Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshameka Baesekopo Efe Monongwaga?

Go Tshameka Baesekopo Efe Monongwaga?

Go Tshameka Baesekopo Efe Monongwaga?

KE ENG se o ratang go se dira fa go le selemo? Fa e le gore go a fisa, gongwe o tla rata go intsha—o ye kwa lefelong lengwe le le itumedisang le le jaaka losi lwa lewatle kgotsa paraka.

Le fa go ntse jalo, barulaganyi ba dibaesekopo ba ikaegile ka dimilionemilione tsa batho gore ba fetse diura di le dintsi tsa nako ya selemo ba le mo mabogelong a dibaesekopo. Kwa United States fela go na le disekirini tsa dibaesekopo di ka nna 35 000, mme mo dingwageng tsa bosheng jaana mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa madi a a tsenang fa go rekisiwa dithekete tsa go lebelela baesekopo mo nageng eno a ne a tsena mo nakong ya selemo. * Heidi Parker, wa makasine wa Movieline a re: “Tsela e dithekete di rekwang ka yone e tshwana le tsela e batho ba rekang dilo ka yone mo pakeng ya Keresemose.”

Dilo di ne di sa nna jaana mo nakong e e fetileng. Mo nakong e e fetileng selemo e kile ya bo e le setlha se batho ba sa yeng thata kwa mabogelong a dibaesekopo ka sone kwa United States, e leng se se neng se dira gore bontsi jwa mabogelo ano a ngotle dibaesekopo tsa one kgotsa a tswalwe ka nako ya selemo. Mme mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1970, mafelo a bobogelo a a nang le didiriswa tse di dirang gore lefelo le nne tsiditsana a ile a gogela dimilionemilione tsa batho ba ba neng ba tshabela mogote mo go tsone. Bana le bone ba ne ba le mo gae e re ka dikolo di ne di tswetswe, mme barulaganyi ba dibaesekopo ba ne ba lemoga seo mme ba dirisa tshono eo. Go ise go ye kae ke fa dibaesekopo di simolola go nna le kgogedi e kgolo. Seno se ile sa fetola tsela e dibaesekopo di rulaganngwang ka yone le e di rekisiwang ka yone, jaaka fa re tla bona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kwa United States, setlha sa selemo sa dibaesekopo se simolola ka May go ya go fitlha ka September.