Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaba—Lebaka La go Bo re Di Tlhoka

Dithaba—Lebaka La go Bo re Di Tlhoka

Dithaba—Lebaka La go Bo re Di Tlhoka

“Ya kwa dithabeng mme o ithute sengwe mo go tsone. O tla utlwa o tsenwa ke moya wa thethebalo fela jaaka marang a letsatsi a sutlhelela mo ditlhareng. O tla utlwa o fokwa ke pheswana e e monatšana, mme difefo tsa teng di go naya maatla, fa mathata a gago le one a tla bo a tlhotlhorega fela jaaka matlhare a ditlhare fa go le letlhabula.”—JOHN MUIR, MOKWADI LE MOITHUTATLHOLEGO WA MOAMERIKA.

FELA jaaka John Muir a ne a lemoga dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng, dithaba di kgona go re ama maikutlo. Re kgatlhwa ke bontlentle jwa tsone, re itumedisiwa ke ditshedi tse di mo go tsone, mme re lapolosiwa ke kagiso e e renang mo go tsone. Batho ba le dimilionemilione ba ya kwa dithabeng ngwaga le ngwaga go ya go leba bontle jwa tsone le go ya go ithoba maikutlo. Mokaedimogolo wa Lephata la Tsa Tikologo la Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e bong Klaus Toepfer, a re: “Dithaba ga di bolo go nna selo se se kgatlhang le se se tlhotlheletsang maikutlo fa e sa le go tloga kwa ga lowe.”

Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle ka dithaba. E re ka batho ba ne ba nna kgakala le tsone, seno se ile sa di sireletsa ka dingwaga di le dintsi gore di se ka tsa senngwa. Mme jaanong di mo kotsing. Pego nngwe ya bosheng ya bobegadikgang ya lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng e tlhalosa jaana: “Mangwe a mafelo ano a a setseng, a nyelela ka bonako ka ntlha ya temothuo, dikago le dilo tse dingwe tse di nnang di tlhaga tse di bakang tshenyo mo dithabeng.”

Dithaba di bopa karolo e kgolo ya boalo jwa lefatshe. Halofo ya baagi mo lefatsheng e tshela ka dilo tsa tlhago tse di tswang mo dithabeng. E bile mo go tsone go nna batho ba le dimilione. Dithaba ga se mafelo a mantle fela a motho a ka yang kwa go one go ritibatsa maikutlo. E re re sekaseke dingwe tsa dilo tse dithaba di thusang batho ka tsone.

Lebaka La go Bo Dithaba di le Botlhokwa

DI BOLOKA METSI. Dithaba ke tsone motswedi wa metsi a a mo dinokeng tse dikgolo le a a mo mabolokelong a mantsi a metsi. Metsi a le mantsi a Noka e kgolo ya Colorado le Rio Grande kwa Amerika Bokone, a tswa mo dithabeng tse di bidiwang Rocky Mountains. Mo e ka nnang halofo ya baagi mo lefatsheng e nna kwa borwa le kwa botlhaba jwa Asia. Mme bontsi jwa batho bano ba thusiwa ke pula e e nang mo dithabeng tse dikgolo tsa Himalaya, Karakoram, Pamirs le Tibet.

Toepfer o tlhalosa jaana: “Dithaba, tse e leng mabolokelo a magolo a metsi mo lefatsheng, di botlhokwa go thusa ditshedi tsotlhe mo lefatsheng e bile di thusa le batho gongwe le gongwe.” O tswelela pele jaana: “Se se diregang kwa setlhoeng sa thaba se ama dilo tse di tshelang mo mafelong a a kwa tlase ga dithaba, mo metsing tota le mo mawatleng.” Mo dinageng di le dintsi, dithaba di khurumediwa ke kapoko mariga, e re fa nako ya dikgakologo le selemo e tla kapoko eno e simolole go gakologa ka iketlo, mme metsi a yone a bo a elela. Mo dikarolong tse di omeletseng tsa lefatshe, gantsi dimela di nosediwa ka metsi a a tswang kwa dithabeng tse di kwa kgakala a a nnang teng fa kapoko e sena go gakologa. Dithaba di le dintsi di na le dikgwa tse di monyang metsi, mme seno se dira gore fa metsi a fologa mo dithabeng a elele ka iketlo go na le go baka merwalela e e senyang.

LEFELO LA DIPHOLOGOLO LE DIMELA TSA MEFUTAFUTA. Lebaka la go bo dithaba di le kgakala le batho e bile go le thata gore ba ka lema mo go tsone le dirile gore ba se ka ba nna ba tshwenyana thata le tsone. Ka ntlha ya moo, dithaba di ile tsa nna lefelo le go fitlhelwang diphologolo le dimela tse di sa tlholeng di bonwa kwa mafelong a e seng dithaba. Ka sekai, Serapa sa Diphologolo sa Kinabalu kwa Malaysia, e leng karolo e e dithaba e nnye go sekaenyana fela fa o e bapisa le New York City, e na le mefuta e le 4 500 ya dimela—mo go rayang gore e na le mefuta ya dimela e e fetang kwatara ya mefuta ya dimela e e fitlhelwang kwa United States yotlhe. Dibera tse dikgolo tse di bidiwang di-panda tsa kwa China, manong a kwa Andes le mangau a a tshelang mo kapokong a kwa Asia bogare, tsotlhe di tshela mo dithabeng, fela jaaka mefuta e mengwe e mentsintsi ya ditshedi tse di leng mo kotsing ya go nyelela.

Go ya ka makasine wa National Geographic, baitse bangwe ba ikholoji ba akanya gore “palo e e fetang nngwetharong ya dimela le diphologolo tse e seng tsa metsi di nna mo karolong e e kwa tlase ga diperesente di le 2 tsa polanete eno.” Mefuta e le mentsi e e farologaneng ya ditshedi e fitlhelwa thata kwa mafelong a a nang le mmu o o nonneng, a a sa senngwang ke batho, a baitsesaense ba reng ke mafelo a ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela di nnang mo go one. Mafelo ano—a bontsi jwa one e leng dithaba—a na le mefuta e e farologaneng ya dimela le diphologolo tse di re solegelang molemo rotlhe. Dingwe tsa dijo tsa botlhokwa thata mo lefatsheng di tswa mo dijalong tse di sa ntseng di tlhoga mo dithabeng, tse dingwe tsa tsone e leng mmidi o o tlhogang kwa dithabeng tsa Mexico, ditapole le ditamati tse di kwa dithabeng tsa Andes tsa kwa Peru, le korong e e tlhogang kwa dithabeng tsa Caucasus.

KE MAFELO A MANTLE LE A GO ITLOSA BODUTU. Gape dithaba di dira gore lefelo le nne le bontle jwa tlhago. Di na le diphororo le matsha a mantle, e bile di na le mafelo a mantsi a mantle thata mo lefatsheng. Ga go gakgamatse go bo nngwetharong ya mafelo otlhe a a sireleditsweng mo lefatsheng e bo e le a a nang le dithaba. E bile ke mafelo a a ratwang thata ke bajanala.

Tota le dirapa tsa diphologolo tse di kwa kgakala thata di etelwa ke batho ba le dimilionemilione ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Batho go tswa kwa mafelong a a kwa kgakala ba tsaya loeto go ya kwa Serapeng sa Diphologolo sa Denali kwa Alaska go ya go bona Thaba e e kwa godimodimo kwa Amerika Bokone ya McKinley. Ba le bantsi ba ya kwa mokgatšheng o mogolo o o bidiwang Great Rift Valley go ya go bona bontlentle jwa dithaba tse dikgolo tsa Kilimanjaro le Meru kgotsa go ya go bona metlhape e megolo ya diphologolo tsa naga tse di nnang mo gare ga dithaba tseno tse pedi tse dikgolo. Batho ba le bantsi ba ba nnang mo dithabeng ba solegelwa molemo thata fa bajanala ba thelegela kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, fa bajanala ba nna bantsi thata ba ka senya mafelo ano.

Kitso ya Batho ba ba Nnang mo Dithabeng

Go ralala dingwaga, batho ba ba nnang mo dithabeng ba ile ba ithuta go tshela mo tikologong eno e go seng motlhofo go tshela mo go yone. Batho bano ba ile ba lema masimo mo dithabeng, mme masimo ao a sa ntse a dirisiwa le fa go setse go fetile dingwaga di le dikete tse pedi. Ba ile ba kgwabofatsa diphologolo tsa mafelo ano, diphologolo tse di tshwanang le dikamela tsa mofuta wa di-llama le dinare tse di bidiwang di-yak, tse di kgonang go tshela mo mafelong a a goletseng kwa godimo thata. Mme kitso e batho bano ba sa bolong go nna le yone e ka thusa thata go sireletsa dithaba tse rotlhe re di tlhokang.

Alan Thein Durning wa Worldwatch Institute o tlhalosa jaana: “Batho ba ba mo mafelong a dithaba a a sa nnweng go le kalo a a mo dikontinente tsotlhe ke bone fela ba ba kgonang go a sireletsa. Ba na le kitso e ntsi malebana le dilo tsa tlhago . . . kitso e e lekanang le e e fitlhelwang mo dibukeng tsa saense tsa motlha wa rona.” Kitso eno e ntsi e tlhoka go sirelediwa fela jaaka dilo tse dingwe tsa botlhokwa tse di fitlhelwang mo dithabeng.

Lephata la Tsa Tikologo la Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tshegetsa Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Dithaba wa 2002. Barulaganyi ba letsholo leno ba ne ba bontsha kafa batho ba tlhokang dithaba thata ka teng ka go tlhama mafoko a a reng “Rotlhe re Nna mo Dithabeng.” Boikaelelo jwa bone e ne e le go lemotsha batho ka mathata a dithaba tsa lefatshe di lebaneng le one le go batla ditsela tsa go di sireletsa.

Ntlha eno ke ya botlhokwa tota. Kwa Kopanong e e Kaga Dithaba Tsa Lefatshe ya 2002 ya kwa Bishkek, e e neng e rulagantswe kwa Kyrgyzstan, sebuisegolo se ne sa re: “Gantsi dithaba di bonwa e le mafelo a go ka ntshiwang dilo di le dintsi tsa tlhago mo go one, mme go bo go sa akanngwe ka mathata a batho ba ba nnang mo go tsone ba nang le one e bile go sa akanyediwe gore go ka dirwang go sireletsa ditshedi tse di leng mo go tsone.”

Mangwe a mathata a dithaba tsa lefatshe le batho ba ba nnang mo go tsone ba lebanang le one ke afe? Mathata ano a re ama jang rotlhe?