Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maatla a Motlakase—Ke Eng Fa a Le Botlhokwa Jaana mo Botshelong?

Maatla a Motlakase—Ke Eng Fa a Le Botlhokwa Jaana mo Botshelong?

Maatla a Motlakase—Ke Eng Fa a Le Botlhokwa Jaana mo Botshelong?

MICAH o tshotswe ka August 2003. Koloi e e tsamayang ka peterole e ne ya itlhaganedisetsa mmaagwe kwa bookelong. Bookelo jo a tsholetsweng mo go jone bo ne bo dirisa dipone tse di tshubiwang ka motlakase o o fetlhiwang ka magala. Kamore e a tsholetsweng mo go yone e ne e thuthafadiwa ka didiriswa tsa go thuthafatsa moago wa bookelo tse di fetlhiwang ka gase ya tlholego. Fa go ne go ka nna le sengwe se se phoso ka nngwe ya dilo tseno tse di tlwaelegileng tse di fetlhang maatla a motlakase, re ka bo re bua se sengwe ka Micah.

Batho ba lefelo le Micah a tsholetsweng mo go lone ba tshela thata ka dilo tse di farologaneng tse di fetlhang maatla a motlakase. Letsatsi le letsatsi re dirisa ditukisi go re thusa ka dilo tse di farologaneng—di re thusa go tsamaisa dipalangwa tse re yang tirong ka tsone, go apaya dijo, go tshuba dipone, go thuthafatsa magae a rona kgotsa go a dira tsiditsana. Patlisiso nngwe e e dirilweng ke Setheo sa Lefatshe Lotlhe sa Meamuso (The World Resources Institute) e bolela gore go dirisiwa ditukisi go “fetlha mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa motlakase lefatshe ka bophara.” Pego e e neng ya gatisiwa ke Setheo seno ka ngwaga wa 2000 ya re: “Oli ke yone e e dirisiwang thata go fetlha maatla a motlakase mo lefatsheng, ka gonne go dirisiwa diperesente di le 40 tsa yone, mme e latelwe ke magala ka diperesente di le 26 le gase ya tlholego ka mo e ka nnang diperesente di le 24.” *

Makasine wa Bioscience wa re: “Ka kakaretso, ngwaga le ngwaga Moamerika mongwe le mongwe o dirisa mo e ka nnang di-kilowatt-hour di le 93 000 [tsa maatla a motlakase], e leng mo go lekanang le dilitara tsa oli di le 8 000, mo dilong tsotlhe tse ba di dirang, tse di akaretsang go dirisa dipalangwa, go gotetsa dilo le go di tsidifatsa.” Mo Afrika Borwa, Australia, China, le Poland, diperesente di feta 75 tsa motlakase o o dirisiwang o fetlhwa ka metšhine e e fetlhang motlakase e e dirisang magala. India e dirisa magala go fetlha diperesente di le 60 tsa motlakase wa yone, mme United States le Jeremane tsone di dirisa magala go fetlha selekanyo se se fetang halofo sa motlakase wa dinaga tseno.

Mmegadikgang mongwe e bong Jeremiah Creedon o ne a bolela jaana mo setlhogong se se reng “Botshelo Fa go Sa Tlhole Go na Le Oli”: “Batho ba le bantsi ga ba itse gore gone jaanong go dirisiwa oli go ntsha dijo tse di tlamelang lefatshe. Lookwane lo lo sa tlhotlhiwang mmogo le gase ya tlholego di botlhokwa fela thata mo kgatong nngwe le nngwe ya temothuo gompieno jaana, go simolola fela fa go dirwa menontsha go fitlha kwa go thothiweng ga dijalo.” (Makasine wa Utne Reader) Mme gone dilo tseno tse batho ba gompieno ba di dirisang go bona maatla a motlakase gore ba itshedise ka tsone, motho a ka ikaega go le kana kang ka tsone? A go na le dilo tse dingwe tse di sa bakeng kgotlhelo tse di ka dirisiwang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le tsela e oli e dirisiwang ka yone, bona Tsogang! ya November 8, 2003 ditsebe 3-12.