Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaba—Ke Mang Yo o Tla di Namolang?

Dithaba—Ke Mang Yo o Tla di Namolang?

Dithaba—Ke Mang Yo o Tla di Namolang?

KA 2002 go ile ga tshwarwa Kopano e e Kaga Dithaba Tsa Lefatshe kwa toropong ya Bishkek kwa Kyrgyzstan (kwa Asia bogare), e e ileng ya tsaya malatsi a le manè. E ne e le kopano ya ntlha ya boditšhabatšhaba e e neng e rulaganyeditswe gore go tlotlwe ka dithaba. Barotloetsi ba yone ba ne ba solofela gore ngwaga wa 2002 e ne e tla nna “tshimologo ya motlha o mosha, motlha o mo go one go lemogiwang botlhokwa jwa mmatota jwa dithaba.”

Ba ba neng ba le teng mo kopanong eno ba ne ba amogela ka bongwe fela jwa pelo “Melao e e Neng ya Tlhongwa mo Kopanong ya Bishkek e e Malebana le Tsela ya go Tshwara Dithaba,” mme melao eno e ne e kaela mongwe le mongwe yo o nang le seabe mo tirong ya go sireletsa dithaba. Melao eno e ne e tla thusa go “tokafatsa botshelo jwa batho ba ba nnang mo dithabeng, go sireletsa dimela le diphologolo tse di tshelang mo dithabeng le go dirisa dilo tsa tlholego tse di tswang mo dithabeng ka tsela e e molemo go feta pele.”

Go setse go dirilwe kgatelopele e e rileng. Dirapa tsotlhe tsa diphologolo di sireletsa mafelo a mantle tota a dimela le diphologolo tsa mefutafuta. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, batho ba ba sireletsang dilo tsa tlhago ba ile ba kgona go dira gore tikologo e se ka ya senngwa le go feta. Batho ba ba neng ba le teng kwa Kopanong e e kaga Dithaba ya kwa Bishkek, ba ne ba ikemisetsa go tlosa leswe la nuklea le le latlhetsweng mo dithabeng tsa Kyrgyzstan. Leswe leno le le botlhole le ne le ka kgotlela motswedi wa metsi a a dirisiwang ke diperesente di le 20 tsa batho ba kwa Asia bogare.

Le fa go ntse jalo, go sa ntse go le thata go sireletsa dithaba. Ka sekai, ka 1995, balaodi ba kwa Canada ba ne ba tlhoma “Melao e e Laolang go Dirisiwa ga Dikgwa” go sireletsa sekgwa se se iseng se rengwe sa British Columbia. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tse di neng tsa dirwa morago ga moo di ne tsa bontsha gore gantsi dikhampani tse di remang ditlhare di ne tsa tlhokomologa melao eno di bo di tswelela di rema le ditlhare tse di kwa godimo mo dithabeng gore go sale go se na sepe. Molao ono o ne wa fetolwa go sekae ka 1997, ka gonne ba tsa madirelo a dipolanka ba ne ba re molao ono o gagametse thata.

Dikgwebo ga se tsone fela tse di bakang bothata jono. Kwa bofelong, Kopano eno ya kwa Bishkek e ne ya feleletsa e amogetse gore ntwa, khumanego le tlala, tsotlhe di na le seabe mo go senyeng dithaba. Dithaba, go akaretsa le polanete yotlhe, di tla tswelela di le mo bothateng go fitlha go fedisiwa dilo tseno tsotlhe tse di bakang tshenyo.

Modimo o Amega ka Popo ya Gagwe

Le fa seemo seno se sa itumedise, re na le lebaka la go nna le tsholofelo. Modimo Mothatayotlhe o bona sengwe le sengwe se se diragalelang popo ya gagwe. Baebele ya re ke Ene “yo ditlhoa tsa dithaba e leng tsa gagwe.” (Pesalema 95:4) Gape o amega ka diphologolo tse di tshelang mo dithabeng. Go ya ka Pesalema 50:10, 11, Jehofa a re: “Phologolo nngwe le nngwe ya naga ya sekgwa ke ya me, dibatana tse di mo godimo ga dithaba tse di sekete. Ke itse sentle sebopiwa sengwe le sengwe se se nang le diphuka sa dithaba, le ditlhopha tse dikgolo tsa diphologolo tsa naga e e bulegileng di na le nna.”

A Modimo o na le tsela ya go namola tikologo? Ee ruri! Baebele ya re o “[tlhomile] bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.” (Daniele 2:44) Jesu Keresete, yo o tlhomilweng go nna Mmusi wa puso eno ya kwa legodimong, o kgatlhegela lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone. (Diane 8:31) Puso ya gagwe e tla tlisa kagiso mo lefatsheng, mme e dire gore le se ka la tlhola le senngwa e bo e baakanya le tshenyo yotlhe e e mo go lone.—Tshenolo 11:18.

Fa e le gore o eletsa go bona maemo a baakanngwa ka tsela eno, ga go pelaelo gore o tla tswelela o rapelela gore ‘bogosi jwa Modimo bo tle.’ (Mathaio 6:9, 10) Ruri dithapelo tse di ntseng jalo di tla arabiwa. Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa tshiamololo e e mo polaneteng eno bo bo bo baakanya le tshenyo e e bakilweng mo go yone. Mme fa seno se direga, go tla bo go ntse jaaka e kete dithaba ka botsone di ‘goa ka boipelo.’—Pesalema 98:8.