Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Siame go Dirisa Ditshwantsho mo Kobamelong?

A go Siame go Dirisa Ditshwantsho mo Kobamelong?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Siame go Dirisa Ditshwantsho mo Kobamelong?

NGWAGA mongwe le mongwe ka August 15, go nna le moletlo o mogolo wa bodumedi kwa setlhaketlhakeng sa Gerika sa Tínos. Go phuthega batho ba le diketekete go tla go obamela Marea mmaagwe Jesu le setshwantsho sa gagwe, se ba dumelang gore se na le maatla a go dira dikgakgamatso. * Buka nngwe ya Greek Orthodox e tlhalosa jaana: “Ka tumelo e e kgethegileng le ka boineelo re tlotla Mmè wa rona yo o Boitshepotshepo yo o belegeng Modimo, Mma Morena wa rona mme re mo kopa gore a re sireletse le go re thusa. Re kopa Baitshepi ba ba dirang dikgakgamatso—banna le basadi ba ba Boitshepo—gore ba re thuse ka dilo tse re di tlhokang . . . Ka boineelo jo bogolo re atla dilwana tsa bone tse di boitshepo le ditshwantsho tse di boitshepo re bo re di obamela.”

Batho ba bangwe ba bantsi ba ba ipitsang gore ke Bakeresete ba mo ditumelong tse di dirisang dilo tseo mo kobamelong. A mme dithuto tsa Baebele di tshegetsa kobamelo ya ditshwantsho?

Bakeresete ba Bogologolo

Akanya ka se se ileng sa direga ka ngwaga wa 50 C.E., fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse kwa Athena, motse o mo go one go neng go obamelwa thata ditshwantsho. Paulo o ne a tlhalosetsa Baathena gore Modimo “ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla, le gone ga a direlwe ke diatla tsa motho jaaka e kete o ne a tlhoka sengwe . . . Jalo, . . . ga re a tshwanela go ithaya re re Yo e Leng Modimo o tshwana le gouta kgotsa selefera kgotsa leje, gore o tshwana le selo se se betlilweng ka botswerere le ka leano la motho.”Ditiro 17:24, 25, 29.

Tota e bile, tlhagiso e e ntseng jalo malebana le go dirisa ditshwantsho e fitlhelwa thata mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika tse gape di bidiwang Tesetamente e Ntšha. Ka sekai, moaposetoloi Johane o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Itiseng mo medingwaneng.” (1 Johane 5:21) Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana: “Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana?” (2 Bakorintha 6:16) Go na le Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba pele ba neng ba dirisa ditshwantsho mo kobamelong. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Thesalonika malebana le seno fa a ne a kwala jaana: “[Lo ne] lwa retologela kwa Modimong ka gone lo tswa mo medingwaneng ya lona gore lo nne batlhanka ba Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri.” (1 Bathesalonika 1:9) Ga go pelaelo gore Bakeresete bao le bone ba ka tswa ba ne ba ikutlwa ka tsela e Johane le Paulo ba neng ba ikutlwa ka yone ka ditshwantsho.

Ba ba Ipitsang Bakeresete ba Simolola go Dirisa Ditshwantsho

Encyclopædia Britannica e bolela gore “mo makgolong a mararo a ntlha a dingwaga Kereke ya Bokeresete e ntse e le gone, . . . ditshwantsho di ne di sa dirisiwe mo Bokereseteng mme e bile kereke e ne e sa di batle gotlhelele. Ka sekai, Clement wa kwa Alexandria o ne a kgala ditshwantsho tsa bodumedi (tsa seheitane) ka gonne di ne di kgothaletsa batho go obamela dilo tse bopilweng go na le gore ba obamele Mmopi.”

Mme go tlile jang gore ditshwantsho di dirisiwe thata jaana mo kobamelong? Britannica e tswelela pele ka go re: “Ditshwantsho di ne tsa simolola go dirisiwa mo e ka nnang fa gare ga lekgolo la boraro la dingwaga tsa bo tsa amogelwa ke Kereke ya Bokeresete mme mo diphuthegong dingwe go ne go na le bangwe ba ba neng ba sa di batle gotlhelele. E ne ya nna fela fa Kereke ya Bokeresete e ne e nna kereke ya puso fa go ne go busa Mmusimogolo Constantine mo tshimologong ya lekgolo la bo4 la dingwaga, di neng tsa simolola go dirisiwa thata mo Bokereseteng.”

Baheitane ba le bantsi, ba gone jaanong ba ipitsang Bakeresete, ba ne ba obamela ditshwantsho tsa mmusimogolo. John Taylor o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Icon Painting: “E re ka go ne go obamelwa mmusimogolo, batho ba ne ba obamela ditshwantsho tsa gagwe tse di takilweng mo letseleng kgotsa logong mme go tswa foo go ne ga nna motlhofo fela gore ba simolole go obamela ditshwantsho.” Ka jalo, kobamelo ya boheitane e mo go yone go obamelwang ditshwantsho tsa batho e ne ya tseelwa sebaka ke go obamela ditshwantsho tsa ga Jesu, Marea, baengele le “baitshepi.” Batho ba le dimilione ba ne ba simolola go obamela ditshwantsho mo matlong a bone, tse pele di neng di obamelwa fela kwa dikerekeng.

Go Obamela “ka Moya le ka Boammaaruri”

Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe a re batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go obamela “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ka jalo fa motho yo o peloephepa a batla go itse boammaaruri malebana le go dirisa ditshwantsho mo kobamelong, o tshwanetse go batlisisa mo Lefokong la Modimo.

Ka sekai, Baebele e na le mafoko ano a ga Jesu: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Paulo o ne a bolela gore “go na le Modimo a le mongwe, le motsereganyi a le mongwe gare ga Modimo le batho, monna e bong Keresete Jesu,” le gore ‘Keresete o a re rapelela.’ (1 Timotheo 2:5; Baroma 8:34) Seno se nna le bokao jo bongwe gape fa re bala gore Keresete o kgona “go boloka ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela gore a tle a ba rapelele.” (Bahebera 7:25) Re tshwanetse go rapela Modimo mo leineng la ga Jesu Keresete. Ga go na motho ope yo mongwe mme e bile ga go na setshwantsho sepe se se tla kgonang go mo emela. Mme gape kitso e e ntseng jalo e e tswang mo Lefokong la Modimo e ka kgona go thusa ope fela yo o batlang boammaaruri gore a bone tsela ya go obamela “Rara ka moya le ka boammaaruri” mme a solegelwe molemo ke masego a tsela eno e e molemolemo ya kobamelo. Ee, jaaka Jesu a ile a bolela, “Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.”—Johane 4:23.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Gantsi setshwantsho se se dirisiwang mo bodumeding se emela selo se se tlotlwang ke batho ba bodumedi jo bo rileng. Ka sekai, mo Kerekeng ya Eastern Orthodox, ditshwantsho dingwe di emela Keresete; tse dingwe di emela Tharonngwe, “baitshepi,” baengele kgotsa ka dinako tse dingwe jaaka go umakilwe fa godimo, di emela Marea mmaagwe Jesu. Batho ba le bantsi ba na le maikutlo a a tshwanang a go tlotla ditshwantsho tse di takilweng le tse di betlilweng tse ba di dirisang mo kobamelong. Ditumelo dingwe tse e seng tsa Bokeresete le tsone di na le maikutlo a a tshwanang ka ditshwantsho tsa medimo ya bone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Boris Subacic/AFP/Getty Images