Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Kgweetsa Kafa Letlhakoreng Lefe la Tsela?

O Kgweetsa Kafa Letlhakoreng Lefe la Tsela?

O Kgweetsa Kafa Letlhakoreng Lefe la Tsela?

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Boritane

Ke ne ke ile go tsaya moeng wa me yo o tswang kwa Amerika kwa boemafofaneng mme ra ya kwa koloing ya me. Ke ne ka mo raya ka re: “Dula fa pele.” Fa ke rialo o ne a leka go tsena kafa letlhakoreng la mokgweetsi. A tloga a re: “Oh, ke lebetse. Kana lona lo kgweetsa kafa letlhakoreng le le sa siamang la tsela.”

Gongwe le nna nkabo ke mo reile fela jalo fa e ne e le nna ke etetseng kwa United States. Mme fa re ntse re le mo tseleng re ya gae, ke ne ka swetsa gore ke batlisise gore ke ka ntlha yang fa batho mo dinageng dingwe ba kgweetsa kafa molemeng wa tsela, fa ba le bantsi mo lefatsheng ba kgweetsa kafa mojeng.

Mekgwa ya Bogologolo ya go Kgweetsa

A re sekasekeng hisitori ya dingwaga di ka nna dikete di le pedi, ka nako ya fa Baroma ba ne ba gapile naga e gone jaanong e leng Boritane. Baithutamarope ba ribolotse dilo dingwe tse di ka re thusang go itse sengwe malebana le mekgwa ya go kgweetsa ya nako eo. Ka 1998 ba ne ba ribolola tsela nngwe e e bonalang sentle e e yang kwa matikiring a a gaufi le Swindon, kwa Engelane. Mesele e e epilweng ke maotwana a dikara mo letlhakoreng le lengwe la tsela e ne e le boteng thata go na le a a kafa letlhakoreng le lengwe, jaaka go ka direga fa e le gore dikara di ne di ya kwa matikiring di se na sepe mme di bo di boa di rwele matlapa a mantsi. Mesele e e epilweng ke maotwana a dikara e bontsha gore, mo lefelong leno, Baroma ba ne ba kgweetsa kafa letlhakoreng la molema.

Tota e bile, bangwe ba dumela gore batsamai ba bogologolo ba ba neng ba tsamaya ka dipitse gantsi ba ne ba tsamaya kafa letlhakoreng la molema la tsela. E re ka batho ba bantsi ba dirisa seatla sa moja, bapalami ba dipitse ba ne ba kgona go tshwara ditomo tsa dipitse ka seatla sa molema mme ba bo ba nna ba sa tshwara sepe ka seatla sa moja—gore ba kgone go dumedisa bapalami ba bangwe ba ba fetang kgotsa ba kgone go iphemela ka tšhaka fa go tlhokega.

Go Kgweetsa Kafa Letlhakoreng la Moja

Mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1700, go ne ga nna le phetogo kwa dinageng tse di jaaka United States, fa batho ba ne ba simolola go kgweetsa kafa letlhakoreng la moja e seng kafa go la molema, e ne e le ka nako ya fa bakgweetsi ba dikolotsana ba ne ba simolola go dirisa dikara tse di neng di gogiwa ke dipitse di le mmalwa. Dikara tseno di ne di se na setulo se mokgweetsi a nnang mo go sone, ka jalo bakgweetsi ba ne ba pagama pitse e e kwa morago e e kafa letlhakoreng la molema mme ba bo ba tshwara seme ka seatla sa moja. E re ka mokgweetsi a ne a pagama pitse e e kafa letlhakoreng la molema, gantsi o ne a batla gore dikara tse dingwe di fete kafa molemeng gore a kgone go bona dikara tse di tlhagang kwa pele ga gagwe sentle mme a di sutele. O ne a dira jalo ka go kgweetsa a le kafa letlhakoreng la moja la tsela.

Le fa go ntse jalo, Baesemane bone ba ne ba tswelela ba kgweetsa ba le kafa letlhakoreng la molema. Dikara tsa bone di ne di le dinnye mme mokgweetsi o ne a nna mo kareng, gantsi a nna kafa letlhakoreng la moja mo setulong se se kwa pele. Fa a ntse foo o ne a kgona go tshwara seme sa gagwe se seleele ka seatla sa moja a sa dire gore seme se itshopelele ka merwalo e e kwa morago ga gagwe. Fa mokgweetsi a dutse jalo, a le kafa letlhakoreng la moja la kara, o ne a kgona go tsamaela thata kwa molemeng gore a se ka a tsena mo tseleng ya dikara tse a tsamayang go fapaana le tsone. Dinaga tse di neng di le kafa tlase ga Mmusomogolo wa Boritane le tsone di ile tsa amogela molao ono wa go kgweetsa kafa letlhakoreng la molema, kwa ntle ga di se kae fela. Ka sekai, Canada, kgabagare e ile ya fetola letlhakore le e kgweetsang mo go lone gore go nne motlhofo gore e kgweetse kwa United States.

Dipolotiki tsa kwa Fora di ile tsa ama thata mekgwa ya go kgweetsa. Pele ga Menolopuso ya kwa Fora ya 1789, setlhopha sa batho ba maemo a a kwa godimo ba ba busang ba ne ba kgweetsa dikara tsa bone kafa letlhakoreng la molema, ka tsela eo ba ne ba pateletsa batho ba ba tlwaelegileng go kgweetsa kafa letlhakoreng la moja. Morago ga Menolopuso eno, batho bano ba maemo a a kwa godimo ba ne ba leka go iphitlha ka go tsena mo ditlhopheng tsa baagi ba ba tlwaelegileng ba ba neng ba kgweetsa kafa letlhakoreng la moja. Mo e ka nnang ka 1794 puso ya kwa Fora e ne ya tlhoma molao wa gore go kgweediwe kafa letlhakoreng la moja kwa Paris, mme moragonyana molao ono o ne wa anamela kwa dikarolong tse dingwe fa masole a ga Napoléon I a a neng a thopa dinaga tse dingwe a ne a ralala karolo e kgolo ya Yuropa. Ga go gakgamatse go bo Napoléon a ne a rata go kgweetsa kafa letlhakoreng la moja. Buka nngwe e tlhalosa gore e re ka a ne a dirisa seatla sa molema, “mephato ya gagwe e ne e tshwanetse go gwantela kafa letlhakoreng la moja gore letsogo la gagwe le a tshwarang tšhaka ka lone le nne kafa letlhakoreng la mmaba wa gagwe.”

Kwa Yuropa, dinaga tse di neng di le kgatlhanong le Napoléon di ne tsa tswelela di kgweetsa kafa letlhakoreng la molema. Naga ya Russia le ya Portugal di ne tsa simolola go kgweeletsa kafa letlhakoreng la moja mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Austria, Czechoslovakia le Hungary tsone di ne tsa simolola go kgweetsa kafa letlhakoreng la moja fa di ne di thopiwa ke Jeremane ya Banasi kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1930. Gompieno go setse dinaga di le nnè fela tse di sa ntseng di kgweetsa kafa letlhakoreng la molema: Boritane, Ireland, Kupero le Maleta. Se se kgatlhang ke gore, le fa gone Japane e ise e ko e nne kafa tlase ga puso ya Boritane, le yone e kgweetsa kafa letlhakoreng la molema.

Mekoro, Difofane, Diterena le Batho ba ba Tsamayang ka Dinao

Go tweng ka mekoro le difofane? Gantsi, dipalangwa tse di tsamayang mo metsing di tsamaela kafa letlhakoreng la moja. Sefofane le sone se fofela kafa letlhakoreng la moja. Go tweng ka diterena? Mo dinageng dingwe didirisiwa tse di kaelang terena ke tsone tse di supang gore terena e e tsamayang mo seporong se se nang le matlhakore a mabedi e tshwanetse go tsamaya kafa le letlhakoreng lefe. Mo diporong tse dikgolo tsa segompieno gantsi diterena di tsamaya gongwe le gongwe fela, mme mo go dirisiwang didirisiwa tsa bogologolo tsa go kaela, terena e tshwanetse ya bo e tsamaya mo seporong se se rileng fa e ya ntlheng e e rileng. Gore terena e tla tsamaya kafa letlhakoreng lefe, gantsi seo se ne se laolwa ke naga e e leng yone ya ntlha go rulaganya le go aga seporo seo.

Go tweng ka batho ba ba tsamayang ka dinao? Gantsi go akantshiwa gore fa go se na tselana ya dinao, go botoka go tsamaya o lebane le dikoloi tse di tlang, go sa kgathalesege gore dikoloi di kafa letlhakoreng lefe. Fa dikoloi di tsamaya kafa letlhakoreng la moja, go akantshiwa gore batho ba ba tsamayang ka dinao ba tsamaye kafa letlhakoreng la molema ba lebane le dikoloi tse di tlang. Kwa Boritane, kwa re kgweetsang kafa letlhakoreng la molema teng, re leka go gakologelwa go tsamaela kafa mojeng. Go tweng ka tsala ele ya rona e e tswang kwa Amerika? Boammaaruri ke gore ene o tla bo a tsamaela kafa molemeng!