Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Filimi e Gatisiwang ka Teng

Kafa Filimi e Gatisiwang ka Teng

Kafa Filimi e Gatisiwang ka Teng

MO MASOMENG a le mmalwa a a fetileng a dingwaga, Hollywood ke yone e ileng ya di goga kwa pele mo go rulaganyeng dibaesekopo di le dintsi tse di dirang madi a le mantsi. Seno se ile sa anamela mo lefatsheng lotlhe, e re ka dibaesekopo di le dintsi tsa Amerika di tsaya lobaka lwa dibeke fela—mme ka dinako tse dingwe malatsi fela—gore di bontshiwe le kwa dinageng tse dingwe fa di sena go bontshiwa ka lekgetlho la ntlha kwa United States. Mo makgetlhong mangwe go ile ga kgonega go bontsha baesekopo mo lefatsheng lotlhe ka letsatsi le le lengwe fela. Dan Fellman, yo e leng poresidente ya mokgatlho wa koo wa dibaesekopo wa Warner Brothers Pictures, a re: “Go rekisiwa ga dibaesekopo mo lefatsheng lotlhe ke kgwebo e e golang thata le e e itumedisang, ka gone fa re rulaganya dibaesekopo, re di rulaganya ka boikaelelo jwa gore di lebelelwe lefatshe ka bophara.” Gone jaanong se se diregang kwa Hollywood se ama madirelo a tsa boitlosobodutu mo lefatsheng lotlhe. *

Mme gone go rulaganya baesekopo e e tlileng go tsenya madi a mantsi ga se metshamekwane. Dibaesekopo di le dintsi di tlhoka madi a kana ka diranta di le dimilione di le 600 gore di kgone go rulaganngwa le go rekisiwa, re sa bue sepe ka dilo tse dingwe tse di akarediwang. Go atlega ga barulaganyi ba baesekopo go ikaegile gotlhelele ka gore batho ba tla tsibogela jang baesekopo eo, e leng selo se motho a ka se kgoneng go se itse go sa le gale. David Cook, yo e leng porofesa wa dirutwa tsa go rulaganya baesekopo kwa Yunibesithing ya Emory, a re: “Ga o ka ke wa itse gore batho ba tlile go kgatlhiwa ke eng kgotsa ba tlile go gogelwa ke eng mo baesekopong e e rileng.” Ke eng se barulaganyi ba dibaesekopo ba se dirang gore baesekopo ya bone e atlege? Go araba potso eno, re tshwanetse ra tlhaloganya pele dintlha dingwe tsa botlhokwa tse di malebana le kafa baesekopo e rulaganngwang ka gone. *

Se se Dirwang Pele ga Baesekopo e Gatisiwa

Tiro e e dirwang pele ga baesekopo e gatisiwa gantsi ke yone e e tsayang lobaka lo loleele mo thulaganyong yotlhe ya go rulaganngwa ga baesekopo mme e bile ke yone ya botlhokwa go di gaisa tsotlhe. Fela jaaka go tlhokega gore motho a ipaakanyetse tiro nngwe e kgolo e a tlileng go e dira, go ntse fela jalo le ka baesekopo. Go lebeletswe gore sente nngwe le nngwe e e dirisiwang mo masimologong a go dirwa ga baesekopo eno e tla thusa gore go se ka ga senngwa madi a mantsi ka nako ya fa e setse e gatisiwa.

Go rulaganngwa ga baesekopo go simolola pele ka gore go nne le kgang nngwe, e e ka tswang e itlhametswe fela kgotsa e le sengwe se se diragetseng ka tsela ya mmatota mo botshelong. Mokwadi wa baesekopo o tla bo a kwala kgang eno mo pampiring. Fa a feditse go e kwala, e ka nna ya fetofetolwa fale le fale go fitlhela e tsewa e siametse gore go ka dirwa baesekopo ka yone. Mokwalo ono o o setseng o siametse go gatisiwa o na le mafoko a batshameki, go akaretsa le ditlhaloso tse dikhutshwane tsa se ba tlileng go se dira. Gape o na le dintlha tse di kaelang ba tsa dikhamera gore ba tla bo ba eme fa kae mo ponong nngwe le nngwe ya baesekopo.

Le fa go ntse jalo, seno e sa ntse e le tshimologo fela ka gonne kgang eno e e kwadilweng mo pampiring ga e ise e siamele go ka rekisediwa motlhagisi. * Ke kgang ya mofuta ofe e motlhagisi a ka nnang a rata go e gatisa? Gantsi baesekopo e e tlwaelegileng fela ya nako ya selemo e rulaganngwa go lebeletswe basha—“baji ba bagolo ba dithuthuntshwane” jaaka fa monna mongwe yo o tlhatlhobang dibaesekopo a ba bitsa. Ka gone motlhagisi a ka nna a kgatlhegela thata kgang e e gogelang basha.

Kgang e e ratiwang le go feta ke e e tla gogelang batho ba dingwaga tsotlhe. Ka sekai, ga go pelaelo gore baesekopo e e theilweng mo bukeng ya dipopae e e buang ka mogaka mongwe yo mogolo e tla gogela bana ba bannye ba ba badileng thata ka mogaka yono. Mme gape ga go pelaelo gore batsadi ba bone ba tla ya go lebelela baesekopo eno le bone. Mme gone barulaganyi ba dibaesekopo ba gogela jang basha? Liza Mundy o kwadile jaana mo kgatisong ya The Washington Post Magazine: “Baesekopo e tshwanetse ya ngoka batho.” Go dirisa puo ya matlhapa, ditshwantsho tsa thubakanyo e e feteletseng le go bontsha tlhakanelodikobo thata mo baesekopong ke gone go “dirang gore e dire madi a mantsi thata le gore e ngoke batho ba dingwaga tsotlhe.”

Fa motlhagisi a akanya gore go ka direga gore kgang eo e e setseng e siametse go gatisiwa e dire madi a mantsi, a ka nna a e reka a bo a saena konteraka le mokaedi yo o nang le bokgoni mo go tsa dibaesekopo mmogo le motshameki yo o itsegeng thata. Motlhagisi yono wa itse gore fa a na le mokaedi yo o itsegeng le motshameki yo o thopang sekgele, baesekopo eno e tlile go gogela batho ba le bantsi ka nako ya fa e bontshiwa. Le fa go ntse jalo, tota le mo nakong eno ya fa go sa ntse go simololwa, batho ba ba itsegeng ba ka nna ba dira gore kgang eno e ngoke le babeeletsi ba madi e re ka gantsi e le bone ba dirisiwang go duelela ditshenyegelo tsa go rulaganya baesekopo.

Tiro e nngwe e e dirwang pele ga baesekopo e gatisiwa ke ya go taka ditshwantsho tsa yone tse di bontshang se se tlileng go direga mo motshamekong, segolobogolo tse go lowang mo go tsone. Ditshwantsho tseno re ka re ke tsone polane e e tla dirisiwang ke ba tsa dikhamera e e tla thusang gore go se ka ga senngwa nako e ntsi ka nako ya fa go tsewa ditshwantsho. Jaaka fa Frank Darabont, yo e leng mokaedi le mokwadi wa dikgang tsa dibaesekopo a bolela, “ga go na selo se se maswe go gaisa go senya letsatsi lotlhe la go gatisa o leka go bona gore o ka ema fa kae ka khamera ya gago gore o tseye ditshwantsho.”

Go na le dilo tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go akanyediwa ka nako ya fa baesekopo e rulaganyediwa go gatisiwa. Ka sekai, go tla dirisiwa mafelo afe go gatisa? A go tla tlhokega gore go tsewe loeto go ya koo? Dilo tse di tlileng go dirisiwa mo baesekopong eno di tshwanetse tsa dirwa jang le go rulaganngwa jang? A go tla tlhokega diaparo tse di kgethegileng? Ke mang yo o tla ikarabelelang ka go tshubiwa le go timiwa ga dipone tse di kgethegileng ka nako ya fa go tsewa ditshwantsho le yo o tla ntlafatsang batshameki le go baakanya meriri ya bone? Go tweng ka mmino, ditshwantsho dingwe tse di sa tlwaelegang le motshameki yo o tshamekang dikarolo tse di kotsi mo baesekopong? Tseno ke dingwe fela tsa dilo di le dintsi tse di tshwanetseng tsa akanyediwa le pele go tsewa setshwantsho se le sengwe fela sa baesekopo. Lebelela maina a batho ba ba nnileng le seabe mo go rulaganyeng baesekopo e e jeleng madi a mantsi, a a tlhagelelang kwa bokhutlong jwa yone, mme o tla kgona go lemoga gore batho ba le makgolokgolo ba ile ba tsenya letsogo mo go e gatiseng! Monna mongwe yo o berekang ka dilo tsa botegeniki yo o nnileng le seabe mo go gatisiweng ga dibaesekopo di le dintsinyana a re: “Go tlhokega batho ba le bantsi thata gore go gatisiwe baesekopo e e tshamekang lobaka lo loleele.”

Go Tsaya Ditshwantsho Tsa Baesekopo

Go tsaya ditshwantsho tsa baesekopo go ja nako e ntsi, go a lapisa e bile go a tura. Ee ruri, go senya motsotso o le mongwe fela go ka dira gore diranta di le diketekete di wele mo metsing. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba tlileng go nna le seabe mo go gatisiweng ga baesekopo ba tshwanelwa ke go isiwa kwa lefelong le le kgakala, go bo go isiwe le dilo tse di tlileng go dirisiwa. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore ditshwantsho di a go tseelwa kae, go dirisiwa madi a le mantsi thata mo letsatsing lengwe le lengwe le di tla bong di tsewa ka lone.

Setlhopha se se tshubang le go tima dipone tse di kgethegileng ka nako ya fa go tsewa ditshwantsho, batho ba ba ntlafatsang batshameki le go baakanya meriri ya bone ke bone ba ntlha go goroga mo lefelong le ditshwantsho tsa baesekopo di tlileng go tseelwa mo go lone. Letsatsi lengwe le lengwe le go tsewang ditshwantsho ka lone, batshameki ba ba itsegeng ba dibaesekopo ba ka nna ba fetsa diura di le mmalwa ba baakanyediwa seno. Morago ga moo go simolola letsatsi le leleele la go tsaya ditshwantsho.

Mokaedi ke ene a kaelang go tsewa ga ditshwantsho tsa pono nngwe le nngwe. Tota e bile go ka tsewa letsatsi lotlhe go tsewa ditshwantsho tsa pono e go lebegang e le motlhofo fela. Bontsi jwa dipono tsa baesekopo di tsewa ditshwantsho ka khamera e le nngwe fela, mme seno se raya gore pono eno e tlile go nna e boaboelediwa gantsintsi khamera e ba lebile go tswa kafa matlhakoreng otlhe. Mo godimo ga moo, go ka nna ga tlhokega gore pono e le nngwe e tsewe ditshwantsho ka makgetlo a le mantsi gore go tlhophiwe tse go diragaditsweng bontle go gaisa mo go tsone kgotsa gore go baakanngwe phoso nngwe ya botegeniki. Fa e le pono e e telele go ka nna ga tlhokega gore karolo eo e boaboelediwe ga 50 kgotsa go feta! Moragonyana—gantsi kwa bofelong jwa letsatsi lengwe le lengwe la go tsaya ditshwantsho—mokaedi o tla bo a lebelela ditshwantsho tsotlhe tse di tserweng a bo a tlhopha tse di tshwanetseng go dirisiwa. Go tsaya ditshwantsho tsa baesekopo go ka nna ga tsaya dibeke kgotsa dikgwedi.

Se se Diregang Morago ga go Tsaya Ditshwantsho

Mo nakong eno, ditshwantsho tsa pono nngwe le nngwe ya baesekopo di rulaganngwa ka tatelano ya tsone go dira baesekopo. Sa ntlha, mmino o o tla dirisiwang mo baesekopong eno o tshamekiwa ka nako e le nngwe fela le ditshwantsho tseno. Morago ga moo, morulaganyi o tla bo a tsaya dilo tseno ka bobedi a bo a dira khasete ya ntlha ya baesekopo eno e e iseng e wediwe sentle.

Gape mo kgatong eno go tla bo go tsenngwa medumo le ditshwantsho tse di sa tlwaelegang. Medumo eno le ditshwantsho tsa teng tse di sa tlwaelegang—e leng nngwe ya dilo tse di raraaneng thata mo go gatisiweng ga baesekopo—di dirwa ka khomputara. Dilo tseno di ka dira gore baesekopo e kgatlhe thata e bo e lebege e kete ke selo sa mmatota.

Mmino o o ileng wa gatisiwa ka mo go kgethegileng gore o dirisiwe mo baesekopong eno le one o tla bo o tsenngwa, mme mmino e setse e le selo sa botlhokwa thata mo dibaesekopong tsa gompieno. Edwin Black o kwadile jaana mo go Film Score Monthly: “Barulaganyi ba dibaesekopo jaanong ba setse ba tshameka mmino o o opelwang ke mong wa one ka boene—ga ba o tshameke fela ka metsotso e le masomeamabedi kgotsa fela ka nako ya fa baesekopo e le kwa setlhoeng sa yone, go na le moo gantsi ba o tshameka ka lobaka lwa ura kgotsa go feta.”

Ka dinako tse dingwe, baesekopo e e sa tswang go rulaganngwa e tlhatlhobiwa ka go bontshiwa batho ba bangwe, gongwe e ka nna ditsala tsa mokaedi kgotsa badirimmogo le ene ba ba neng ba seyo ka nako ya fa e ne e rulaganngwa. Mokaedi a ka nna a tsaya ditshwantsho tse dingwe gape tsa dipono dingwe kgotsa a di phimola go ikaegile ka gore babogedi bano ba ile ba e tsibogela jang. Mo maemong mangwe karolo yotlhe e e feleletsang baesekopo e a fetolwa ka gonne babogedi bano ba ne ba sa e rate.

Kwa bofelong, fa baesekopo e setse e feditswe e tla bo e isiwa kwa mafelong la bobogelo. Ke yone nako eno e go tla itshupang ka yone gore a e tla dira madi a mantsi kgotsa nnyaa—kgotsa a e tla dira madi a a mo magareng fela. Mme gone madi ga se one fela kgangkgolo fano. Fa baesekopo e palelwa ke go dira madi a mantsi ka makgetlo a le mantsi seno se ka dira gore motshameki wa yone a latlhegelwe ke tiro sa bo sa senya le leina la mokaedi wa yone. John Boorman, yo e leng mokaedi wa dibaesekopo, fa a gakologelwa dingwaga tsa fa a sa ntse a simolola tiro eno, a re: “Ke bone badirimmogo le nna ba le bantsinyana ba latlhegelwa ke tiro morago ga gore dibaesekopo di le mmalwa tsa bone di palelwe ke go dira madi. Selo se se utlwisang botlhoko thata mo tirong ya go rulaganya dibaesekopo ke gore fa o sa direle bathapi ba gago madi, o a lelekiwa mo tirong.”

Ke boammaaruri gore fa batho ba eme fa pele ga moago wa bobogelo jwa dibaesekopo ba ntse ba lebeletse dipapatso tse di kgomareditsweng mo loboteng tsa dibaesekopo tse di tlileng go bontshiwa, ga ba akanye sepe ka dilo tseno tse di amanang le tiro ya barulaganyi ba dibaesekopo. Gongwe se ba akanyang thata ka sone ke gore: ‘A ke tla itumelela baesekopo eno? A ga nkitla ke lelela madi a me fa ke sena go e lebelela? A baesekopo eno e a tshosa kgotsa e a kgopisa? A bongwanake ba ka e lebelela?’ O ka araba jang dipotso tseno fa go na le dibaesekopo tse o batlang go di lebelela?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go ya ka Anita Elberse, porofesa wa kwa Harvard Business School, “le mororo go rekisa dibaesekopo tseno kwa dinageng tse dingwe go tsenya madi a mantsi go feta a a tsenang fa di rekisiwa fela mo United States, gone re sa ntse re dirisa tsela e e dirang gore baesekopo e rekwe mo United States go bona gore e tlile go rekwa jang kwa dinageng tse dingwe.”

^ ser. 3 Le fa gone tsela e baesekopo e rulaganngwang ka yone e ka farologana go ya ka gore ke baesekopo ya mofuta ofe, se se tlhalosiwang fano ke nngwe ya dilo tse gantsi di diregang fa e rulaganngwa.

^ ser. 7 Mo maemong mangwe, motlhagisi o newa dintlha fela tsa motshameko o o tlileng go gatisiwa e seng mokwalo wa motshameko ono. Fa e le gore o kgatlhegela kgang eno, a ka nna a e reka gore e nne ya gagwe mme a bo a e ithulaganyetsa gore e siamele go gatisiwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ga o ka ke wa itse gore batho ba tlile go kgatlhiwa ke eng kgotsa ba tlile go gogelwa ke eng mo baesekopong e e rileng.”—David Cook, porofesara wa dirutwa tsa dibaesekopo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]

GO DIRA GORE BAESEKOPO E GOGELE

Baesekopo e setse e weditswe. E setse e siametse gore e ka lebelelwa ke batho ba le dimilionemilione. A e tla dira madi a mantsi? Sekaseka ditsela di le mmalwa tse batho ba ba dirang dibaesekopo ba di dirisang go bapatsa baesekopo ya bone gore e ba direle madi a le mantsi.

GO DIRA GORE GO TSHWARWE METLOTLO KA BAESEKOPO NNGWE E E TLANG: Nngwe ya ditsela tse di atlegang thata tse di dirisiwang go dira gore batho ba batle go bona baesekopo e e rileng ke ka go dira gore go tlotlwe thata ka yone. Ka dinako tse dingwe go tlotliwa thata ka baesekopo nngwe dikgwedi di le mmalwa pele ga e bontshiwa. Gongwe go itsisiwe gore go tla nna le tsweletsopele ya baesekopo e e kileng ya bontshiwa mo nakong e e fetileng. Batho ba ka nna ba ipotsa jaana: A badiragatsi ba ba neng ba le mo go ya ntlha e tla bo e sa ntse e le bone le mo go eno? A e tla bo e tshwana le e e fetileng?

Ka dinako tse dingwe go tla bo go tsosiwa kgang nngwe e e tsosang dipuopuo ka baesekopo eno—gongwe e e tshwanang le gore baesekopo eno e bontsha tlhakanelodikobo e ntsi thata gore e ka bogelwa ke “batho botlhe.” A ditshwantsho tseno di maswe go le kalo? A baesekopo eno e feteleditse dilo thata? Fa batho ba ntse ba ganetsana ka dilo tseno, seno se thusa barulaganyi ba dibaesekopo tseno ka gonne jaanong dibaesekopo tsa bone di phasaladiwa mahala. Ka dinako tse dingwe kgang e go ganetsanwang ka yone mo baesekopong eno gantsi ke yone e dirang gore batho ba le bantsi ba ye go e lebelela fa e bontshiwa ka lekgetlho la ntlha.

METSWEDI YA TSHEDIMOSETSO: Mekgwa e e tlwaelegileng ya go bapatsa e akaretsa go dirisiwa ga lomati lwa go bapatsa, go bapatsa mo lokwalodikgannyeng, dipapatso tsa thelebishene, go bontshiwa ga dikarolo tse di rileng tsa baesekopo mo mafelong a tsone a bobogelo pele baesekopo e e tlileng go lebelelwa e simolola, le go botsolodiwa ga batshameki ba dibaesekopo gore ba bapatse baesekopo e ntšha. Gone jaanong Internet le yone e setse e dirisiwa thata go bapatsa dibaesekopo.

DILWANA TSE DI REKISIWANG: Dilwana tse di rekisiwang di ka dira gore baesekopo e e tlileng go bontshiwa e ngoke ba le bantsi. Ka sekai, baesekopo e e buang ka mogaka mongwe wa buka ya metlae e ne ya direlwa dilwana tse di tsamaelanang le yone tse di jaaka diphuthelwana tsa dijo, dikopi, mabenyane, diaparo, ditshitswana tse di tshwarang dilotlolo, ditshupanako, dipone le lomatsana le go tshamekelwang motshameko mongwe mo go lone, le tse dingwe. Joe Sisto, o ne a kwala jaana mo makasineng mongwe wa tsa boitlosobodutu wa American Bar Association: “Gantsi go a bo go setse go rekisitswe diperesente di le 40 tsa dilwana tse di bapatsang baesekopo nngwe le pele ga baesekopo eo e bontshiwa.”

KHASETE YA BIDIO: Baesekopo e e sa dirang madi a mantsi thata fa go ne go rekisiwa dithekete tsa go ya go e lebelela gantsi e tsenya madi a mangwe ka gore go rekisiwe dikhasete tsa yone tsa bidio. Bruce Nash, yo o kwalang pego ya madi a dibaesekopo di a dirang, o bolela gore “mabenkele a a rekisang dikhasete tsa bidio ke one a a dirang diperesente di le 40 go ya go 50 tsa madi a go rekisiwa ga dibaesekopo tseno.”

E KA LEBELELWA KE BATHO BA DINGWAGA DIFE: Badiri ba dibaesekopo ba dirisa mokgwa ono gore ba solegelwe molemo. Ka sekai, go ka nna ga nna le dikarolo dingwe tse di tsenngwang ka boomo mo baesekopong e le gore e kgone go lebelelwa ke batho ba ba godileng fela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ka nna ga ntshiwa dikarolo dingwe mo baesekopong gore e se ka ya lebelelwa ke batho ba ba godileng fela mme e ngoke thata basha. Liza Mundy mo The Washington Post Magazine o kwadile gore mokgwa wa go itsise gore baesekopo e e rileng e tshwanetse basha “e setse jaanong e le papatso ka boone fela: Madirelo a dibaesekopo a dirisa mokgwa ono go bolelela basha—le bana ba bannye ba ba eletsang go nna basha—gore baesekopo eno e tlile go ba kgatlha fela thata.” Mundy o tswelela pele ka go bolela gore go itsise gore baesekopo ke ya batho ba dingwaga dife go dira gore “go nne le ntwa fa gare ga motsadi le ngwana wa gagwe, e tlhagisa motsadi, fa kafa letlhakoreng le lengwe e gogela ngwana.”