bolela gore patlisiso nngwe e kgolo e e neng ya dirwa ke Environmental Protection Agency le Gas Research Institute “e konela ka gore leswe le le ntshiwang ke methane ka gonne go dirisiwa gase e ntsi ya tlholego ga le kotsi go le kalo fa le bapisiwa le leswe le le ntshiwang ke ditukisi tse dingwe.”

MAATLA A MOTLAKASE A DIATOMO:

Makasine wa Australian Geographic o bolela jaana: “Go na le mo e ka nnang metšhine e le 430 e e dirisang maatla a nuklea e e fetlhang mo e ka nnang diperesente di le 16 tsa motlakase mo lefatsheng.” Mo godimo ga metšhine eno e e leng gone, pego ya IEO2003 e bolela jaana: “Ka February 2003, kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa tsa kwa Asia go ne go na le metšhine eno e le 17 ya e le 35 e e sa ntseng e dirwa gone jaanong mo lefatsheng lotlhe.”

Go sa ntse go dirisiwa maatla a nuklea thata le fa go itsewe sentle gore a ka tlhagisetsa batho kotsi, jaaka go ne ga direga ka 1986 kwa Chernobyl e e kwa go se pele e neng e le Soviet Union. Makasine wa New Scientist o bega gore “metšhine ya maatla a nuklea e e kwa Amerika e na le bothata jwa gore e phatloga thata e bile e a rusa.” Gape o begile gore ka March 2002 motšhine wa Davis-Besse o o kwa Ohio “o batlile o thubega le go baka masetlapelo a magolo” ka ntlha ya go rusa.

Fa re akanyetsa ntlha ya gore dilo tse di dirisiwang gone jaanong go fetlha maatla a motlakase di dinnye thata e bile di na le dikotsi tsa tsone, go tsoga potso e e reng, A batho ba tlile go senya lefatshe e le fela gore ba bone maatla a motlakase a go bonalang ba tlile go nna ba a tlhoka ka dinako tsotlhe? Go mo pepeneneng gore re tlhoka dilo tse dingwe tse di sa bakeng kgotlelo tse re ka di dirisang go fetlha maatla a motlakase. A dilo tsa go nna jalo di teng? A re ka kgona go di dirisa?