Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaba di mo Kotsing

Dithaba di mo Kotsing

Dithaba di mo Kotsing

“Mongwe le mongwe o solegelwa molemo thata ke fa a tlhomamisa gore le ka moso dithaba di tla bo di ntse di ntsha dilo tsa tlhago tse di fitlhelwang mo go tsone.”—KOFI ANNAN, MOKWALEDIKAKARETSO WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG.

FA MOTHO a akanya ka dithaba, o akanya ka bogolo jwa tsone, go tlhomama ga tsone le kafa di nonofileng ka teng. Tota ke eng se se ka senyang dithaba tseno tse dikgolo? Bangwe ba ka go fitlhela go le thata go dumela gore go na le sengwe se se ka senyang dithaba. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore dithaba tsa rona di mo kotsing. Batho ba ba sireletsang dilo tsa tlhago ba umaka mathata mangwe a a bofitlha a a senyang dithaba. Mathata ano otlhe a masisi e bile a ntse a etegela. Akanya ka dilo dingwe tse di bakang tshenyo mo dithabeng.

DITIRO TSA KAGO. Diperesente di ka nna 25 tsa dithaba di mo kotsing ya go senngwa ka ntlha ya gore go rulagantswe gore go agiwe ditsela, meepo, matamo, go tsenngwe diphaepe le dilo tse dingwe mo dingwageng di le 30 tse di tlang. Go agiwa ga ditsela go ka baka kgogolego ya mmu mo dithabeng, e bile ditsela tseno di dira gore ba ba remang ditlhare ba kgone go tsena motlhofo fela mme ba bake tshenyo e nngwe gape. Ngwaga le ngwaga mo meepong go epiwa ditone di ka nna dimilione di le dikete di le lesome tsa matlapa, a bontsi jwa one a tswang mo dithabeng, mme seno se dira gore go nne le masalela a le mantsi a one a a latlhiwang. *

GO GOTELA GA MOYA O O MO LOAPING. Worldwatch Institute ya re: “Fa e sa le ka 1990 go ile ga nna le dingwaga di le robongwe tse go neng go tsewa e le tse di fisang thata. Mme seno se ama thata ditshedi tse di kwa dithabeng. Dithabakgapetla le kapoko e e mo ditlhoeng tsa dithaba e a gakologa—e leng selo se baitsesaense ba reng se tlile go dira gore mabolokelo a metsi a penologe se bo se bake go gosomana mo gogolo ga mmu. Matsha a le mantsi a a nang le dithabakgapetla kwa dithabeng tsa Himalaya a setse a le gaufi le go penologa mme go nne le merwalela, e leng selo se se kileng sa direga makgetlhonyana mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng.

GO LEMA DITSHINGWANA. Go ntsifala ga batho go ba pateletsa go lema mo mafelong a go sa lengweng mo go one. Go ya ka patlisiso nngwe, gone jaanong mo e ka nnang halofo ya dithaba mo Afrika e dirisediwa temo kgotsa diruiwa—diperesente di le 10 tsa yone di dirisediwa temo mme diperesente di le 34 tsa yone di dirisediwa mafulo. Gantsi mafelo ano a dithaba ga a ungwe go le kalo, ka gonne ga se mafelo a tota a diretsweng go jala dijalo mo go one. * Mme go fudisa dikgomo thata go ka bolaya dimela tse di swang motlhofo. Patlisiso nngwe ya bosheng e bontsha gore ke diperesente di le 3 fela tsa naga yotlhe ya dithaba tse go ka lengwang mo go tsone.

NTWA. Go runya ga dintwa tsa selegae bosheng jaana, go ile ga senya dithaba tse dintsi. Dirukhutlhi di dirisa dithaba go nna lefelo le di rulaganyetsang ditiro tsa tsone mo go lone. Pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng e bontsha gore diperesente di le 67 tsa dithaba tsa Afrika di ile tsa senngwa ke “dintwa tse di matlhomahibidu.” Mo godimo ga moo, mafelo mangwe a dithaba a setse a dirisediwa go dira diokobatsi, mme gantsi seno se felela ka dintwa e bile se senya le tikologo.

A go Na le Sengwe Gape se se Tshwanetseng sa Dirwa?

Batho ba bakile tshenyo e e seng kana ka sepe mo dithabeng. Merwalela, go gosomana ga mmu le go tlhaela ga metsi, ke mangwe a matshwao a sekae fela a a supang gore go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle ka dithaba. Dipuso di setse di simolotse go ela kgang eno tlhoko. Dikgwa di jalwa sesha, mme batho ba thibetswe go rema ditlhare mo mafelong mangwe. Go dirilwe le dirapa tsa diphologolo go sireletsa bontle jwa mafelo ano le diphologolo le dimela tse di leng mo kotsing ya go nyelela.

Le fa go ntse jalo, tota le mafelo a a sireleditsweng a mo kotsing ya go senngwa. (Bona lebokoso le le reng “Mangwe a Mafelo a a Beetsweng go Sireletsa Dilo Tsa Tlhago.”) Lobelo lo mefuta e e farologaneng ya ditshedi e nyelelang ka lone lo supa gore maiteko a a dirwang go sireletsa dimela le diphologolo tse di mo dithabeng ga a ise a atlege. Bomankge ba a itse ka bothata jono, mme gone ga go ise go dirwe sepe se se kalo go sireletsa naga e e iseng e senngwe. Moitsethutotshelo yo o itsegeng thata e bong E. O. Wilson a re: “Ke kgothadiwa thata ke kitso e re nang le yone ya saense, mme ke kgobiwa marapo ke kafa mafelo a magolo a diphologolo le dimela tsa mefutafuta di leng mo go one a senngwang ka teng.”

A go nyelela ga diphologolo le dimela ke kgang e re tshwanetseng ra tshwenyega thata jalo ka yone? Go ya ka batho ba le bantsi ba ba ithutang ka ditshedi, batho ba solegelwa molemo thata ke fa diphologolo le dimela tsa mefutafuta di sirelediwa. Ka sekai, ba bua ka semela sengwe se se khibitswana sa periwinkle se se fitlhelwang kwa dithabeng tsa Madagascar, e leng lefelo le le tletseng mefutafuta ya diphologolo le dimela. Semela seno se dirisediwa go dira seokobatsi sengwe sa botlhokwa se se thusang go lwantsha bolwetse jwa lukemia. Mo godimo ga moo, ka masomesome a dingwaga setlhare sa cinchona se se fitlhelwang kwa dithabeng tsa Andes, se ile sa thusa go dira seokobatsi sa quinine le melemo e mengwe e e thusang go alafa malaria. Dimela tse dingwe tse dintsi tse di tlhogang mo dithabeng di ile tsa thusa go namola matshelo a batho ba le dimilionemilione. Ke boammaaruri gore dingwe tsa dimela tseno tse di tlhogang mo dithabeng di kgona go lengwa le mo mafelong mangwe a e seng dithaba. Le fa go ntse jalo, sengwe se se tshwenyang ke gore e re ka dimela tse di tlhogang mo dithabeng di senngwa thata, batho ba ka nna ba latlhegelwa ke dilo tsa tlholego tse ba iseng ba itse ka tsone tse di tswang mo dithabeng, e leng dilo tse di ka ba thusang go dira melemo le dilo tse dingwe tse di nayang dikotla.

A go na le sengwe se se ka dirwang go thibela dilo tse di senyang dithaba gone jaanong? A tshenyo eno e ka dirololwa? A dithaba di tla tswelela e le mafelo a mefutafuta e mentle ya dimela le diphologolo e sirelediwang mo go one?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Go le gantsi fa go dirwa palamonwana e le nngwe fela ya gouta, go tshwanelwa ke gore go latlhwe ditone di le tharo tsa letlapa le gouta eo e ntshitsweng mo go lone.

^ ser. 6 Mme go ralala makgolo a dingwaga, batho ba ba nnang mo dithabeng ba ile ba ithuta go lema mo dithabeng mme ba sa di senye.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Diphologolo Tse di Tshelang mo Dithabeng

Ditau tse di tshelang mo dithabeng, tse gape di bidiwang di-puma, di fitlhelwa thata kwa dithabeng tse di bidiwang Rocky Mountains le Andes. Fela jaaka dibatana tse dintsi tse dikgolo, ditau tseno di ile tsa tshabela kwa mafelong a go leng thata go fitlha kwa go one ka ntlha ya go tshosediwa ke batho.

Di-panda tse di khunou di bonwa fela mo dithabeng tsa Himalaya (le mo mafelong a a kwa tlasenyana a thaba e e bidiwang Mount Everest). Le fa di-panda tseno tse di khunou di nna kgakala le batho, di mo kotsing ka ntlha ya go senngwa ga dikgwa tsa lotlhaka lwa bampuse lo diphologolo tseno di lo jang.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cortesía del Zoo de la Casa de Campo, Madrid

Dibera tse di tshetlha di kile tsa bo di itsamaela ka kgololesego fela go ralala karolo e kgolo ya Yuropa, Asia le Amerika Bokone. Gone jaanong kwa Yuropa di fitlhelwa fela kwa dikarolong di le mmalwa tse di dithaba, le fa gone di fitlhelwa ka bontsinyana kwa dithabeng tsa kwa Canada tse di bidiwang Rocky Mountains, le kwa Alaska le Siberia. Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga dibera tseno di ne tsa fokotsega ka diperesente di le 99 kwa United States.

Ntsu ya mmala wa gouta e fitlhelwa ka bontsi mo dithabeng go ralala karolo e kgolo ya Hemisefere ya Bokone. Ka maswabi, palo ya bontsu bano kwa Yuropa e fokotsegile go nna kwa tlasenyana ga 10 000 ka gonne e kile ya bo e le ‘nonyane e e tlhoilweng.’

Moithutatlholego mongwe wa Mo-China e bong Tang Xiyang a re dibera tse di bidiwang di-giant panda “di tlhoka dilo tse tharo tsa botlhokwa gore di tswelele di tshela.” Dilo tseno ke “dithaba tse di kwa godimo le mekgatšha e e boteng, dikgwa tse di kitlaneng tsa lotlhaka lwa bampuse, le melatswana e e elelang.” Go ya kafa go fopholediwang ka teng, go na le di-panda tse di kwa tlasenyana ga di le 1 600 tse di tshelang mo nageng.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Mangwe a Mafelo a a Beetsweng go Sireletsa Dilo Tsa Tlhago

Serapa sa diphologolo se se bidiwang Yosemite National Park (kwa California, U.S.A.) se simolotse go dira ka 1890, morago ga go dira ka natla ga moithutatlholego John Muir. Bontlentle jwa sone bo gogela batho ba le dimilione di le nnè ba ba etelang lefelo leno ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, balaodi ba serapa seno ga ba itse gore ba ka dirang go sireletsa lefelo leno mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba dire gore batho ba ba ratang tlhago ba tle go itumelela go bona lefelo leno.

Serapa sa diphologolo se se bidiwang Podocarpus National Park (kwa Ecuador) se sireleditse kgaolo ya sekgwa se se kitlaneng sa Andes se se nang le mefuta e le mentsi ya diphologolo le dimela—go na le mefuta e feta 600 ya dinonyane le mefuta e ka nna 4 000 ya dimela. Seokobatsi sa quinine se se thusitseng batho ba le bantsi se ne sa bonwa la ntlha mo lefelong leno. Fela jaaka dirapa tse dingwe tse dintsi, serapa seno se na le bothata jwa go rengwa ga ditlhare le go utswiwa ga diphologolo.

Thaba e e bidiwang Mount Kilimanjaro (kwa Tanzania) ke nngwe ya dithaba tse dikgolo thata mo lefatsheng tsa lekgwamolelo e bile ke thaba e e kwa godimodimo mo Afrika. Ditlou di fula mo dikarolong tse di kwa tlasenyana tsa thaba eno, mme mo karolong e e kwa godimo ya thaba eno go na le dimela tse di sa tshwaneng le dipe, tse di jaaka semela se segolo sa lobelia le sa groundsel. Dilo tse dikgolo tse di tsenyang thaba eno mo kotsing ke go tsongwa ga diphologolo mo go sa letlelelwang kafa molaong, go rengwa ga dikgwa le go fula ga dikgomo.

Serapa sa diphologolo se se bidiwang Teide National Park (kwa Ditlhaketlhakeng tsa Canary) se sireleditse dimela tse e leng tsa mofuta wa tsone fela tse di tlhogang mo mafelong a a neng a swafetse a lekgwamolelo. Dithaba tsa makgwamolelo tse di mo ditlhaketlhakeng gantsi o fitlhele di na le dimela tse di kgonang go senngwa motlhofo ke tse dingwe tse di itlhogelang fela mo mafelong ano.

Serapa sa diphologolo sa Pyrénées le sa Ordesa (kwa Fora le Spain) di sireleditse bontle jwa dithaba tse dikgolo tsa tsone go akaretsa le dimela le diphologolo tse di tshelang mo go tsone. Fela jaaka dithaba tse dingwe kwa Yuropa, serapa seno sa Pyrenees se mo bothateng ka gonne karolo e kgolo ya dithaba tsa sone e dirisediwa go nna lefelo la metshameko ya go relela mo aeseng, le la dilo tse dingwe tse di itumelelwang ke bajanala. E re ka lefelo leno le sa tlhole le lengwa jaaka le ne le lengwa pele, seno le sone se ile sa senya tikologo eno.

Serapa sa diphologolo se se bidiwang Sǒraksan National Park ke serapa se se ratiwang thata kwa Korea. Ditlhoa tsa sone tse dintlentle tsa mafika a masetlha le dithaba tsa sone tse di lesuthu di nna dintle tota fa go le letlhabula. Mme e re ka e le lefelo le le ratwang thata, seno se raya gore fa go le mafelobeke, ditselana dingwe tsa sone di tlhanasela jaaka mebila ya mo toropong.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Dimela Tse di Tlhogang mo Dithabeng

Sethunya se se bidiwang tower of jewels. Mo dibekeng di sekae fa go le dikgakologo, sethunya seno se sentle se gola go fitlha se lekana le motho ka boleele. Se ka fitlhelwa kwa setlhoeng sa dimetara di le 1 800 mo dithabeng tse pedi fela tsa makgwamolelo kwa Ditlhaketlhakeng tsa Canary. Mefuta e mengwe e mentsi ya dimela tsa dithaba le yone e tlhoga fela mo mafelong ano a a kwa godimo.

Sitlwasitlwane ya mofuta wa carline e tlhoga mo dithabeng tsa Alps le Pyrenees. Tsela e semela seno se tsabakelang ka yone e phatsimisa karolo e e kwa godimo ya bojang fa selemo se fela, mme dithunya tsa sone gape di naya ditshenekegi letlepu la dijo.

Semela se se bidiwang English iris. Ditlhatshana tse di tswang mo sethunyeng seno se sentle sa naga di kgona go jalwa mo tshingwaneng. Dithunya di le dintsi tse di jalwang mo tshingwaneng di simolotse e le dimela tse di tlhogang mo dithabeng.

Semela se se bidiwang mountain houseleek ke sengwe sa dimela di le dintsi tse di tlhogang mo dithabeng mme se gola mo mapharong a mafika. Mofuta ono wa semela o tlhoga mo dithabeng tse di kwa borwa jwa Yuropa, mme gape o bidiwa semela sa tshelela ruri ka ntlha ya gore se thata e bile se nnela ruri.

Semela se se bidiwang bromeliad. Mefuta e le mentsi ya di-bromeliad le mefuta e mengwe ya dithunya tse di bidiwang di-orchid e gola sentle mo dikgweng tse di kwa godimo thata tsa Boboatsatsi. Di tlhoga mo mafelong a a kwa godimo tota a bogodimo jwa dimitara di ka nna 4 500.

Semela se se bidiwang Algerian iris se tlhoga kwa dithabeng tsa Er Rif le Atlas kwa Afrika Bokone, mme karolo eno e bidiwa lefelo la dimela tsa Mediterranean tse di leng mo kotsing ya go nyelela.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Moepo wa kopore le gouta kwa dithabeng tse di bidiwang Maoke Mountains, kwa Indonesia

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Rob Huibers/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Semela sa “rosy periwinkle”