Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba ba Bidiwang ‘Medimo’”

“Ba ba Bidiwang ‘Medimo’”

“Ba ba Bidiwang ‘Medimo’”

BATHO ba ne ba goa jaana fa moaposetoloi Paulo a ne a fodisa monna mongwe yo o golafetseng kwa Lisetera: “Jaanong medimo e tshwana le batho e bile e fologetse mo go rona!” Ba ne ba bitsa Paulo ba re ke Heremese, mme ba re tsala ya gagwe e bong Barenabase ke Seuse. (Ditiro 14:8-14) Kwa Efeso, monna mongwe yo e neng e le mothudi wa selefera e bong Dimeterio o ne a tlhagisa gore fa Paulo a ne a ka letlwa gore a tswelele a rera, ‘tempele ya modimo o mogolo wa mosadi Aretemise e ne e tla tsewa e se sepe.’—Ditiro 19:24-28.

Batho mo lekgolong la ntlha la dingwaga—fela jaaka ba le bantsi gompieno—ba ne ba obamela “ba ba bidiwang ‘medimo,’ e ka ne e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.” Tota e bile Paulo o ne a re: “Go na le ‘medimo’ e le mentsi le ‘barena’ ba le bantsi.” Le fa go ntse jalo, gape o ne a tlhalosa jaana: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara” e bile “go na le Morena a le mongwe, e bong Jesu Keresete.”—1 Bakorintha 8:5, 6.

A Jesu le Ene O ne A Bidiwa Modimo?

Le mororo Jesu a ise a ko a ipitse Modimo, mo boporofeting jwa ga Isaia o tlhalosiwa e le “Modimo Mothata” le “Kgosana ya Kagiso” ka gonne Jehofa o mo tlhomile go nna mmusi. Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela jaana: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Ka jalo, Jesu yo e leng “Kgosana”—morwa Kgosi e Kgolo e bong Jehofa—o tla nna Mmusi mo pusong ya kwa legodimong ya “Modimo Mothatayotlhe.”—Ekesodo 6:3.

Le fa go ntse jalo, motho a ka ipotsa gore, ‘Jesu ke “Modimo Mothata” ka tsela efe, le gone a moaposetoloi Johane ga a ka a re Jesu ke Modimo ka boene?’ Mo thanolong ya Baebele e e Boitshepo, Johane 1:1 e balega jaana: “E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.” Bangwe ba re seno se raya gore “Lefoko,” yo o neng a tsholwa mo lefatsheng e le lesea Jesu, ke Modimo Mothatayotlhe ka boene. A seno se boammaaruri?

Fa e le gore temana eno e ne e ka tlhalosiwa gore e kaye gore Jesu ka boene e ne e le Modimo Mothatayotlhe, e ne e tla ganetsana le mafoko a yone a a reng “Lefoko a bo a ntse a na le Modimo.” Fa motho “a na le” motho yo mongwe a ka se ka a nna ene motho yoo. Ka jalo dithanolo di le dintsi tsa Baebele di farologanya batho bano, di dira gore go bonale sentle gore Lefoko e ne e se Modimo Mothatayotlhe. Tse dingwe fa di dirisa lefoko Modimo mo temaneng eno ga di mo kwale ka tlhaka e kgolo. Ka sekai, dithanolo dingwe tsa Baebele di bolela jaana: “Lefoko o ne a na le bomodimo,” “modimo e ne e le Lefoko.” *

Ditemana tse dingwe mo Baebeleng tse ka puo ya Segerika di kwadilweng ka tsela e Johane 1:1 e kwadilweng ka yone ga di kwale lefoko “modimo” ka tlhaka e kgolo. Ka sekai, boidiidi bo ne jwa goa jaana fa bo ne bo bua ka ga Herode Ageripa I: ‘Ke modimo yo o buang.’ Fa Paulo a ne a longwa ke noga e e botlhole mme a bo a sa swe, batho ba ne ba re: ‘Ke modimo.’ (Ditiro 12:22; 28:3-6) Go dirisa “modimo” e seng Modimo fa re bua ka Lefoko, go dumalana le thutapuo ya Segerika le se Baebele e se rutang.—Johane 1:1.

Ela tlhoko kafa Johane a ileng a tlhalosa “Lefoko” ka gone mo kgaolong ya ntlha ya Efangele ya gagwe. O ne a kwala jaana: “Lefoko o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona, re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang [e seng le ya Modimo mme] le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre.” Ka jalo, “Lefoko,” yo o neng a nna motho wa nama, o ne a tshela mo lefatsheng a bidiwa Jesu mme o ne a bonwa ke batho. Ka gone, go ne go ka se ka ga direga gore e nne Modimo Mothatayotlhe, yo Johane a neng a bua jaana ka ene: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.”—Johane 1:14, 18.

Motho a ka ipotsa gore, ‘Jaanong ke eng fa Thomase a ile a re, “Morena wa me le Modimo wa me!” fa a ne a bona Jesu yo o neng a tsositswe?’ Jaaka go setse go bontshitswe, Jesu ke modimo ka kgopolo ya gore o na le bomodimo, mme gone ga se Rara. Jesu o ne a sa tswa go raya Marea Magadalena a re: “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona.” Gape se lebale lebaka la go bo Johane a ne a kwala Efangele ya gagwe. Mo ditemaneng di le tharo tse di tlang morago ga pego e e kaga Thomase, Johane o ne a tlhalosa gore o ne a e kwala gore batho ba “dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo”—ga se Modimo ka boene.—Johane 20:17, 28, 31.

“Modimo wa Lefatshe Leno” ke Mang?

Go bonala sentle gore go na le medimo e le mentsi. Mme jaaka re bone, mengwe ya medimo eno e umakiwa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba bona maatla a ga Jehofa bogologolo ba ne ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!” (1 Dikgosi 18:39) Mme gone, go na le modimo yo mongwe yo le ene a nang le maatla. Baebele ya re: “Ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang.”—2 Bakorintha 4:4, Baebele e e Boitshepo.

Mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa, o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe makgetlho a le mararo ka modimo yono, a mmitsa “mmusi wa lefatshe leno.” Jesu o ne a re mmusi yono kgotsa modimo yono yo o maatla, “o tla latlhelwa kwa ntle.” (Johane 12:31; 14:30; 16:11) Modimo yono ke mang, mme ke mmusi wa lefatshe lefe?

Modimo yono ke moengele wa motsuolodi, e bong Satane Diabolo. Re itse seo jang? Baebele e tlhalosa gore fa Satane a ne a leka go raela Jesu, Satane o ne a mmontsha “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one, mme a mo raya a re: ‘Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.’” (Mathaio 4:8, 9) Satane o ne a ka se ka a leka go raela Jesu ka dilo tse e seng tsa gagwe ene Satane. Ee ruri, moaposetoloi Johane o ne a re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

Se lebale gore Jesu o solofeditse jaana: “Mmusi wa lefatshe leno o tla latlhelwa kwa ntle.” (Johane 12:31) Tota e bile, lefatshe leno, kgotsa tsamaiso eno ya dilo, go akaretsa le mmusi wa lone, le tla fedisiwa, jaaka moaposetoloi Johane a ile a bolelela pele a re: “Lefatshe le a feta.” Le fa go ntse jalo, gape Johane o ne a re: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Jaanong a re sekasekeng dilo tse di molemolemo tse Modimo yo o esi wa boammaaruri a re solofetsang tsone, mme re bone gore di ka re solegela molemo jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona The New Testament, ya ga James L. Tomanek; The Emphatic Diaglott, e e kwadilweng ka dipuo tse pedi, ya ga Benjamin Wilson; The Bible—An American Translation, ya ga J.M.P. Smith le E. J. Goodspeed.

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Batho ba kwa Lisetera ba ne ba bitsa Paulo le Barenabase medimo

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Jesu o ne a raya Marea Magadalena a re: ‘Ke tlhatlogela kwa Modimong wa me le Modimo wa lona’