Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amogela go Nyalana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

A Modimo o Amogela go Nyalana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Amogela go Nyalana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

FA TIRELO ya kereke e ntse e tsweletse, go eme banna ba babedi fa pele ga bishopo yo o itsegeng mme ba tshwarane ka diatla. Ba “dira kgolagano . . . fa pele ga Modimo le kereke.” Bishopo yo o apereng diaparo tsa mmala wa gouta le bosweu, o segofatsa lenyalo la bone phatlalatsa. Morago ga foo banyalani bano ba a tlamparelana ba bo ba atlana, mme bareetsi ba ba leng teng ba ba opela legofi. Go ya ka bishopo yono, dikamano tse di ntseng jalo tsa bosodoma “di boitshepo e bile di tshwanetse go segofadiwa, . . .di tshwanetse tsa tsewa di le boitshepo, ka gonne gone di le boitshepo.”

Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba bangwe ba bodumedi ba kgatlhanong thata le manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang. Cynthia Brust, yo e leng mmueledi wa American Anglican Council, mokgatlho wa dikereke o o tshwareletseng thata mo dingwaong tsa Ba-Episcopal, o ne a re: “Re tshwentswe thata ke tshwetso ya [bishopo] yono. Go segofatsa manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang go thulana le dithuto tse di mo Baebeleng tse di tlhamaletseng tse di malebana le lenyalo le tlhakanelodikobo,” mme o ne a oketsa ka gore “ke monna le mosadi ba ba nyalaneng fela ba ba letleletsweng go tlhakanela dikobo.”

Ga se bodumedi fela jo bo ganetsanang ka kgang eno. Gongwe le gongwe go na le dikganetsano tse dikgolo tsa sepolotiki, ka gonne ntlha eno e ama dilo tsa loago, tsa dipolotiki le tsa itsholelo tse di amanang le dipenshene, madi a inshorense le makgetho.

Gantsi dikgang tse di tshwanang le tseno, tse di amang tsela e batho ba tshwanetseng go itshwara ka yone, le tsela e ba tshwanetseng go lejwa ka yone ke molao di raraane thata e bile di kgaoganya batho. Bakeresete ba boammaaruri ba kelotlhoko gore ba nne ba itlhaotse ka go tila dikganetsano tsa dipolotiki. (Johane 17:16) * Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba tlotlang Baebele ba ikutlwa ba tlhakane tlhogo malebana le kgang ya lenyalo la batho ba bong jo bo tshwanang. Wena o leba jang lenyalo la batho ba bong jo bo tshwanang? Molao wa Modimo wa reng ka lenyalo? Tsela e o ikutlwang ka yone e ama jang kamano ya gago le Modimo?

Mmopi wa Rona ke Ene a Tlhomang Molao

Mmopi wa rona o tlhomile melao e e malebana le lenyalo bogologolo pele ga mebuso e simolola go laola lenyalo. Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela jaana: “Monna o tla [tlogela] rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Biblical Words, lefoko la Sehebera la “mosadi” “le kaya motho wa sesadi.” Jesu o ne a tlhomamisa gore batho ba ba kopantsweng mmogo ke lenyalo e tshwanetse ya nna “monna le mosadi.”—Mathaio 19:4.

Ka jalo, Modimo o ne a ikaeletse gore lenyalo e nne sebofo se se tla nnelang ruri gare ga monna le mosadi. Monna le mosadi ba bopetswe gore ba tlatsane gore yo mongwe a kgone itumedisa yo mongwe mo maikutlong, semoyeng le ka tlhakanelodikobo.

Pego e e itsegeng thata ya Baebele ya Sodoma le Gomora e senola kafa Modimo a ikutlwang ka teng ka bosodoma. Modimo o ne a bolela jaana: “Selelo sa ngongorego kaga Sodoma le Gomora, ee, se kwa godimo, le boleo jwa bone, ee, bo boima thata.” (Genesise 18:20) Selekanyo sa boikepo jwa bone ka nako eo se ne sa bonala fa baeng ba babedi ba ne ba etetse monna yo o siameng e bong Lote. “Banna ba Sodoma, ba dikanyetsa ntlo, go simolola ka mosimane go fitlha ka monnamogolo, batho botlhe ba le segopa se le sengwe. Mme ba nna ba goa Lote ba mo raya ba re: ‘Banna ba ba tseneng kwa go wena mo bosigong jono ba kae? Ba ntshetse kwa go rona gore re tle re tlhakanele dikobo le bone.’” (Genesise 19:4, 5) Baebele ya re: “Banna ba Sodoma ba ne ba le bosula e bile e le baleofi ba bagolo thata kgatlhanong le Jehofa.”—Genesise 13:13.

Banna bao ba ne ba “gotela mo go maswe mo keletsanong ya bone e e fekeetsang, banna le banna.” (Baroma 1:27) Ba ne ba “sala nama morago gore [ba] e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.” (Jude 7) Mo dinageng tse matsholo a go lwela ditshwanelo tsa basodoma a anameng kwa go tsone, bangwe ba ka nna ba nna kgatlhanong le go dirisiwa ga mafoko a a reng “tsela e e seng ya tlholego” fa go tlhalosiwa boitshwaro jwa basodoma. Le fa go ntse jalo, a Modimo ga se ene moatlhodi wa bofelo fa go tla mo kgannyeng ya gore ke eng se e leng sa tlholego? O ne a laela batho ba gagwe ba bogologolo jaana: “O se ka wa lala le monna ka tsela e e tshwanang le e o lalang le mosadi ka yone. Ke selo se se makgapha.”—Lefitiko 18:22.

Kafa o Ikarabelelang mo Modimong ka Teng

Baebele ga e potapote: Modimo ga a amogele e bile ga a mpampetse mekgwa ya bosodoma. E bile ga a amogele batho ba ba “[dumalanang] le ba ba tlwaetseng go di dira.” (Baroma 1:32) Mme “lenyalo” le ka se ka la dira gore bosodoma bo lebege bo tlotlega. Kaelo ya Modimo ya gore “lenyalo le tlotlege mo go botlhe” e dira gore re bone gore le jone bosodoma ga bo amogelege, Modimo o bo tsaya bo le makgapha.—Bahebera 13:4.

Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo, mongwe le mongwe a ka ithuta “[go ithiba] mo kgokafalong,” e e akaretsang ditiro tsa bosodoma le go ‘tshola sejana sa gagwe se le boitshepo e bile se tlotlega.’ (1 Bathesalonika 4:3, 4) Gone ke boammaaruri gore seno ga se motlhofo ka metlha. Nathan *, yo pele a neng a tshela botshelo jwa bosodoma, o ne a re: “Ke ne ke akanya gore le ka motlha nka se ka ka bo tlogela.” Mme o ne a kgona go fetoga ka thuso ya “moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:11) Jaaka fa Nathan a ne a lemoga, ga go na bothata bope jo bo leng bogolo thata mo go Jehofa, yo o kgonang go re naya maatla le thuso e re e tlhokang go diragatsa melao ya gagwe le go amogela masego a gagwe.—Dipesalema 46:1.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Tota le fa molao wa naga o thulana le digakolodi tsa Basupi ba ga Jehofa tse di thapisitsweng ka Baebele ga ba nne le seabe mo dikganetsanong kgotsa mo matsholong ape a dipolotiki a gore go fetolwe melao e e ntseng jalo.

^ ser. 14 Ga se leina la gagwe la mmatota.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Photo by Chris Hondros/Getty Images