Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Basha ba Gompieno ba Lebanang le One

Mathata a Basha ba Gompieno ba Lebanang le One

Mathata a Basha ba Gompieno ba Lebanang le One

NAKO ya bosha—tota le fa o ka tswa o tshela botshelo jo bo monate jang—ke nako e e tletseng ka mathata. Ka nako ya bokau kgotsa bokgarebe basha ba tlhaselwa ke maikutlo a ba iseng ba nne le one pele. Letsatsi le letsatsi barutabana ba bone le dithaka tsa bone ba ba gatelela go dira dilo tse ba sa batleng go di dira kgotsa tse ba sa kgoneng go di dira. Ka metlha ba a bo ba tlhotlhelediwa ke se ba se bonang mo thelebisheneng, mo dibaesekopong, mo mminong le mo Internet. Ke ka moo pego ya lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng e tlhalosang nako ya bosha e re ke “nako ya diphetogo e gantsi e ba gatelelang mo maikutlong le go ba tlhobaetsa.”

Ka maswabi, gantsi basha ga ba na maitemogelo a a lekaneng go ba thusa go lebana le ditlhobaelo ka katlego. (Diane 1:4) Fa ba sa kaelwe sentle, ba ka nna ba itshwara ka ditsela tse di tla feleletsang di ba utlwisitse botlhoko. Ka sekai, pego ya lekgotla leno la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya re: “Dipatlisiso di bontsha gore gantsi go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang go simolola ka nako ya fa basha ba sa le bannye kgotsa ba tsena mo dingwageng tsa go nna bagolo.” Go ntse fela jalo le ka ditsela tse dingwe tse di sa siamang tse ba itshwarang ka tsone tse di jaaka thubakanyo le go tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi.

Batsadi ba ba tsayang gore dilo tseno di direga fela mo bathong “ba ba humanegileng” kgotsa ba lotso lo lo rileng, gantsi ba a bo ba le phoso. Mathata a basha ba lebanang le one gompieno ga a ye ka gore o eme jang mo go tsa itsholelo, o lejwa jang mo setšhabeng kgotsa gore o wa morafe ofe. Mokwadi mongwe e bong Scott Walter o kwala jaana: “Fa e le gore o akanya gore ‘ngwana wa seganana’ ke mosimanyana yole wa dingwaga di le 17 yo o nnang kwa toropong, yo mmaagwe a amogelang madi a puso ka gonne a humanegile, ruri o saletse kwa morago. Bana ba gompieno ba ba tlhokang tsebe e ka nna ya nna wa lekgoa, a ka nna a bo a nna mo legaeng la manobonobo, a ka tswa a le kafa tlase (kwa tlase thata) ga dingwaga di le 16 e bile e ka nna ya bo e le mosetsana.”

Mme gone, ke ka ntlha yang fa basha ba le bantsi ba le mo kotsing ya go dira dilo tse di sa siamang jaana? A basha ba bogologolo bone ba ne ba sa lebane le mathata le diteko tse di tshwanang le tsa gompieno? Ba ne ba lebana le tsone, mme pharologanyo ke gore gone jaanong re tshela mo nakong e Baebele e e tlhalosang e re ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Go na le mathata le dikgatelelo tse di amang basha tse di iseng di ko di nne gone mo nakong e e fetileng. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.

Lelapa ga le Tlhole le Tshwana le Pele

Ka sekai, akanya ka tsela e botshelo jwa lelapa bo fetogileng ka yone. Lokwalopaka lwa Journal of Instructional Psychology lo bega jaana: “Bana ba feta nngwetharong ba Maamerika ba bona batsadi ba bone ba tlhalana ba sa ntse ba le kafa tlase ga dingwaga di le 18.” Dipalopalo tse di tshwanang le tseno di fitlhelwa le mo dinageng tse dingwe tsa kwa Bophirima. Gantsi basha ba utlwisiwa botlhoko thata mo maikutlong ke fa ba bona batsadi ba bone ba tlhalana. Lokwalopaka lono lwa re: “Ka kakaretso fela, bana ba batsadi ba bone ba neng ba tlhalana bosheng jaana ba palelwa thata ke go ithuta le go dirisana sentle le batho ba bangwe kwa sekolong fa o ba bapisa le bana ba batsadi ba bone ba sa ntseng ba nna mmogo kgotsa ba ba setseng ba na le lobakanyana ba nna mo lelapeng la motsadi a le mongwe kgotsa lelapa la motsadi yo e seng wa bone wa tlholego . . . Mo godimo ga moo, gantsi go tlhalana ga batsadi go dira gore ngwana a fetofetoge maikutlo le go itsaya e se motho wa sepe.”

Palo e e ntseng e oketsega ya basadi ba ba berekang le yone e fetotse dilo mo lelapeng. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Japane malebana le bokebekwa jo bo dirwang ke basha e ile ya bontsha gore go thata gore bana ba tlhokomelwe sentle mo malapeng a batsadi ba berekang ka bobedi mo go one go na le a go berekang motsadi a le mongwe fela mo go one.

Gone ke boammaaruri gore mo malapeng a le mantsi batsadi ba tshwanelwa ke go bereka boobabedi gore ba kgone go tlamela lelapa ka dilo tse le di tlhokang. Gape fa batsadi ba bereka ka bobedi seno se ka dira gore bana ba kgone go tshela botshelo jo bo botokanyana. Le fa go ntse jalo, go bereka ga batsadi ka bobedi le gone go na le mathata a gone: Bana ba le dimilionemilione ba fitlhela go se na ope kwa gae fa ba tswa sekolong. Fa batsadi ba goroga go tswa kwa tirong, gantsi ba a bo ba lapile e bile ba akantse fela ka mathata a kwa tirong. Matswela e nna eng? Basha ba le bantsi ga ba godisiwe sentle ke batsadi ba bone. Mosha mongwe o ne a bua jaana a hutsafetse: “Kwa gae ga re ke re nna le nako ya go nna mmogo.”

Batho ba le bantsi ba ba etseng maemo tlhoko ba dumela gore seno ga se a siamela bana. Dr. Robert Shaw a re: “Ke dumela gore ditsela tse batsadi ba godisang bana ka tsone tse ba simolotseng go di dirisa mo dingwageng di feta masome a mararo tse di fetileng di dirile gore bana ba se ka ba nna le kamano le bamalapa a bone, ba se nne le puisano, ba palelwe ke go ithuta le gore ba se ka ba laolega. Batsadi ba wetse mo bothateng jwa go rata dikhumo le go batla go fitlhelela dilo di le dintsi, e leng se se rotloediwang gompieno, mme seno se dira gore ba fetse diura di le dintsi ba le kwa tirong le go dirisa madi a mantsi mo e leng gore ga ba tlhole ba na le nako ya go dira dilo tsa botlhokwa tse di dirang gore ba nne le kamano le bana ba bone.”

Bothata jo bongwe jo bo lebaneng basha ke jono: Bana ba batsadi ba bone ba berekang boobabedi gantsi ba nna nako e ntsi go se na yo o ba tlhokomelang. Fa batsadi ba sa kaele bana ba bone jaaka ba tshwanetse seno se ka dira gore bana ba tsene mo mathateng.

Kotlhao ga e Tlhole e Lejwa ka Tsela e e Neng e Lejwa ka Yone Pele

Dikgopolo tse dintsi tse di malebana le tsela e batsadi ba otlhayang bana ka yone le tsone di ama basha ba gompieno. Jaaka fa Dr. Ron Taffel a ile a bua, a sa fitlhe sepe, batsadi ba le bantsi “ga ba tlhole ba laola bana.” Seno se dira gore bana ba gole ba se na melao e ba e beetsweng kgotsa dilo tse di ba kaelang gore ba itshware jang.

Mo maemong mangwe, go bonala batsadi ba dira seno ka ntlha ya tsela e bone ba godisitsweng ka yone. Ba batla go nna ditsala le bana ba bone—e seng batho ba ba tlholang ba ba otlhaetse ruri. Mmè mongwe o amogela phoso ya gagwe jaana: “Ke ne ke repisitse letsogo thata. Batsadi ba me ba ne ba re gagamaleditse letsogo thata; ke ne ke sa batle go nna jalo mo go ngwanake. Ke teng mo ke sentseng dilo gone!”

Batsadi bangwe ba ya bokgakaleng jo bo kana kang mo ntlheng eno? Lekwalodikgang la USA Today la re: “Patlisiso ya bosheng e e dirilweng mo basheng ba le 600 ba ba thusiwang go tlogela diokobatsi kwa New York, Texas, Florida le California e ile ya bontsha gore diperesente di le 20 tsa bone ba ne ba dirisa diokobatsi ba na le batsadi ba bone, mme diperesente di ka nna 5 tsa basha bano ba ile ba rutiwa diokobatsi—segolobogolo marijuana—ke bommaabone kgotsa borraabone. Ke eng se se ka dirang gore motsadi a dire selo se se ntseng jalo se se se nang tlhaloganyo? Motsadi mongwe o ne a dumela molato wa gagwe ka go re: “Ke ne ka bolelela morwadiake gore a ka mpa a dirisa diokobatsi a le mo gae mo ke kgonang go mmaya leitlho gone.” Go bonala batsadi bangwe bone ba akanya gore go naya bana diokobatsi ke tsela ya go dira gore ba “atamalane” le bone.

Metswedi ya Tshedimosetso e Tlhasetse Bana

Metswedi ya tshedimosetso le yone e tlhotlheletsa bana fela thata. Go ya ka mmatlisisi mongwe e bong Marita Moll, patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore ka kakaretso basha ba kwa United States ba fetsa diura di le nnè le metsotso e le 48 ka letsatsi ba lebeletse thelebishene kgotsa ba dirisa khomputara.

A mme gone go dira jalo go phoso? Setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo makasineng wa Science se bolela gore “mekgatlho e le merataro e megolo ya batho ba ba nang le kitso mo dikarolong tse di rileng tsa thutego kwa United States” go akaretsa le Mokgatlho wa Amerika wa Dingaka, e ile ya dumalana ka bongwefela jwa pelo gore thubakanyo e e bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso ke yone e dirang gore bana e nne bontwadumela. “Le fa gone bomankge bano ba le mogopolo mongwe fela mo ntlheng eno, go bonala batho bone ba sa tseye tsia tlhagiso eno ya gore thubakanyo e e bontshiwang mo metsweding ya dikgang ke yone e dirang gore batho ba rate thubakanyo le go feta.”

Ka sekai, akanya ka dibidio tsa mmino. Gantsi batsadi ba sala ba tshogile fa ba bona tsela e dibidio tseno di tlhagisang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse ka gone. A mme tota gone di ka ama tsela e basha bangwe ba itshwarang ka yone? Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng mo baithuting ba le 500 ba kholetšhe nngwe, “mafoko a mmino a a kgothaletsang thubakanyo a dira gore basha e nne bontwadumela.” Go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng, “basha ba ba lebelelang tlhakanelodikobo le thubakanyo e e bontshiwang mo dibidiong tsa mmino wa ‘digongwana’ wa rap ke bone ba go diregang thata gore ba dire dilo tseno ka tsela ya mmatota.” Yone patlisiso eno e e dirilweng mo basetsaneng ba feta 500 e bontsha gore basha ba ba lebelelang thata dibidio tseno tsa digongwana ke bone ba gantsi ba neng ba itaya barutabana, ba tshwarwa e bile ba tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi.

Basha le Dikhomputara

Mo dingwageng tsa bosheng jaana khomputara le yone e tlhotlheletsa thata tsela e basha ba akanyang ka yone. Lokwalopaka lwa Pediatrics lwa re: “Palo ya dikhomputara tse di fitlhelwang mo magaeng e oketsegile fela thata mo masomeng a bosheng a dingwaga. Kwa [United States], nngwetharong ya malapa a a nang le ngwana yo o tsenang sekolo (wa dingwaga tse 6 go ya go 17) a ne a na le khomputara . . . Diperesente tsa bana ba dingwaga tse 3 go ya go 17 ba kwa United States ba ba nnang mo lelapeng le le nang le khomputara di oketsegile go tloga ka diperesente di le 55 ka 1998 go ya go di le 65 ka 2000.” Khomputara e dirisiwa thata le mo dinageng tse dingwe di le dintsi.

Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore mosha a nne le khomputara ya gagwe ka boene gore a kgone go e dirisa. Mmatlisisi mongwe o bolela gore “mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa basha ba dingwaga di le 5 go ya go 17 ba dirisa khomputara, mme diperesente di le 59 tsa bone di dirisa Internet.” Seno se dira gore basha ba nne le tshedimosetso e ntsi thata—e leng selo se sentle fa e le gore ba dirisa khomputara sentle e bile ba kaelwa ke batsadi ba bone. Mme ka maswabi batsadi ba le bantsi ba ile ba letlelela bana ba bone go dirisa khomputara ka tsela e ba ratang ka yone.

Go bontsha gore seno se a direga, mo lokwalopakeng lwa Phi Delta Kappan, Moll o kwadile gore go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa ka 2001 malebana le go dirisiwa ga Internet, “diperesente di le 71 tsa batsadi ba ne ba akanya gore ba itse ‘go le gontsi kgotsa mo go lekaneng’ malebana le tsela e bana ba bone ba dirisang Internet ka yone. Le fa go ntse jalo, fa bana ba bodiwa yone potso eno, diperesente di le 70 tsa bone ba bolela gore batsadi ba bone ba ne ba sa itse ‘sepe’ ka se ba se lebelelang mo Internet.” Go ya ka patlisiso eno, “diperesente di le 30 tsa bana ba dingwaga di le 9 go ya go 10 ba ne ba bolela gore ba ne ba bula mafelo a Internet a bana ba sa tshwanelang go a bula. Bothata jono bo nna maswe le go feta, e re ka diperesente di le 58 tsa bana ba dingwaga di le 11 go ya go 12, le tse dingwe di le 70 tsa basha ba dingwaga di le 13 go ya go 14 le di le 72 tsa basha ba dingwaga di le 15 go ya go 17 ba bolela gore ba kile ba bula mafelo ano mo Internet. . . . Mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa Boritane malebana le go dirisiwa ga Internet mo gae, motsadi a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le supa o ne a dumela gore ga a itse se bana ba gagwe ba se lebelelang mo Internet.”

Fa basha ba dirisa Internet ba sa bewa leitlho ke batsadi ba bone seno se ka dira gore ba lebelele ditshwantsho tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, seno ga se sone fela bothata. Taffel yo o nopotsweng pelenyana, o bolela jaana a hutsafetse: “Bana ba rona ba itirela ditsala kwa sekolong le ka go romelelana melaetsa ka khomputara—mme seno se dira gore ba fetse nako e ntsi le bana ba bangwe ba gantsi le go ba itse re sa ba itseng.”

Go bonala sentle gore basha ba gompieno ba na le dilo tse di ba gatelelang le mathata a a neng a seyo bogologolo. Ga go rone go bo basha ba le bantsi ba wela mo mathateng a a tshwanang le ano! A go na le sengwe se se ka dirwang go thusa basha gompieno?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ke dumela gore ditsela tse batsadi ba godisang bana ka tsone tse ba simolotseng go di dirisa mo dingwageng di feta sometharo tse di fetileng di dirile gore bana ba se ka ba nna le kamano le bamalapa a bone, ba se nne le puisano, ba palelwe ke go ithuta le gore ba se ka ba laolega.”—DR. ROBERT SHAW

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Go bereka ga basadi ba le bantsi go fetotse dilo mo lelapeng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go bonolo gore basha ba ba sa kaelweng ba tsene mo mathateng

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Babatlisisi ba ile ba bolela gore thubakanyo e e bontshiwang mo dibidiong tsa mmino e tlhotlheletsa mowa wa thubakanyo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o itse se bana ba gago ba se lebelelang mo Internet?