Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Dira Tiro ya Diatla?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Dira Tiro ya Diatla?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Dira Tiro ya Diatla?

“Ga ke ise nke ke tsamaye ke ipone ke dira tiro ya diatla. Ke itumelela thata go dirisa khomputara.”—Nathan.

“Bana ba bangwe ba na le go re lebela kwa tlase rona ba re dirang tiro ya diatla, jaaka e kete re dirwa ke gore re ne re sa kgone go dira tiro e nngwe e sele.”—Sarah.

BATHO ba le bantsi ba leba tiro ya diatla e le tiro e e lapisang, e e tlatsang motho leswe e bile e sa ratege. Porofesa mongwe wa tsa ikonomi o bolela jaana ka ditiro tse e seng tsa mo ofising: “Mo lefatsheng leno la batho ba ba ratang maemo, ditiro tse di ntseng jalo di tseelwa kwa tlase.” Ga go gakgamatse go bo basha ba le bantsi ba sa rate kgopolo ya go dira tiro ya diatla.

Le fa go ntse jalo, Baebele yone e kgothaletsa boikutlo jo bo farologaneng gotlhelele malebana le go dira tiro ya diatla. Kgosi Solomone o ne a re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Moreri 2:24) Mo metlheng ya Baebele, Baiseraele e ne e le batho ba ba dirang tiro ya temothuo. Go ne go tlhokega gore motho a dire ka natla tota go lema, go roba le go photha. Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a re go dira ka natla go lere masego a mantsi.

Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, moaposetoloi Paulo o ne a re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo.” (Baefeso 4:28) Paulo le ene o ne a dira tiro ya diatla. Le fa e ne e le monna yo o rutegileng, ka dinako tse dingwe o ne a itshedisa ka go dira ditente.—Ditiro 18:1-3.

O ikutlwa jang ka go dira tiro ya diatla? Le fa o ka tswa o lemoga seno kgotsa nnyaa, tiro ya diatla e ka go solegela molemo ka ditsela tse dintsi.

Go go Thapisetsa Gore o Kgone go Itshedisa

Go dira ka natla mo tirong ya diatla—e ka tswa e le fa o dirisa hamore kgotsa o sega bojang—go ka go thusa gore o nne o itekanetse mo mmeleng. Ga go felele fela ka gore o nne o itekanetse e bile o lebega sentle. A o kgona go baakanya thaere e e tlhabilweng kgotsa go ntsha oli ya bogologolo mo koloing o tshele e ntšha? A o kgona go baakanya fensetere e e thubegileng kgotsa go baakanya phaephe ya metsi e e kabetseng? A o kgona go apaya? A o kgona go phepafatsa ntlwana ya boithomelo? Dilo tseno ke tse basha ba tshwanetseng go di itse, tse di ka ba thusang gore ba kgone go itshedisa fa ba setse ba ikemetse letsatsi lengwe.

Se se kgatlhang ke gore, go bonala Jesu Keresete ka boene a ne a kgona go dira tiro nngwe ya diatla fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a ithutile tiro ya go betla ka logong—e go se nang pelaelo gore o e rutilwe ke rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa—ka gonne kgabagare o ne a bidiwa mmetli. (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) Le wena o ka ithuta ditiro tse o ka di dirang ka diatla.

Go go Thusa go Nna le Dinonofo Tse di Molemo

Go dira tiro ya diatla go ka ama gape le tsela e o itebang ka yone. Fa Dr. Fred Provenzano a ne a kwala mo boemong jwa National Mental Health and Education Center ya kwa United States o ne a re go ithuta ditiro tsa diatla go ka dira gore “o ikutlwe gore o kgona go ikemela le gore o itshepe” mme “gape go ka go thusa gore o nne motho yo o kgonang go ithiba le yo o dirang dilo ka thulaganyo, e leng dilo tse di batlegang thata gore motho a bone tiro.” Mosha mongwe yo o bidiwang John a re: “Tiro ya diatla e go thusa gore o ithute go nna pelotelele. O ithuta go bona tsela e o tshwanetseng go rarabolola bothata jo o lebaneng le jone ka yone.”

Sarah, yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa jaana: “Go dira tiro ya diatla go nthutile go nna motho yo o dirang ka natla. Ke ithutile go kgona go laola mogopolo wa me le mmele wa me.” A go dira tiro ya diatla e tshwanetse go nna selo se o se dirang ka go ikgolola fela? Nathan a re: “Ke ithutile go rata go bereka ka diatla. Fa tsela e ke dirang tiro ya me ka yone e ntse e tokafala, ke kgona go bona se ke se dirang le sone se nna botoka go feta pele. Seno se nthusa go kgona go itshepa.”

Gape go dira tiro ya diatla go go thusa go itumelela se o kgonang go se fitlhelela. Mosha mongwe yo o bidiwang James o tlhalosa jaana: “Ke rata tiro ya go betla ka logong. Le fa gone go lapisa ka dinako tse dingwe, e tle e re fa ke leba se ke se betlileng ke sale ke se itumelela. Go a kgotsofatsa ruri.” Brian le ene o dumalana le seo. “Ke rata go bereka ka dikoloi. Go itse gore ke kgona go baakanya sengwe se se robegileng le go se bona gape se siame go dira gore ke ikutlwe ke itshepa e bile ke kgotsofetse.”

Tirelo e e Boitshepo

Fa basha ba Bakeresete ba kgona go dira tiro ya diatla go tla ba thusa mo tirelong ya bone go Modimo. Fa Kgosi Solomone a ne a fiwa tiro ya go agela Jehofa tempele e kgolo, o ne a lemoga gore seno e tlile go nna namane e tona ya tiro, e e neng e tlile go tlhoka batho ba ba nang le kitso ya ditiro dingwe. Baebele ya re: “Kgosi Solomone a roma gore Hirame a ye go tsewa kwa Ture. E ne e le morwa mosadi mongwe wa motlholagadi wa lotso lwa Nafetali, mme rraagwe e ne e le monna wa Moture, yo o dirang ka kgotlho; mme o ne a tletse botlhale le tlhaloganyo le kitso ya go dira tiro ya mofuta mongwe le mongwe ka kgotlho. Ka jalo a tla kwa go Kgosi Solomone mme a simolola go dira tiro ya gagwe yotlhe.”—1 Dikgosi 7:13, 14.

A bo Hirame a ne a nna le tshiamelo e kgolo jang ya go dirisa kitso ya gagwe go thusa go tsweletsa kobamelo ya ga Jehofa pele! Maitemogelo a Hirame a neng a na le one a gatelela kafa mafoko ano a Baebele a a mo go Diane 22:29 a leng boammaaruri ka gone: “A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi; ga a na go ema fa pele ga batho fela.”

Gompieno, tota le basha ba ba se nang kitso e kalo ya go aga ba ile ba nna le tshiamelo ya go thusa mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi. Ka go bo ba ile ba nna le seabe mo ditirong tseno, bangwe ba bone ba ile ba ithuta ditiro tse di tla ba solegelang molemo tse di jaaka go tsenya motlakase, go tsenya le go tlhokomela diphaephe tsa metsi, go aga ka matlapa le go betla ka logong. Gongwe o ka bua le bagolwane ba phuthego ya lefelo la lona gore a le wena o ka kgona go nna le seabe mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi.

James, yo o ileng a bereka mo Diholong di le mmalwa tsa Bogosi a re: “Ba le bantsi mo phuthegong ba ka tswa ba se na nako kgotsa kitso e ba ka e dirisang go thusa. Ka jalo, fa o thusa mo tirong eno, o thusa phuthego yotlhe.” Nathan, yo o ileng a ithuta go tlhakanya le go tshela konkereite, o ne a fitlhela gore seno se mo thusitse go direla Modimo ka ditsela tse dingwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka kgona go ya kwa Zimbabwe mme ka dirisa kitso ya me go thusa go aga ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ile ka bereka koo ka dikgwedi di le tharo, mme e nnile nngwe ya maitemogelo a a itumedisang thata mo botshelong jwa me.” Go rata go dira tiro ya diatla go tlhotlheleditse basha ba bangwe gore ba ithaopele go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa.

Go nna setswerere mo go direng tiro ya diatla go ka go thusa gape gore o nne le selekanyo se se rileng sa “thetebalo.” (1 Timotheo 6:6) Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ke babulatsela, kgotsa baboledi ba nako e e tletseng. Go ithuta tiro nngwe go ile ga thusa bangwe gore ba kgone go itshedisa mme ba sa dirise nako le madi a mantsi ba tsena sekolo.

Kafa o ka Ithutang ka Teng go Dira Tiro ya Diatla

Ga go pelaelo gore le fa o ka tswa o dira tiro ya diatla gore o itshedise kgotsa e le fela gore o batla go kgona go thusa ka ditiro tsa mo gae, go na le melemo e o ka e bonang fa o ithuta go dira tiro ya diatla. Go ka direga gore mo sekolong se o se tsenang go na le dikhoso tsa ditiro dingwe tsa diatla. Gongwe o ka kgona go bona thapiso o ntse o le kwa gae. Jang? Ka go ithuta go dira ditiro tsa mo gae. Dr. Provenzano yo o umakilweng pelenyana o kwala jaana: “Go botlhokwa thata gore basha ba ithute ditiro tsa mo gae ka gonne di ba ruta ‘go kgona go itirela dilo mo gae’ e leng dilo tse di tla thusang basha bano go kgona go itirela dilo ka bobone mo isagweng fa ba sa tlhole ba na le batsadi ba bone.” Ka jalo, ela tlhoko gore go tlhokega eng mo gae. A bojang bo tlhoka go segwa kgotsa a go na le raka e e tlhokang go baakanngwa?

Go na le gore tiro ya diatla e nne e e lebelwang kwa tlase, e ka go solegela molemo ka ditsela di le dintsi. O se ka wa tila tiro ya diatla! Go na le moo, leka gore o “bone molemo” mo tirong ya gago ya bonatla ka gonne Moreri 3:13 ya re ke “mpho ya Modimo.”

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Go ithuta tiro nngwe ya diatla go ile ga thusa basha ba le bantsi go oketsa tirelo ya bone go Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Gantsi batsadi ba ka go ruta gore o nne le bokgoni jo bo rileng