Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A ke Tshwanetse go Leka go Intsha le Mongwe ke Dirisa Internet?”

“A ke Tshwanetse go Leka go Intsha le Mongwe ke Dirisa Internet?”

Basha ba Botsa Jaana . . .

“A ke Tshwanetse go Leka go Intsha le Mongwe ke Dirisa Internet?”

“Re ne re romelelana melaetsa ya E-mail letsatsi le letsatsi. Re ne ra dira dithulaganyo malebana le gore re tla nna kae le gore re tla bereka kae. E ne e le nna ke tshwanetseng go batla dipalamonwana tsa go beeletsana. Go ne go ise go fete le kgwedi re itsane, mme le go kopana re ne re ise re ko re kopane.”—Monika, Austria. *

TOTA o ka rata go kopana le mongwe yo o ka tlwaelanang le ene, gongwe yo o ka ratang go nyalana le ene. Mme go fitlha jaanong, maiteko a o a dirileng e nnile matsapa a bophiri fela. Ba losika le ditsala ba ba nang le maitlhomo a mantle le bone ba lekile go go batlela mongwe mme ga se ka ga thusa sepe, go na le moo o ile wa sala o tlhabilwe ke ditlhong e bile o kgobegile marapo le go feta. Mme jaanong o ipotsa gore a e seng gore o iteke ka tsa botegeniki.

Mo motlheng ono wa rona, o go dirisiwang dikhomputara thata mo go one, go ka nna ga lebega e kete go batla molekane ke kgang ya go tobetsa dikonopo di se kae fela tsa khomputara. Bangwe ba re se o tshwanetseng go se dira fela ke go bula khomputara, o bule Internet, o bo o bula mo karolong e e diretsweng batho ba ba sa nyalang. The New York Times e bega gore mo kgweding e le nngwe fela kwa United States, batho ba le dimilione di le 45 ba dirisa Internet go batla motho yo ba ka intshang le ene. Karolo nngwe ya Internet e mo go yone motho a tlhophelwang molekane e bolela gore e ile ya nna le batho ba ba fetang dimilione di le robongwe ba ba ileng ba ikwadisa mo go yone go tswa mo dinageng di le 240.

Lebaka La go Bo go Intsha o Dirisa Internet go Ngoka Batho ba le Bantsi

A o motho yo o ditlhong mme e bile go thata gore o kopane le batho? A o tshaba go ganwa? Kgotsa a ke fela gore o akanya gore ga go na motho yo o ka nyalanang nae mo tikologong e o nnang mo go yone? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa fitlhela go le molemo go dirisa khomputara go batla motho yo o ka intshang le ene. Sengwe sa dilo tse di gogelang ka go batla molekane o dirisa Internet ke gore o solofediwa gore o ka kgona go laola tsela e o “intshang le batho ka yone.” O ka kgona gape go dirisa khomputara go bona dingwaga tsa batho ba o ka tlhophang molekane mo go bone, dinaga tse ba nnang mo go tsone, gore ke batho ba botho jwa mofuta ofe, wa bona ditshwantsho tsa bone le maina a e seng a bone a mmatota a a go thusang fela go bula aterese ya bone ya Internet. Fa o setse o na le batho bano botlhe ba o ka tlhophang mo go bone o ka nna wa bona e kete go botoka go ratana le motho o dirisa khomputara e bile ga go na matsapa mo go kalo fa o go bapisa le fa o sa dirise khomputara.

Boammaaruri jwa kgang eno ke eng? A tota go intsha le mongwe ka go dirisa Internet go ka felela ka boitumelo jo bo nnelang ruri? Akanya ka seno: Mo dingwageng di le thataro, karolo ya Internet e motho a batlelwang molekane mo go yone e bolela gore e na le batho ba ba ikwadisitseng ba le dimilione di le 11. Le fa go ntse jalo, go ile ga nna le ba le 1 475 fela mo go bone ba ba ileng ba nyalana. Tirelo e nngwe e e thusang batho go batla balekane e e nang le maloko a a fetang milione e ne ya supa gore ke manyalo a le 75 fela a ba tlhomamisegang ka one! Bothata bo fa kae?

A Eno ke Tsela e e Molemo ya go Itsane?

Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang se ne sa re, “Mo Internet, go bonala mongwe le mongwe a ratega, a ikanyega e bile a atlegile mo botshelong.” Mme gone tshedimosetso e batho ba e ntshang e boammaaruri go le kana kang? Setlhogo se sengwe sa dikgang se ne sa tlhalosa jaana: “Go bua maaka go sekaenyana go tsewa go itshiametse fela.” Morulaganyi mongwe wa makasine wa basha o ne a dira dipatlisiso malebana le seno. O ne a ikwadisa mo mafelong a le mararo a a itsegeng a Internet a motho a batlelwang molekane mo go one mme go ise go ye kae ke fa ba le mmalwa ba setse ba mo arabile. Seno se ne sa felela ka gore go nne le banna ba le mmalwa ba a neng a intsha le bone. Ditlamorago e nnile e eng? Masetlapelo fela! Banna bano ba ne ba buile maaka fa ba itlhalosa. O tlhagisa jaana: “O ntheetse gore ke a reng, batho bano ba kgona go bua maaka.”

Go bua maaka malebana le gore o moleele go le kana kang le gore o mokima go le kana kang e ka nna ya lebega e le selo se sennye. Mme e bile bangwe ba ka nna ba re ‘ditebego ga di botlhokwa go le kalo.’ Gone ke boammaaruri gore Baebele ka boyone ya re “bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela.” (Diane 31:30) A mme go bua maaka ka dilo tse go lebegang di le dinnye ke tsela e e siameng ya go simolola thatano? (Luke 16:10) O tla tshepa jang dilo tse dingwe tse di masisi tse motho a di buang, tse di jaaka mekgele e a e ipeetseng? Baebele ya re: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri.” (Sekaria 8:16) Ee, go ikanyega go dira gore go nne le motheo o lo tla kgonang go bopa botsala mo go one.

Mme gone, gantsi go intsha le motho o dirisa Internet, go dira gore motho a lore ka dilo tse di ka se kang tsa direga. Pego nngwe mo makasineng wa Newsweek e bolela jaana: “Batho ba ba dirisang Internet ba ka kgona go kwala melaetsa ya bone ka kelotlhoko mme ba ipua bontle thata. . . . Seno se felela ka gore le wena o arabele ka tsela e tshwanang: ba bonala ba le maitseo e bile ba go kgatlhegela, ka jalo le wena o nna maitseo le go ba kgatlhegela.” Porofesa mongwe kwa New York’s Rensselaer Polytechnic Institute yo o sekasekang tsa marato a dikhomputara o bolela gore thatano e ka nna ya simololwa ka bonako mo maemong a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, jaaka go setse go bontshitswe, go ka se ka ga lebelelwa gore seno se felele ka lenyalo le le itumetseng. Monna mongwe o ne a kwala jaana malebana le se se mo diragaletseng fa a ne a intsha le mongwe a dirisa Internet: “O a tsietsega. O simolola go akanya fela ka se wena o se batlang.”

Fa lo Setse lo Tla go Kopana

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba akanya gore go se bonane le motho yo o intshang le ene go na le melemo ya gone. Ba ka nna ba akanya gore go intsha le mongwe ka go dirisa Internet go thusa batho ba babedi bano gore ba tlhome megopolo ya bone mo go se tota molekane yono wa isagwe a leng sone ba sa kgorelediwe ke tebego ya gagwe. Gone ke boammaaruri gore Baebele e re kgothaletsa gore re tlhome mogopolo mo dinonofong tse motho a nang le tsone. (1 Petere 3:4) Le fa go ntse jalo, bothata ke gore fa o ratana le motho ka khomputara, ga o kgone go bona tsela e a itshwarang ka yone, tsela e a nyenyang ka yone kgotsa tsela e a ikutlwang ka yone. Ga o kgone go bona gore o tshwara batho ba bangwe jang le gore o itshwara jang fa a le kafa tlase ga kgatelelo. Mme dilo tse di ntseng jalo di botlhokwa gore o tle o kgone go bona gore a ke motho yo o ka kgonang go mo ikanya le go mo rata. Bala tlhaloso ya Baebele e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 13:4, 5 kaga lorato. Ela tlhoko gore lorato lo tlhalosiwa go ya ka tsela e lo itshwarang ka yone, e seng ka mafoko. Ka jalo, o tshwanetse go ipha nako go sekaseka motho le go bona gore a tsela e a itshwarang ka yone e tsamaisana le se a se bolelang.

E re ka yo mongwe a sa itse dilo tse di botlhokwa ka yo mongwe, ba ka nna ba itlhaganelela go bolelelana dilo tse di boteng thata ka maikutlo a bone le dilo tse ba di akanyang. Ka ntlha ya go itlhokomolosa seno, gantsi baratani bangwe ba itlama ka go dira ditsholofetso tse di masisi tsa lorato, le fa gone ba sa itsane. Setlhogo sengwe se se reng “Mo Internet, Eleruri Lorato ga lo Bone” se bua ka batho bangwe ba babedi ba ba neng ba katogane ka dikilometara di le 13 000 mme ba kopantswe ke Internet. Dibeke di le tharo morago ga foo ba ne ba kopana ka namana. Monna wa teng a re, “O ne a itlamokile ka mascara. Nna ga ke rate basadi ba ba itshasang mascara.” Ba ne ba kgaogana ka bonako. Monna yo mongwe yo o neng a reketse mosetsana yo a neng a ratana le ene dithekete tsa sefofane gore ba kgone go kopana lekgetlho la ntlha, o ne a swaba nko go feta molomo mo e leng gore o ne a bo a gana go naya mosetsana thekete ya go boela gae!

Mosha mongwe yo o bidiwang Edda o gakologelwa se se mo diragaletseng fa a ne a intsha le mongwe ka go dirisa Internet. A re: “Re ne re ratana tota mo motho a neng a ka tsaya gore o a lora. Re ne re rulaganya go nyalana.” E ne ya re fa re bonana lekgetlho la ntlha, ra kgaogana. “E ne e se motho yo ke neng ke mo lebeletse e bile o ne a nnela go tshwaya diphoso e bile a ngongoregetse ruri. Thatano ya rona e ne e se kitla e atlega.” Ba ne ba kgaogana morago ga beke fela mme Edda a sala a utlwile botlhoko thata.

Ditoro tsa go intsha le motho ka khomputara, di dira gore motho a nne le maikutlo a a nonofileng a lorato e ise e nne nako. Se se ka dira gore o nne mo kotsing ya gore o utlwe botlhoko fa botsala joo bo ka fela—jaaka go direga gantsi. Diane 28:26 e tlhagisa jaana: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla.” Ee, o ka bona gore ga go botlhale go dira ditshwetso tse dikgolo jalo ka go tseega maikutlo fela. Seane sele se tswelela pele jaana: “Mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.”

Dikotsi Tsa go Itlhaganelela Dilo

Go itlhaganelela go ratana le motho yo o sa mo itseng tota ke boeleele. Mokwadi wa Moesemane e bong Shakespeare o nopolwa a bolela jaana: “Gantsi lenyalo la lepotlapotla ga le atlege.” Kgakololo ya Baebele yone e tlhamaletse tota fa e re: “Mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”—Diane 21:5.

Ka maswabi, ba le bantsi ba ba intshang le batho ba dirisa Internet ba ile ba bona boammaaruri jwa mafoko ao. Morago ga go kwalelana le mongwe ka kgwedi fela, Monika yo o umakilweng kwa godimo, o ne a solofetse gore o rarabolotse mathata a gagwe a go batla molekane. Le fa ba ile ba dira dithulaganyo tsa lenyalo—ba bo ba rulaganya go reka dipalamonwana tsa go beeletsana—thatano ya bone e ne ya khutla ka “mahutsana a magolo.”

O ka kgona go tila kutlobotlhoko ka go tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Le fa go ntse jalo, maswabi le khutsafalo ga se tsone fela dikotsi tse o ka lebanang le tsone fa o intsha le motho o dirisa khomputara. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka mathata a mangwe a a ka nnang teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa batho ba itlhalosa mo Internet, gantsi ba feteletsa dilo le go bua maaka malebana le se ba leng sone

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Morago ga go amogela melaetsa e mentsi ya E-mail, gantsi go kopana le motho go kgoba marapo