Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tamati—“Morogo” o o Dirisediwang Dilo di le Dintsi

Tamati—“Morogo” o o Dirisediwang Dilo di le Dintsi

Tamati—“Morogo” o o Dirisediwang Dilo di le Dintsi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

MMALELAPA mongwe wa Montadiana o kile a bua a re: “Ke ne ke tla dirang fa go ne go se na ditamati!” Eno ke tsela e baapei ba le bantsi go ralala lefatshe ba ikutlwang ka yone. Ruri tamati e dirisiwa thata mo dijong tsa ditso di le dintsi. Batho ba e lema thata mo ditshingwaneng tsa bone tsa mo gae go gaisa sejo sepe se sengwe. Mme gone, a tamati ke leungo kgotsa ke morogo?

Tota tamati ke loungo ka gonne ke tholwana e e nang le peo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya gore ke morogo, e re ka gantsi e jewa mmogo le dijo tse dingwe. Sejo seno se se monate thata se na le hisitori e e kgatlhang thata.

Hisitori ya Yone e e Kgatlhang

Kwa Mexico, Ba-Aztec ba ne ba jala tamati go e ja. Ba-Spain ba ba neng ba tsamaya ba thopa dinaga dingwe tsa Amerika ba ne ba boela gae ba tshotse semela seno mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga, mme ba dirisa lefoko la Se-Nahuatl, e leng tomatl. Bone ba ne ba se bitsa tomate. Go ise go ye kae, batho ba Spain ba ba kwa Italy, Afrika Bokone le kwa Botlhabagare ba ne ba ipelela go ja mofuta ono o mosha wa sejo.

Moragonyana mo go lone lekgolo leo la dingwaga, tamati e ile ya fitlha le kwa Yuropa bokone. La ntlha go ne go akanngwa gore e botlhole mme e ne e jalwa fela e le setlhatsana se se kgabisang mo tshingwaneng. Le fa gone e wela mo dimeleng tsa morolwana, e na le matlhare a monko o o bogale e bile kutu ya yone e le botlhole, go ne go bonala loungo lwa yone lone lo se kotsi le eseng.

Go ka direga gore fa semela se sesha seno se ne se goroga la ntlha kwa Yuropa se ne se le mmala o o serolwana, ka gonne Bantadiana ba ne ba re ke pomodoro (apole ya mmala wa gouta). Baesemane ba ne ba e bitsa tomate mme moragonyana ba e bitsa tomato, mme e ne ya itsege thata ka gore ke “apole ya lorato.” Go tswa kwa Yuropa tamati e ne ya boela gape kwa Amerika Bokone go ralala lewatle la Atlantic, kwa kgabagare e neng ya nna sejo se se botlhokwa thata mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

Di Mefutafuta e Bile di a Ratiwa

Fa o ka botsa mongwe gore mmala wa tamati o ntse jang, go ka direga gore a re e “khibidu.” A mme o ne o itse gore mefuta ya yone e e farologaneng e ka nna mmala o o serolwana, wa namune, o o pinki, phepole, o o mosetlha, o mosweu kgotsa ya nna o motala mme tse dingwe di le methalothalo? Dingwe tsa tsone ga di kgolokwe. Dingwe di sephaphathi, bokgolokwe jwa lee kgotsa di motopo. Di ka nna bonnye jwa letlhodi kgotsa tsa nna bogolo jwa lebole.

Sejalo seno se se tumileng se jalwa gongwe le gongwe, go tswa kwa dinageng tse di kwa bokone tse di jaaka Iceland go ya go fitlha fela kwa dinageng tse di kwa borwa, tse di jaaka New Zealand. Dinaga tse di e lemang thata ke United States le dinaga tse di kwa borwa jwa Yuropa. Mo mafelong a maemo a loapi a leng tsiditsana sejalo seno se jalwa mo lefelong le le khurumeditsweng go se sireletsa, mme mo dikgaolong tse di omeletseng se jalwa ka mokgwa wa hydroponic—e leng mokgwa wa go jala dijalo mo metsing a a nang le menontsha kwantle ga go dirisa mmu.

Tamati e sa ntse e le sejalo se batho ba ba ithutang go lema tshingwana ba ratang go se jala. Go motlhofo go e jala, mme dimela di le mmalwa fela tsa yone di ntsha ditamati tse di lekaneng go tlamela lelapa le lennye. Fa o sena lebala le o ka jalang tamati mo go lone, leka go jala mefuta e mengwe ya tsone e o kgonang go e jala mo dipitseng tse go jalwang dimela mo go tsone.

Kafa O ka E Bolokang ka Gone le Mesola ya Yone mo Boitekanelong

Botsididi bo senya moutlwalo wa ditamati, ka jalo o se ka wa di tsenya mo setsidifatsing. Fa o batla gore ditamati di butswe ka bonako, o ka nna wa di tsenya mo sejaneng mmogo le tamati e e buduleng kgotsa panana o bo o di baya malatsi a sekae mo lefelong la mogote o o lekanetseng, kgotsa o di phuthele ka pampiri e tshetlha ka malatsi a se kae, kgotsa o ka nna wa di baya mo fensetereng gore di budusiwe ke letsatsi.

Ditamati di siametse mmele wa gago. Di na le dibitamene A, C, le E, mmogo le potassium, calcium, le diminerale. Babatlisise ba lemogile gore ditamati gape di na le lycopene, e go akantshiwang gore e fokotsa kotsi ya go tsenwa ke malwetse a a jaaka kankere le bolwetse jwa pelo. Ditamati di na le diperesente di le 93 go ya go 95 tsa metsi mme batho ba ba sa batleng go nna bakima ba tla itumelela go itse gore ga e na di-kilojoule tse dintsi.

O ka E Dirisa ka Ditsela Tse Dintsi Tse di Monate

Fa o reka ditamati, o tla tlhopha mofuta ofe? Ditamati tse di tlwaelegileng tse dikhibidu di siametse thata go dira disalate, sopo le moro. Ditamati tse dinnye tse dikhibidu, tsa mmala wa namune kgotsa tse di serolwana, tse di botshe thata ka gonne di na le sukiri e ntsi, di monate fa o di ja di sa apewa. Fa o dira pizza kgotsa o apaya pasta, gongwe go ka nna molemo fa o ka dirisa tamati e e bokgolokwe jwa lee ka letlalo la teng le le tiileng. Tamati e kgolo e e bidiwang beefsteak—e bidiwa jalo ka go bo e le komota—e siametse go tladiwa ka dijo tse dingwe mo teng kgotsa go baka ka yone. Tamati ya mmala o motala, e ka dinako tse dingwe e nnang le methalo e e farologaneng, e dira seshabo se se monate. Ee, ditamati di tsenya moutlwalo wa tsone le mmala wa tsone mo dijong di le dintsi tse di monate tse di jaaka merogo, mae, pasta, nama le tlhapi. Fa o sa kgone go bona ditamati tse e leng gone di tswang kwa masimong, gone o ka kgona go bona dilo tse dintsi tse di nang le tamati kwa mabenkeleng.

Moapei mongwe le mongwe o na le ditsela tsa gagwe tsa go apaya tamati, mme dikakantsho dingwe tse o ka ratang go di leka ke tseno.

1. Go baakanyetsa sejonyana se se jewang pele ga dijo se se nang le mebala e mentle, tsaya tamati, mozzarella cheese le avocado o bo o di baya ka go tlhatlagana. Di loke ka olive oil le black pepper o bo o di kgabisa ka basil leaves.

2. Dira salate ya Segerika ka go kopanya tamati, komkommore le feta cheese tse di kgabetletsweng bokima o bo o tsenya di-olive tse dintsho le eiye e khibidu e e segeletsweng dilae. E loke ka letswai le pepere mme e jewe e tshetswe olive oil le matute a surunamune.

3. Dira sopo ya Se-Mexico o dirisa ditamati, eiye, green chillies le coriander tse di kgabetletsweng o bo o di kopanya le matute a sekae a lime.

4. Dira seshabo sa tamati se se jewang ka pasta ka go kopanya ditamati tse di kgabetletsweng tsa thini, sukirinyana (kgotsa tamati souse), olive oil e se kae, kaliki e e thugilweng, dilo tse di lokang tse di jaaka basil, bay leaf kgotsa oregano, letswai le pepere mo paneng. Di bedise mme morago ga moo o di letle gore di butswe di iketlile ka lobaka lwa metsotso e le 20 go fitlha di lowa. Di tshele mo godimo ga pasta e e apeilweng le e tsholotsweng metsi.

Tamati e e kgonang go dirisediwa dilo di le dintsi ke sekai se le sengwe fela sa dijo tse di farologaneng tse di monate tse re di diretsweng.