Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Bommè ba Lebanang le One

Mathata a Bommè ba Lebanang le One

Mathata a Bommè ba Lebanang le One

“Ditiro tsa botlhokwa thata tse batho ba di dirang ke tsa legae. . . . Fa mmè a sa dire tiro ya gagwe, go ka se nne le kokomana epe e e latelang kgotsa e seng jalo kokomana e e latelang e ka nna letshwenyo mo go ka nnang botoka fa e seyo gotlhelele.”—Theodore Roosevelt, poresidente wa bo26 wa United States.

GO BONALA sentle gore bommè ba tlhokega thata mo botshelong, mme tiro ya bone ga se go tshola bana fela. Mokwadi mongwe o ne a kwala jaana malebana le seabe se bommè ba nang le sone gompieno mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe: “Mmè ke ene motho wa konokono yo o tlhokomelang botsogo jwa ngwana mongwe le mongwe, thuto, tlhaloganyo, botho le maikutlo a gagwe.”

Nngwe ya ditiro tse dintsi tse mmè a nang le tsone ke go ruta bana ba gagwe. Gantsi ngwana o ithuta mafoko a ntlha le tsela ya go bua mo go mmaagwe. Ka tlwaelo bommè ba fetsa nako e ntsi letsatsi le letsatsi le bana ba bone go feta borre, ka jalo e nna bone ba segolobogolo ba rutang bana le go ba kgalemela. Ka jalo, seane sa kwa Mexico se se reng “Thuto e amuwa letseleng” se bontsha seabe sa botlhokwa se bommè ba nang le sone.

Mmopi wa rona Jehofa Modimo, le ene o tlotla bommè. Tota e bile, mongwe wa Melao e e Lesome e e kwadilweng ka “monwana wa Modimo” mo dikwalelong tsa leje, o rotloetsa bana jaana: “Tlotla rrago le mmago.” (Ekesodo 20:12; 31:18; Duteronome 9:10) Mo godimo ga moo, seane sengwe mo Baebeleng se bua ka “molao wa ga mmago.” (Diane 1:8) Batho ba le bantsi ba setse ba lemoga botlhokwa jwa go ruta bana mo dingwageng tsa ntlha tse tharo—nako e bontsi jwa bana ba tlhokomelwang thata ke bommaabone.

Mangwe a Mathata ke Afe?

Bommè ba le bantsi ba fitlhela go le thata go ruta bana ba bone mo dingwageng tsa botlhokwa thata tsa fa ba sa ntse ba gola, ka ntlha ya maemo a a ba patelelang gore ba bereke gore ba thuse mo lelapeng. Dipalopalo tsa lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng di bontsha gore mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologileng, palo e e kwa godimo ga halofo ya bommè ba ba nang le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tharo, ba a bereka.

Mo godimo ga moo, bommè ba le bantsi ba lebana le bothata jwa go godisa bana ba le bosi ka gonne banna ba bone ba tlogetse legae go ya go batla tiro kwa toropong e nngwe kgotsa kwa nageng e sele. Ka sekai, go begwa gore kwa dikgaolong dingwe tsa Armenia, mo e ka nnang palo ya nngwe tharong ya banna ba ile kwa dinageng di sele go ya go batla tiro. Bommè ba bangwe ba tlogelwa ba le bosi gore ba godise bana ka gonne banna ba bone ba ba latlhile kgotsa ba tlhokafetse.

Mo dinageng dingwe, bothata jo bongwe jo bommè ba nang le jone ke gore ga ba a rutega. Lephata la Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng la Tsa Itsholelo le Loago le fopholetsa gore palo ya peditharong ya batho ba le dimilione di le 876 mo lefatsheng ba ba sa itseng go bala le go kwala, ke basadi. Tota e bile, go ya ka UNESCO, basadi ba feta diperesente di le 60 mo Afrika, kwa dinageng tsa Baarabia, le kwa Asia Botlhaba le Borwa, ga ba itse go bala le go kwala. Mo godimo ga moo, banna ba le bantsi ba dumela gore ga go tlhokege gore basadi ba rutege e bile thuto e dira gore ba se ka ba kgona go dira tiro ya bone ya go tshola bana.

Makasine wa Outlook o bolela gore kwa kgaolong nngwe ya Kerala kwa India, kwa go tlwaelegileng gore basetsana ba nne le bana ba na le dingwaga tse 15, ga go na monna ope yo o batlang go nyala mosadi yo o rutegileng. Kwa nageng e e gaufi le eo ya Pakistan, bana ba basimane ba tsewa ba le botlhokwa thata. Tsela e ba godisiwang ka yone e ba thusa gore ba bone ditiro tse di duelang botoka gore ba thuse batsadi ba bone fa ba tsofetse. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ya ka buka ya Women’s Education in Developing Countries, “batsadi ga ba dirise madi a bone go tsenya bana ba bone ba basetsana sekolo gore ba rutege ka gonne ga ba lebelele gore ba tla kgona go thusa ba lelapa ka madi.”

Bothata jo bongwe jo bommè ba lebanang le jone ke jwa dingwao tsa lefelo le ba nnang mo go lone. Ka sekai, mo dinageng dingwe go lebeletswe gore mmè a latele dingwao tse di jaaka go rekisa basetsanyana ba bannye gore ba nyalwe le ngwao ya go sega dirwe tsa basadi tsa tsalo. Gape ke moila gore bommè ba rute le go kgalemela bana ba bone ba basimane. A mmè o tshwanetse go latela dingwao tse di ntseng jalo mme a letlelela gore bana ba gagwe ba basimane ba rutiwe ke batho ba bangwe?

Mo ditlhogong tse di latelang, re tla bona kafa bommè bangwe ba lebanang le mathata ano ka katlego ka teng. Gape re tla leka go anaanela bommè thata mme re lebe ka tsela e e siameng seabe se ba nang le sone sa go ruta bana ba bone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Seabe sa ga mmè se botlhokwa thata go thusa ngwana gore a nne botlhale mme a batle go itse dilo, e bile se godisa bokgoni jwa gagwe jwa go itlhamela dilo.”—Pokano ya Kgaolo ya Ditshwanelo Tsa Bana, kwa Burkina Faso, ka 1997.

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Bommè ba na le seabe se segolo sa go tlhokomela botsogo jwa ngwana mongwe le mongwe wa bone, thuto, botho le maikutlo a gagwe