Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela e Diphologolo di Fepang le go Tlhokomela Bana ba Tsone ka Yone

Tsela e Diphologolo di Fepang le go Tlhokomela Bana ba Tsone ka Yone

Tsela e Diphologolo di Fepang le go Tlhokomela Bana ba Tsone ka Yone

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Spain

GANTSI batho ba tsaya masome a mabedi a dingwaga go godisa bana ba bone. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, diphologolo tse dintsi di tshwanetse go wetsa thulaganyo ya go fepa le go thapisa bana ba tsone mo dikgweding di se kae fela tsa nako ya selemo. Dikai di le mmalwa di tla bontsha tiro e e thata e diphologolo dingwe di e dirang ngwaga le ngwaga go godisa bana ba tsone.

1. Kokolofute Kokolofute e o e bonang mo setshwantshong seno ga e na nako ya go ikhutsa fa go le selemo. E re ka e na le mamphorwana a e tshwanetseng go a fepa, e tshwanetse go nna e ntse e boela kwa letsheng le le gaufi go ya go batla digwagwa, ditlhapinyana, mekgatitshwane le ditsienyane, re sa bue sepe ka tiro ya go baakanya sentlhaga nako le nako. Dinonyane tseno ka bobedi di nna di boaboa letsatsi lotlhe. Mamphorwana ano a ja thata. Mo dibekeng tsa ntlha di le mmalwa, a kgona go ja dijo tse di lekanang le sephatlho sa boima jwa mebele ya tsone letsatsi le letsatsi! Tota le fa mamphorwana ano a sena go ithuta go fofa, a sa ntse a ikaegile ka batsadi ba one dibeke tse dingwe di le mmalwa gore ba a tlhokomele.

2. Letlotse Mo e ka nnang ka dinako tsotlhe bana ba teng ba tlhokomelwa ke motsadi a le mongwe fela, yo gantsi o fitlheleng e le mmè. Le tshwanetse go batla sengwe se le ka se bolayang mo e ka nnang letsatsi le letsatsi gore le tle le kgone go ikotla sentle fa le sa ntse le amusa bana ba lone—ba gantsi ba leng bararo kgotsa batlhano. Tiro eno ka boyone ga e motlhofo ka gonne gantsi ga le tshware sepe. Mo godimo ga moo, nako le nako le tshwanetse go fudusa bana ba lone go tswa mo mongobong o mongwe go ya kwa go o mongwe ka gonne ditau di a bo di ntse di batla go bolaya bana ba lone. Fa bana bano ba lengau ba tshwara dikgwedi di le supa, mmaabone o simolola go ba thapisa go itsomela dijo, a dira tiro e nngwe gape e e lapisang e e ka nnang ya tsaya ngwaga kgotsa go feta. Gantsi bana ba nna le mmaabone sebaka sa ngwaga go ya go ngwaga le sephatlo.

3. Nonyane e e bidiwang “Little Grebe” Dinonyane tse di bidiwang little grebe ga di ke di kgaogana le mamphorwana a tsone. Fa mamphorwana a sena go thuthuga mo maeng, a tswa mo sentlhageng sa one a bo a palama mo mekwatleng ya mmaaone kgotsa rraaone. A nna monate mo gare ga diphuka tse di mo mokwatleng wa nngwe ya dinonyane tseno. Fa mamphorwana a le foo a a thuthafala e bile a sireletsegile fa mmaaone kgotsa rraaone a ntse a thuma mo metsing. Dinonyane tseno ka bobedi di refosana go tsena mo metsing go batla dijo le go belega mamphorwana a tsone. Le fa mamphorwana a ithuta ka bonako go tsena mo metsing go ipatlela dijo, kamano eno ya mamphorwana le bommaaone kgotsa borraaone ga e fele ka bonako.

4. Thutlwa Dithutlwa ga di ke di nna le ngwana a feta a le mongwe ka nako e le nngwe mme go motlhofo go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang go ntse jalo. Fa thutlwa e sa tswa go tsalwa, jaaka e re e bonang mo setshwantshong seno, e ka nna ya nna boima jwa dikilogerama di le 60 mme e le boleele jwa dimetara di le pedi! Ura fela morago ga gore e tsalwe e ema ka dinao mme go ise go ye kae e anya mashi a mmaayone. Le fa gone e simolola go fula ka bonako fela fa e sena go tsalwa e tswelela e anya ka dikgwedi di le robongwe. Fa go na le maemo a a tshosetsang, namane ya thutlwa e tsena kafa gare ga maoto a mmaayone, ka gonne a kgona go e sireletsa sentle ka go raga dibatana botlhoko fa di leka go e tlhasela.

5. Mmatlhapi Dinonyane tseno tse di tshwarang ditlhapi di tshwanetse go nna le bokgoni jwa go tshwara ditlhapi le go di tlhopha sentle fa di tshwarela mamphorwana a tsone. Baithutadinonyane ba ile ba lemoga gore dinonyane tseno ka bobedi di fepa mamphorwana a a sa tswang go thuthuga ka ditlhapi tse dinnye tse di ka nnang boleele jwa sentimetara e le nngwe kgotsa di le pedi. Nonyane eno e tshwara tlhapi ka molomo e lepeleditse tlhogo ya yone ka kwa ntle ga molomo wa yone. Seno se tlhofofaletsa mamphorwana a yone a a tshwerweng ke tlala dilo, ka gonne go motlhofo gore di kometse dijo tsa tsone fa di simolola ka tlhogo pele. Fa mamphorwana ano a ntse a gola, dinonyane tseno ka bobedi di tlisa ditlhapi tse di tonnanyana go se kae. Mme fa nako e ntse e ile di oketsa selekanyo sa dijo tse di leriwang. Kwa tshimologong, lemphorwana lengwe le lengwe le fepiwa mo e ka nnang metsotso mengwe le mengwe e le 45. Mme fa mamphorwana ano a setse a na le malatsi a le 18, a ja thata, mme a fepiwa tlhapi mo metsotsong mengwe le mengwe e le 15! Lemphorwana le re le bonang mo setshwantshong le setse le dule mo sentlhageng mme go ise go ye kae le tla bo le itshwarela ditlhapi ka bolone. Gongwe o akanya gore mo nakong eno dinonyane tseno di tla bona boikhutso mo tirong ya tsone. E seng bommatlhapi! Gantsi ba simolola modikologo oo wa go tlhokomela mamphorwana a mangwe gape mo go sone setlha seo sa selemo.

Gone ke boammaaruri gore go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse di sa itseweng malebana le kafa diphologolo tse di farologaneng di tlhokomelang bana ba tsone ka teng. Le fa go ntse jalo, fa baithutatlholego ba ntse ba lemoga dilo tse dingwe, re tlhaloganya botoka kafa boikutlo jwa go nna motsadi bo nonofileng ka teng mo diphologolong. Fa e le gore Modimo o ile a naya diphologolo boikutlo jo bo nonofileng jalo jwa go nna batsadi, ga go pelaelo gore o batla gore le batsadi ba batho ba tlamele le go tlhokomela bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng.