Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Basha ba Gompieno

Go Thusa Basha ba Gompieno

Go Thusa Basha ba Gompieno

GOMPIENO basha ba golela mo lefatsheng le ka dinako tse dingwe le lebegang le boifisa. Ga go na sepe se bangwe ba bone ba ka se dirang fa ba ntse ba lebile batsadi ba bone ba kgaogana kgotsa ba tlhalana. Ba bangwe ba bona balekane ba bone ba sekolo ba ineelela diokobatsi le bokebekwa. Ba le bantsi ba gatelelwa ke dithaka tsa bone e ka tswa e le ba bong bo sele kgotsa ba bong jo bo tshwanang le jwa bone go re ba tlhakanele dikobo le bone. Mme mo e ka nnang basha botlhe ba nna le dinako tsa go ikutlwa ba sa tlhaloganngwa sentle, ba jewa ke bodutu e bile ba gateletswe thata mo maikutlong.

Ke eng se basha ba se tlhokang gore ba kgone go itshokela mathata a ba lebanang le one? Dr. Robert Shaw o kwala jaana: “Bana ba tshwanetse go beelwa melao ya boitshwaro e e sa fetofetogeng, e e tlhomameng gore e ba thuse go tlhopha ditsala tsa bone sentle, ba dire ditshwetso tse di siameng le go utlwela batho ba bangwe botlhoko.” Baebele e na le melao ya boitshwaro e e molemo go gaisa yotlhe ka gonne e na le megopolo ya Mmopi. Ga go na ope yo o itseng se re se tlhokang gore re itshokele dinako tsa mathata tse re tshelang mo go tsone, fa e se Jehofa Modimo fela?

Kaelo e e Mosola e e Kgonang go Dirisiwa

Melaometheo ya Baebele e kgona go dirisiwa e bile e mosola. E mosola fela thata mo batsading le mo bathong ba bangwe ba ba godileng ba ba batlang go thusa basha go atlega mo botshelong fa ba ntse ba gola.

Ka sekai, Baebele e bua boammaaruri fa e re “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane,” kgotsa gore “ka tlholego fela bana ba rata go dira dilo tsa boeleele” go ya ka thanolo ya Today’s English Version. (Diane 22:15) Basha bangwe ba ka lebega ba akanya jaaka batho ba ba godileng, mme se se salang ke gore ba sa ntse ba tlhoka maitemogelo. Ka ntlha ya seo, ba ka nna ba tlelwa ke dilo tse di diragalelang basha fa ba ntse ba gola tse di jaaka go ikutlwa ba sa sireletsega, ba na le dikeletso dingwe e bile ba tshwenyegile mo maikutlong. (2 Timotheo 2:22) Basha bano ba ka thusiwa jang?

Baebele e kgothaletsa gore batsadi ba buisane le bana ba bone ka metlha. E kopa batsadi jaana: “O bue ka [melao ya Modimo] fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7) Puisano e e ntseng jalo e na le mesola e le mebedi. Sa ntlha, e ruta mosha ditsela tsa Modimo. (Isaia 48:17, 18) Sa bobedi, e dira gore batsadi ba nne ba ntse ba buisana le bana ba bone. Seno se botlhokwa thata ka nako ya fa basha ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, e re ka ba ka nna ditlhong le go jewa ke bodutu.

Ke boammaaruri gore basha ba na le go jewa ke bodutu ka dinako tse dingwe. Le fa go ntse jalo, bangwe ba jewa ke bodutu ka lobaka lo loleele. Buka nngwe e e buang ka basha ya re: “Basha bano ba bolela gore ba ketefalelwa ke go itirela ditsala kwa sekolong, gore ga ba na yo ba ka buang le ene, ba ikutlwa e se ba ga ope, gore go thata go dira gore bana ba bangwe ba ba rate le gore ga go na ope yo ba ka yang go kopa thuso kwa go ene fa ba e tlhoka.” *

Batsadi mmogo le batho ba bangwe ba ba godileng ba ba amegileng ka basha ba ka bontsha gore ba kgatlhegela basha mme ba ba thuse go fenya mathata a bone. Jang? Morulaganyimogolo wa makasine o o buang ka basha o kwadile jaana: “Tsela e le nosi fela ya go itse mathata a basha ba nang le one ke go ba botsa.” Ga go pelaelo gore go tla go tsaya nako e telele e bile go tla tlhoka gore o nne pelotelele gore o thuse basha go go bulela mafatlha a bone. Mme matsapa a gago ga e kitla e nna a lefela.—Diane 20:5.

Batsadi ba Tshwanetse go Nna Tekatekano fa ba Tlhoma Melao

Mo godimo ga go nna le puisano, basha ba tlhoka thata go beelwa melao e e bontshang gore ba a akanyediwa. Baebele ya re: “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Bomankge ba dumela gore selo se segolo se se dirang gore basha ba tlhoke tsebe ke go se beelwe melao e e tlhamaletseng. Shaw yo o nopotsweng pelenyana a re: “Fa ngwana a tlogelelwa fela gore a dire se a se ratang e bile a se nke a utlwa lefoko ‘nnyaa’ kgotsa a sa beelwa melao, ga a kitla a nna le tshono ya go ithuta gore batho ba bangwe le bone ba na le tsela e ba tshelang ka yone, ba na le maikutlo, ba na le dilo tse ba di tlhokang le tse ba ikaeletseng go di dira. Fa ngwana a sa rutiwe sentle gore o tshwanetse go bontsha batho ba bangwe kutlwelobotlhoko, a ka se ka a kgona go ba bontsha lorato.”

Dr. Stanton Samenow, yo o sa bolong go ithuta ka bana ba ba tsenang mo mathateng ka dingwaga di le dintsi, le ene o na le kgopolo e e tshwanang. O kwala jaana: “Batsadi bangwe ba dumela gore bana ba tshwanetse go lesiwa gore ba tshele ka tsela e ba e batlang. Ka go se akanye, ba dumela gore go naya ngwana tiro kgotsa go mo itsise se se batlegang go tla mo rwesa mokgweleo o mogolo thata go bo go dira gore a se ka a itumelela nako ya gagwe ya bongwana. Mme fa batsadi ba sa beele bana ba bone melao go ka nna le matswela a a utlwisang botlhoko. Batsadi bano ga ba lemoge gore mosimane kgotsa mosetsana yo o sa thapisiweng sentle a ka nna a se ka a itse tsela e a tshwanetseng go itshwara ka yone.”

A mme jaanong go raya gore batsadi ba gagamaletse bana ba bone letsogo? Ga go a nna jalo le eseng. Go beela bana melao ke nngwe fela ya ditsela tse di mosola tsa go ba godisa. Go beela bana melao e e gagametseng ka tsela e e feteletseng go ka dira gore go se ka ga nna monate mo lelapeng. Baebele ya re: “Lona borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21; Baefeso 6:4.

Ka gone, nako le nako batsadi ba tshwanetse ba sekaseka sesha mokgwa o ba rutang ka one le o ba otlhayang ka one, segolobogolo fa bana ba bone ba gola mme ba simolola go bontsha gore jaanong ba akanya jaaka batho ba ba godileng. Gongwe melao mengwe e ka nna ya repisiwa go se kae kgotsa ya fetolwa gore e tsamaelane le bokgoni jwa mosha jwa go itirela ditshwetso tse di botlhale.—Bafilipi 4:5.

Lo se Ka Lwa Katogana Thata

Jaaka fa go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, Baebele e ile ya bolelela pele gore lefatshe le ne le tla lebana le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” pele ga Modimo a tsaya kgato ya go fedisa bosula mo go lone. Go na le bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo go yone nako eo—‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo e e bosula. Fela jaaka batsadi, basha le bone ba tshwanetse ba kgaratlhela go tshela mo lefatsheng leno le le nang le batho ba e leng “baithati, . . . ba ba senang lorato lwa tlholego, . . . ba ba senang boikgapo.”—2 Timotheo 3:1-5. *

Batsadi ba ba akanyang gore ga ba tlhole ba na le kamano le bana ba bone ba ka tsaya kgato ya go baakanya bothata jono, ba dira jalo ka go tlotla le bone kgato ka kgato. Go a itumedisa go lemoga gore batsadi ba le bantsi ba leka ka natla go tlhotlheletsa bana ba bone ka tsela e e molemo le go bontsha gore ba gone go thusa bana ba bone mo botshelong.

Baebele e ka thusa thata mo ntlheng eno. E thusitse batsadi ba le bantsi gore ba diragatse maikarabelo a bone e bile e thusitse le basha go tila dilo tse di ka ba utlwisang botlhoko. (Duteronome 6:6-9; Pesalema 119:9) E re ka Baebele e tswa kwa Mmoping, e bong Jehofa Modimo, re ka e tshepa gore e tla naya basha ba gompieno thuso e e molemolemo. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Yone buka eno e bolela gore basha ba ba jewang ke bodutu ka lobaka lo loleele ba farologana le ba ba jewang ke bodutu ka sewelo fela, ka gonne bone ba rata go itulela ba le bosi e bile e le ka lobaka lo loleele. Ba “dumela gore go se nne le ditsala ke selo se se nnetseng ruri, se motho a ka se se laoleng le gore ke ka gonne go na le sengwe se se phoso ka bone” le gore “boemo jono bo ka se fetoge kgotsa bo tla nna bo ntse bo le gone.”

^ ser. 16 Bona kgaolo 11 mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 18 Basupi ba ga Jehofa ba thusitswe thata ke buka e e theilweng mo Baebeleng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Nngwe le nngwe ya dikgaolo tsa yone e tlotla ka dipotso tse di dirang gore motho a akanye. Dingwe tsa ditlhogo tseno tsa re: “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota?” “Ke Ka Kgona Jang Kgatelelo ya Balekane?” “Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?” “A Ke Godile Mo Ke Siametseng Lefereo?” “Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Gana Diokobatsi?” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bua le motho yo o godileng yo o amegang ka wena ka mathata a gago