Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tla Amogelwa Kwa Kokoanong e e Botlhokwa Thata ya Ngwaga!

O Tla Amogelwa Kwa Kokoanong e e Botlhokwa Thata ya Ngwaga!

O Tla Amogelwa Kwa Kokoanong e e Botlhokwa Thata ya Ngwaga!

Ka Labonè, March 24, 2005, go tla bo go ketekiwa moletlo o o sa tshwanelang go go feta. Ka letsatsi leno Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le thataro ba tla bo ba kopane mmogo mo lefatsheng lotlhe le dimilione tse dingwe tsa ditsala tsa bone go gopola sejo sa bofelo se Jesu a ileng a se ja le barutwa ba gagwe. Go ya ka ditaelo tsa ga Jesu, go tla bo go fetisiwa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu kwa kokoanong nngwe le nngwe, mme go tla tlhalosiwa bokao jwa moletlo ono.—Mareko 14:22-24.

Batho ba le bantsi ba itse moletlo ono e le Selalelo sa Morena kgotsa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Basupi ba ga Jehofa ba o bitsa Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Ke segopotso se se botlhokwa sa setlhabelo se Jesu Keresete a se ntsheditseng batho ba ba leofileng fa a ne a swa. (Johane 3:16; 1 Johane 2:2) Fa Jesu a sena go ja sejo sa gagwe sa bofelo, o ne a tshwarwa mme moragonyana a swela mo koteng e kete ke senokwane fela.—Johane 19:17, 18.

O tla amogelwa ka lorato mo kokoanong eno e e kgethegileng, e e botlhokwa thata mo khalendareng ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa. Tsweetswee botsa kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la lona gore e tla tshwarwa nako mang le gore e tla tshwarelwa kae.