Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Dibaesekopo Dife Tse Wena o Tla di Lebelelang?

Ke Dibaesekopo Dife Tse Wena o Tla di Lebelelang?

Ke Dibaesekopo Dife Tse Wena o Tla di Lebelelang?

MO MASOMENG a bosheng a dingwaga, dibaesekopo tse di tletseng tlhakanelodikobo, thubakanyo le puo ya matlhapa di ile tsa tsibogelwa ka ditsela tse di farologaneng. Bangwe ba bolela gore pono nngwe e e bontshang tlhakanelodikobo e maswe tota, fa ba bangwe bone ba re e kgatlha thata. Bangwe ba bolela ba tiisitse gore thubakanyo e e bontshiwang mo baesekopong ga e a siama le e seng, fa ba bangwe bone ba re e itshiametse fela. Ba bangwe bone ba bolela gore go dirisiwa ga puo ya matlhapa go a kgopisa, fa ba bangwe bone ba re ke puo e e tlwaelegileng fela. Se motho yo mongwe a se tsayang se le makgapha, yo mongwe ene o se tsaya e le kgololesego ya go itlhophela se o batlang go se dira. Fa o reetsa matlhakore ano oomabedi, o ka nna wa swetsa ka gore o tla bo o itapisa fela fa o nnela go ganetsana le batho ka dilo tseno.

Mme gone dilo tse di bontshiwang mo dibaesekopong ga se dilo fela tse di sa reng sepe tse go ka ganetsanwang ka tsone. Ke selo se batsadi ba tshwanetseng ba amega ka sone, e seng bone fela, mme gape le batho botlhe ba ba tlotlang melao ya boitshwaro. Mosadi mongwe o ne a bua jaana a hutsafetse: “Nako le nako fa ke ipateletsa fela go tsena mo bobogelong jwa dibaesekopo, ke tswa mo go jone ke ikutlwa ke le motho yo o bosula go gaisa ka nako ya fa ke ne ke tsena mo go jone. Ke tlhabisiwa ditlhong ke batho ba ba neng ba rulaganya matlakala ano, mme le nna ke sala ke swabile. Dilo tse ke sa tswang go di lebelela di dira gore ke ikutlwe ke se na seriti.”

Go Tlhoma Melao

Go amega ka dilo tse di bontshiwang mo dibaesekopong ga go simologe gone jaanong. Fa dibaesekopo di ne di simolola go dirwa bogologolo go ne ga ngongoregiwa thata ka tlhakanelodikobo le bokebekwa jo bo neng bo bontshiwa mo go tsone. Kwa bofelong, ka dingwaga tsa bo1930, go ne ga tlhomiwa melao kwa United States e e neng e tlhalosa gore ke eng se se tshwanetseng sa bontshiwa mo dibaesekopong.

Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, melao eno e mesha ya dibaesekopo “e ne e gagametse fela thata, e thibela mo e ka nnang sengwe le sengwe se motho yo o godileng a neng a ka tswa a se tsaya se siame fela gore a ka se leba. E ne e thibela ‘ditshwantsho tsa thatano,’ mme e bile mo go tsone go ne go sa umakwe sepe se se amanang le boaka, tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang, go hepisa le go betelela ntle le fa go ne go tlhokega gore go buiwe ka tsone mo karolong nngwe ya baesekopo, mme kwa bofelong jwa baesekopo go bo go bontshiwa ditlamorago tse di botlhoko tsa go dira ditiro tseno.”

Malebana le thubakanyo, dibaesekopo di ne “di sa tshwanela go bontsha kgotsa go bua ka dibetsa tse di tlwaetseng go dirisiwa, go bontsha bokebekwa ka botlalo, go bontsha mapodise a bolawa ke dikebekwa, go bontsha bosetlhogo jo bogolo kgotsa polao, kgotsa go bontsha motho a ipolaya ntle le fa dilo tseno di ne di tlhokega mo baesekopong eo. . . . Go ne go se na bokebekwa bope jo le ka motlha bo neng bo ka bontshiwa e kete ke selo se se itshiametseng fela.” Ka bokhutshwane fela, molao ono o ne wa bolela gore “ga go na setshwantsho sepe sa baesekopo se se tla bontshiwang fa e le gore se tla dira gore batho ba ba se lebeletseng ba se tlhole ba tlotla melao ya boitshwaro.”

Melao e Emisediwa ke go Bolelelwa Gore Baesekopo ke ya Batho ba Dingwaga Dife

Ka dingwaga tsa bo1950, bagatisi ba le bantsi ba dibaesekopo kwa Hollywood ba ne ba itlhokomolosa melao e ba neng ba e beetswe, ba bolela gore melao ya teng e siilwe ke nako. Ke ka moo ka 1968 melao eno e ne ya fedisiwa mme ya emisediwa ke kgang ya gore batho ba bolelelwe gore baesekopo e e rileng e ka lebelelwa ke batho ba dingwaga dife. * Seno se ne sa dira gore baesekopo e tlhagise sengwe le sengwe, mme e ne e tla bewa letshwao le le tla tlhagisang batho go sa le gale gore e ka lebelelwa ke batho ba dingwaga dife. Go ya ka Jack Valenti, yo e nnileng poresidente ya Motion Picture Association of America ka mo e ka nnang dingwaga di le masomeamanè, boikaelelo jwa seno e ne e le “go tlhagisa batsadi go sa le gale gore ba itirele tshwetso ka bobone malebana le gore ke dibaesekopo dife tse bana ba bone ba ka di lebelelang le tse ba sa tshwanelang go di lebelela.”

Fa mokgwa ono o ne o simolola go dirisiwa, seno se ne sa naya batho kgololesego e kgolo. Dibaesekopo tsa Hollywood di ne tsa tlala tlhakanelodikobo, thubakanyo le puo ya matlhapa. Kgololesego eno e e neng ya newa barulaganyi ba dibaesekopo e ne ya dira gore maemo a nne maswe le go feta. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tla nna ba tlhagisiwa go sa le gale gore baesekopo e e rileng ke ya batho ba dingwaga dife. Mme gone, a o bolelelwa dilo tsotlhe tse o batlang go di itse ka baesekopo?

Se o Sa se Bolelelweng

Batho bangwe ba akanya gore mo dingwageng tsa bosheng mokgwa ono wa go bolela gore baesekopo e siametse batho ba dingwaga dife o ne wa se ka wa tlhola o gagametse jaaka pele. Patlisiso e e neng ya dirwa ke Harvard School of Public Health e tshegetsa se ba se buang, ka gonne e ile ya lemoga gore dibaesekopo tse go tweng di siametse basha gone jaanong di bontsha thubakanyo thata le tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse go gaisa tse di neng di bontshiwa mo lesomeng la dingwaga le le fetileng. Patlisiso eno e ile ya konela ka gore “dibaesekopo tse go tweng di siametse batho ba ba rileng di ka nna tsa farologana thata fa go tliwa mo tseleng e di bontshang ditshwantsho tse di sa siamang ka yone” le gore “dibaesekopo tse go bolelwang fela gore di siametse batho ba dingwaga tse di rileng ga di ntshe tshedimosetso yotlhe kaga thubakanyo, tlhakanelodikobo, puo ya matlhapa le dilo tse dingwe tse di tlileng go bontshiwa mo go yone.” *

Batsadi ba ba tlogelelang bana ba bone fela gore ba ikele kwa mafelong a go bogelwang dibaesekopo kwa go one ba ka nna ba bo ba sa itse gore gompieno ke eng se go tweng se siametse go lejwa. Ka sekai, mankge mongwe wa dibaesekopo o tlhalosa motshamekimogolo wa baesekopo nngwe e kwa United States e tsewang e siametse basha. E ne e le “mosetsana wa dingwaga di le 17 yo o itirelang se a se ratang, yo o sa iponeng tsapa go tagwa letsatsi le letsatsi, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang, go ya diphathing tse go tlhakanelwang dikobo mo go tsone le yo o tlhakanelang dikobo ka tsela e e feteletseng le mosimane mongwe yo a sa tswang go kopana le ene.” Dibaesekopo tsa mofuta ono di tlwaelegile thata. Ee ruri, The Washington Post Magazine e bolela gore go tlhakanela dikobo ka molomo gantsi go bontshiwa e le selo “se se itshiametseng fela” mo dibaesekopong tse go tweng di siametse basha. Go bonala sentle gore lebaka la go bo baesekopo e e rileng e tsewa e siametse batho ba dingwaga tse di rileng ga se lone fela lebaka le le ka dirisiwang go tlhatlhoba se baesekopo e se bontshang. A go na le sengwe se se ka re kaelang botoka?

“Tlhoang se se Bosula”

Kgang ya gore baesekopo e siametse batho ba dingwaga dife ga e reye gore motho a itlhokomolose segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele. Mo ditshwetsong tsotlhe tse ba di dirang—go akaretsa le tse di amanang le boitlosobodutu—Bakeresete ba leka ka natla go dirisa kgakololo eno ya Baebele e e mo go Pesalema 97:10: “Tlhoang se se bosula.” Motho yo o tlhoileng se se bosula ga a intshe bodutu ka dilo tse Modimo a di ilang.

Batsadi ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go ela tlhoko thata mefuta ya dibaesekopo e ba letlelelang bana bone gore ba e lebelele. E tla bo e le go tshepa ngwana go feta selekanyo fa o sa leba ka kelotlhoko gore baesekopo e ka lebelelwa ke batho ba dingwaga dife. Go ka nna ga direga gore baesekopo e go tweng e siametse dingwaga tsa ngwana wa gago e rotloetsa dilo tse wena jaaka motsadi o sa di amogeleng. Seno ga se gakgamatse le e seng mo Bakereseteng, e re ka lefatshe le amogela ka boitumelo tsela ya go akanya le ya go dira dilo e e kgatlhanong le melao ya Modimo. *Baefeso 4:17, 18; 1 Johane 2:15-17.

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore dibaesekopo tsotlhe ga di a siama. Mme gone motho o tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Malebana le ntlha eno, Tsogang! ya June 8, 1997, e ne ya bolela jaana: “Mongwe le mongwe o tshwanetse a sekaseka mabaka ka kelotlhoko mme a itirele ditshwetso tse di tla mo tlogelang ka segakolodi se se phepa mo pele ga Modimo le batho.”—1 Bakorintha 10:31-33.

Kafa o ka Bonang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone

Batsadi ba ka tlhopha jang dibaesekopo tse lelapa la bone le tshwanetseng go di lebelela? Utlwa gore batsadi bangwe go ralala lefatshe ba ile ba reng. Se ba se buileng se ka nna sa go thusa gore o batlele lelapa la gago boitlosobodutu jo bo siameng.—Bona gape le lebokoso le le reng “Ditsela Tse Dingwe Tsa go Itlosa Bodutu” le le mo tsebeng ya 12.

Juan wa kwa Spain a re: “Fa bana ba rona ba sa le bannye, nna le mosadi wa me re ne re tsamaya le bone ka metlha go ya go lebelela dibaesekopo. Le ka motlha ba ne ba sa tsamaye ba le bosi kgotsa le basha ba bangwe. E re ka gone jaanong e setse e le basha, ga ba lebelele baesekopo fa e simolola go bontshiwa ka lekgetlho la ntlha; go na le moo, re rata gore ba re lete pele gore re e sekaseke kgotsa re utlwe gore batho ba bangwe ba re ba tshepang bone ba ikutlwa jang ka yone. Morago ga moo, re dira tshwetso re le lelapa gore a re tshwanetse go lebelela baesekopo eo.”

Mark, mo Afrika Borwa, o kgothaletsa morwawe yo o saleng mosha go ntsha maikutlo a gagwe malebana le baesekopo ya bosheng e e bontshiwang kwa bobogelong jwa dibaesekopo. Mark a re: “Nna le mosadi wa me ke rona re simololang motlotlo le ene, re mmotsa gore o ikutlwa jang ka baesekopo eo. Seno se re thusa gore re reetse kafa a ikutlwang ka teng re bo re mo ntshetsa mabaka. Ka ntlha ya seo, re kgona go tlhopha dibaesekopo tse re kgonang go di lebelela mmogo.”

Rogerio, kwa Brazil, le ene o ipha nako le bana ba gagwe gore ba sekaseke dibaesekopo tse ba batlang go di lebelela. A re: “Ke bala le bone se bomankge ba dibaesekopo ba se buang ka tsone. Ke tsamaya le bone kwa lebenkeleng le le rekisang dikhasete tsa bidio go ba ruta gore ba ka bona jang gore bidio eno e ka tswa e le e e sa siamang.”

Matthew, kwa Boritane, o bona go thusa thata go buisana le bana ba gagwe ka dibaesekopo tse ba batlang go di lebelela. A re: “Go tloga fela fa ba sa le bannye, re ne re letla bana ba rona go ntsha maikutlo a bone fa re tlotla ka se se bontshiwang ke baesekopo e re batlang go e lebelela. Fa e le gore re swetsa ka gore re se ka ra lebelela baesekopo nngwe, nna le mosadi wa me re ne re ba tlhalosetsa gore ke eng fa re sa tshwanela go e lebelela, go na le go ba bolelela fela gore ba se ka ba e leba.”

Mo godimo ga seno, batsadi bangwe ba ile ba fitlhela go thusa thata go dira dipatlisiso ka dibaesekopo mo Internet. Go na le mafelo a le mmalwa a Internet a a ntshang tshedimosetso ka botlalo malebana le se baesekopo e se bontshang. Tshedimosetso eno e ka dirisiwa gore motho a tlhaloganye ka botlalo gore baesekopo e e rileng e rotloetsa boitshwaro jo bo ntseng jang.

Mosola wa Segakolodi se se Thapisitsweng

Baebele e bua ka batho ba “bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Ka gone, boikaelelo jwa batsadi e tshwanetse ya nna go ruta bana ba bone melao ya boitshwaro e e tla ba thusang go dira ditshwetso tse di siameng ka nako ya fa ba setse ba kgona go itlhophela boitlosobodutu ka bobone.

Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thapisiwa sentle thata ke batsadi ba bone malebana le kgang eno. Ka sekai, Bill le Cherie, kwa United States, ba itumelela go ya kwa dibaesekopong le bomorwaabone ba babedi ba basha. Bill a re: “Fa re tswa kwa bobogelong jwa dibaesekopo, gantsi re tlotla ka baesekopo e re tswang go e leba re le lelapa—ke dilo dife tse e neng e di ruta le gore a re dumalana le dilo tseo kgotsa nnyaa.” Ke boammaaruri gore Bill le Cherie ba etse tlhoko gore ba tshwanetse ba kgetha se ba se lebelelang. Bill a re: “Re bala tshedimosetso e e kaga baesekopo eno go sa le gale, mme ga re tlhabiwe ke ditlhong go tswa mo bobogelong jwa dibaesekopo fa e le gore go ile ga tlhagelela dilo dingwe tse di belaetsang tse re neng re sa di lebelela.” Bill le Cherie ba akanya gore go letla bana ba bone gore ba nne le seabe mo ditshwetsong tse di dirwang, go thusitse bomorwaabone gore ba kgone go lemoga ka bonako se se siameng le se se sa siamang. Bill a re: “Ba kgona go dira ditshwetso tse di botlhale fa go tliwa mo kgannyeng ya go tlhopha gore ke dibaesekopo dife tse ba ka ratang go di lebelela.”

Jaaka Bill le Cherie, batsadi ba le bantsi ba kgonne go thusa bana ba bone go thapisa bokgoni jwa bone jwa go akanya malebana le kgang ya boitlosobodutu. Ke boammaaruri gore bontsi jwa dibaesekopo tse di dirwang ga di a siama. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa Bakeresete ba kaelwa ke melaometheo ya Baebele, ba ka kgona go itumelela boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo lapolosang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Dinaga di le dintsi go ralala lefatshe le tsone di setse di dirisa mokgwa ono wa go baya letshwao le le bontshang gore baesekopo e e rileng e siametse batho ba dingwaga dife.

^ ser. 12 Mo godimo ga seno, tsela e go sekasekwang ka yone gore baesekopo e siametse batho ba dingwaga dife e ka nna ya farologana go ya ka dinaga. Baesekopo e e tsewang e sa siamela basha mo nageng nngwe e ka nna ya tsewa e ba siametse mo nageng e nngwe.

^ ser. 16 Gape Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gakologetswe gore dibaesekopo tse di lebelelwang ke bana ba bannye le basha di ka nna tsa bo di na le boloi, tirisabadimo le dilo tse dingwe tse di amanang le bodimona.—1 Bakorintha 10:21.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“RE DIRA TSHWETSO RE LE MMOGO”

“Fa ke ne ke sa le monnye, re ne re tlhola re ya kwa bobogelong jwa dibaesekopo re le lelapa. E re ka gone jaanong ke setse ke golagodile, batsadi ba me ba ntetla go tsamaya ke le nosi. Le fa go ntse jalo, pele ga batsadi ba me ba ntetla gore ke tsamaye, ba batla go itse setlhogo sa baesekopo e ke yang go e lebelela le gore e bua ka eng. Fa e le gore ga ba ise ba utlwele ka baesekopo eno, ba bala dintlha tse di buang ka yone kgotsa ba e lebelela fa e ntse e bapatswa mo thelebisheneng. Gape ba dira dipatlisiso ka baesekopo eo mo Internet. Fa ba akanya gore baesekopo eo ga e a siama, ba ntlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa ba rialo. Ba ntetla gore le nna ke ntshe maikutlo a me ka yone. Re buisana re gololesegile, re bo re dira tshwetso e re dumalanang ka yone.”—Héloïse, 19, wa kwa Fora.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

BUISANANG KA KGANG ENO!

“Fa batsadi ba thibela bana go dira dilo dingwe mme ba sa ba rulaganyetse boitlosobodutu bope jo bo siameng, bana ba ka nna ba leka go itlosa bodutu mo sephiring. Ka gone, fa go lebega bana ba batla go lebelela mofuta mongwe wa baesekopo e e sa siamang, batsadi bangwe ga ba itlhaganelele go ba kganela le gone ga ba ba letle go e lebelela. Go na le moo, ba emela pele gore botlhe ba ritibale mo maikutlong. Morago ga moo, ba fetsa malatsi a le mmalwa ba bua ka kgang eno le bone kwantle ga go galefa, ba botsa mosha gore ke eng se se dirang gore a akanye gore mofuta oo wa baesekopo o itshiametse fela. Fa batsadi ba buisana le basha ka tsela eno, gantsi basha ba feleletsa ba dumalana le bone le e leng go ba leboga. Morago ga moo, batsadi ke bone ba tsayang kgato pele go tlhopha selo se sengwe se ba ka se dirang le bana ba bone go itlosa bodutu.”—Masaaki, yo e leng molebedi yo o etang kwa Japane.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 12]

DITSELA TSE DINGWE TSA GO ITLOSA BODUTU

▪ “Ka tlholego fela bana ba rata go nna le dithaka tsa bone, ka gone ka metlha re ne re thusa morwadiarona go itsalanya le bana ba bangwe ba ba siameng. E re ka go na le bana ba le bantsi ba ba itshwereng sentle mo phuthegong, re kgothaleditse morwadiarona gore a itirele ditsala le bone.”—Elisa, wa kwa Italy.

▪ “Re nna le seabe thata mo boitlosobodutung jwa bana ba rona. Re ba rulaganyetsa ditsela tse di molemo tsa go itlosa bodutu, tse di jaaka go tsamayatsamaya mo mafelong a mantle, diborai, dipikiniki le go nna le dikokoano tsa go itumelela botsalano le Bakeresete mmogo le rona ba dingwaga tsotlhe. Seno se dira gore bana ba rona ba lemoge gore boitlosobodutu ga se selo se ba ka se itumelelang fa ba na le dithaka tsa bone fela.”—John, wa kwa Boritane.

▪ “Re lemogile gore go nna le dikokoano tsa go itumelela botsala mmogo le Bakeresete ba bangwe ke selo se se itumedisang tota. Gape bana ba me ba rata go tshameka kgwele ya dinao, ka jalo nako le nako re rulaganya gore go nne le batho ba bangwe ba re ka tshamekang le bone.”—Juan, wa kwa Spain.

▪ “Re kgothaletsa bana gore ba tshameke diletswa tsa mmino. Gape re dira le bone dilo tse dingwe tse ba ratang go di dira, tse di jaaka go tshameka thenese, volleyball, go pagama dibaesekele, go bala le go kopana mmogo le ditsala.”—Mark, wa kwa Boritane.

▪ “Ka metlha re ya go tshameka motshameko wa bowling re le lelapa mmogo le ditsala tsa rona. Gape re leka go rulaganyetsa go dira sengwe se se kgethegileng gangwe ka kgwedi re le mmogo. Selo sa botlhokwa se batsadi ba tshwanetseng go se dira gore bana ba bone ba se ka ba tsena mo mathateng ke go ela tlhoko dilo tse bana ba di dirang.”—Danilo, wa kwa Philippines.

▪ “Go ya go lebelela dipontsho tse di a tleng di nne gone mo lefelong la rona, gantsi go itumedisa go feta go nna fela o lebeletse baesekopo. Re nna re etse tlhoko dilo tse di tlileng go dirwa mo lefelong la rona tse di jaaka dipontsho tsa botaki, dipontsho tsa dikoloi kgotsa dithulaganyo tsa mmino. Dilo tse di tshwanang le tseno gantsi di dira gore re kgone go buisana fa di ntse di tsweletse. Gape re kelotlhoko gore re se ka ra ba bolaisa boitlosobodutu. Go itlosa bodutu thata go ka senya nako mme gape go ka dira gore re se ka ra tlhola re kgona go itumelela le go kgatlhegela dilo tse dingwe tse disha tse di tlileng go dirwa mo lefelong la rona.”—Judith, wa mo Afrika Borwa.

▪ “Ga se gore dilo tsotlhe tse bana ba bangwe ba di dirang di siametse bongwanake, mme ke leka go ba thusa gore ba tlhaloganye seo. Kafa letlhakoreng le lengwe, nna le monna wa me re leka go ba rulaganyetsa boitlosobodutu jo bo molemo. Re leka thata go dira gore ba se ka ba ngongorega ka gore, ‘Ga re ke re ya gope. Ga re dire sepe.’ Re ya kwa diparakeng re le lelapa mme gape re rulaganya dikokoano mo legaeng la rona gore re itumelele botsalano le maloko a mangwe a phuthego ya rona.” *—Maria, wa kwa Brazil.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 47 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le dikokoano tsa go itlosa bodutu, bona makasine o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo, ya August 15, 1992, ditsebe 15-20.

[Motswedi wa Setshwantsho]

James Hall Museum of Transport, Johannesburg, South Africa

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Leba pele gore ga tweng ka baesekopo e o batlang go e leba PELE o dira tshwetso

[Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Batsadi, rutang bana ba lona gore ba se ka ba lebelela baesekopo nngwe le nngwe