Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Lebana le Kgwetlho ya go Direla Modimo

Ke ne Ka Lebana le Kgwetlho ya go Direla Modimo

Ke ne Ka Lebana le Kgwetlho ya go Direla Modimo

JAAKA GO BOLETSE IVAN MIKITKOV

Modiredimogolo wa Komiti ya Sepodisi ya Puso ya Soviet (KGB) o ne a ntlhagisa jaana: “Fa o ka nna mo motseng wa rona, re tla go busetsa kwa kgolegelong.” Ke ne ke sa tswa go gololwa mo kgolegelong morago ga go fetsa dingwaga di le 12 ke tshwerwe. Mmè le rre ba ne ba lwala thata mme ba ne ba ntlhoka. Ke ne ke tla dirang?

KE NE ka tsholwa ka ngwaga wa 1928 kwa motsaneng wa T̩aul kwa Moldova. * Fa ke ne ke na le ngwaga, rre, e bong Alexander, o ne a etela kwa Ias̩I kwa Romania, kwa a neng a kopana le Baithuti ba Baebele gone, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Fa a boela T̩aul, o ne a bolelela ba lelapa la gagwe le baagelani ka dilo tse Basupi ba di mo rutileng. Go ise go ye kae, go ne ga tlhomiwa setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele kwa T̩aul.

E re ka ke ne ke le yo mmotlana mo baneng ba le banè—ba botlhe e neng e le basimane—go tloga fela mo bongwaneng ke ne ke nna le batho ba ba ratang dilo tsa semoya, ba ba neng ba ntlhomela sekao se se molemo.

Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka bona sentle gore go direla Jehofa go tla dira gore ke ganediwe—mme seno e ne e tla nna kgwetlho e kgolo mo go nna. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle kafa mapodise a neng a phuruphutsa ntlo ya gaetsho ka teng, ba batla dikgatiso tsa Baebele tse re di fitlhileng. Ke ne ke sa tshoga fa ba ne ba phuruphutsa jalo. Fa ke ntse ke tshwarelwa thuto ya Baebele ke ne ka ithuta gore Morwa Modimo e bong Jesu Keresete le ene o ne a bogisiwa le barutwa ba gagwe. Ka nako ya dipokano tsa rona gantsi re ne re gakololwa gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go lebelela gore ba tla bogisiwa.—Johane 15:20.

Go Nonotshiwa Gore ke Kgone go Lebana le Pogiso

Ka 1934, fa ke ne ke le dingwaga di le thataro fela, go ne ga balwa lekwalo kwa phuthegong ya rona kwa T̩aul le re bolelela ka tsela e Bakeresete ka rona ba ba kwa Jeremane ya Bonasi ba bogang ka teng. Re ne ra kgothadiwa gore re ba rapelele. Le mororo ke ne ke sa le mmotlana ka nako eo, le gompieno ke sa ntse ke gakologelwa lekwalo leo.

Dingwaga di le nnè moragonyana ke ne ka lebana le teko ya me ya ntlha. Ka nako ya dithuto dingwe tsa bodumedi kwa sekolong, moruti mongwe wa Orthodox o ne a ntaela gore ke bofe sefapaano mo thamong ya me. Fa ke gana go dira jalo, o ne a kopa bana botlhe mo tlelaseng gore ba bofe difapaano tsa bone go supa gore ba tsena kereke. Moruti o ne a ntshupa mme a re: “A lo batla motho yo ntseng jaana mo tlelaseng ya lona? Botlhe ba ba sa mmatleng, a ba tsholetseng matsogo.”

E re ka baithuti ba ne ba tshaba moruti, ba ne ba tsholetsa matsogo botlhe. O ne a bolela jaana a ntebile: “A o a bona, ga go na ope yo o batlang go tsalana le wena. Tswa mo sekolong gone jaanong.” Malatsi a se kae moragonyana, mokaedi wa sekolo o ne a etela lelapa la gaetsho. Fa a sena go bua le batsadi ba me, o ne a botsa gore a ke batla go tswelela ke ya sekolong. Ke ne ka re ee. O ne a re: “Fa fela ke sa ntse ke le mokaedi mo sekolong, o tla ya sekolong, mme moruti yole a ka se ka a go thibela.” Fela jaaka a ne a buile, moruti ga a ka a ntshwenya ka nako ya fa monna yole e ne e sa ntse e le mokaedi.

Pogiso e a Oketsega

Ka 1940 lefelo le re neng re nna mo go lone le le bidiwang Bessarabia, le ne la nna karolo ya Soviet Union. Ka June 13 le 14 1941, botlhe ba ba neng ba na le maemo mo go tsa dipolotiki le mo go tsa loago ba ne ba fudusediwa kwa Siberia. Basupi ba ga Jehofa ga ba ka ba fudusiwa. Le fa go ntse jalo, go tloga ka nako eo, re ne ra tshwara dipokano tsa rona le go dira tiro ya rona ya go rera ka kelotlhoko thata.

Kwa bofelong jwa June 1941, Jeremane ya Bonasi e ne ya tlhasela Soviet Union ka tshoganyetso mme pele ga moo dinaga tseno di ne di dirisana mmogo. Ka bonako morago ga foo, mephato ya kwa Romania e ne ya thopa Bessarabia gape. Se se ne sa dira gore re busediwe gape kwa Romania.

Mo metsaneng e e gaufi Basupi ba ba neng ba gana go dira tirelo ya bosole kwa Romania ba ne ba tshwarwa, mme bontsi jwa bone ba ne ba atlholelwa dingwaga di le 20 go dira tiro e e bokete mo dikampeng tsa pogisetso. Rre o ne a laelwa go ya kwa seteisheneng sa mapodise mme a itewa setlhogo ka gonne e le Mosupi. Le nna ke ne ka tsewa ka dikgoka kwa sekolong gore ke isiwe kerekeng.

Ntwa ya Lefatshe ya II e ne e ela bokhutlong. Ka March 1944 Ba-Soviet ba ne ba thopa Bessarabia e e ka kwa bokone go sa lebelelwa. Mo e ka nnang ka August ba ne ba setse ba gapile naga yotlhe. Ka nako eo ke ne ke tshwara dingwaga tsa me tsa bosha.

Ka bonakonyana fela, banna botlhe ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng mo motseng wa rona ba ne ba kwadisediwa bosole jwa Soviet. Mme Basupi ba ne ba nna ba ntse ba itlhaotse mo dipolotiking. Ka jalo ba ne ba atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Ka May 1945, Ntwa ya Lefatshe ya II kwa Yuropa e ne ya fela fa Jeremane e ne e ineela. Le fa go ntse jalo, Basupi ba le bantsi kwa Moldova ba ne ba nna ba ntse ba le mo kgolegelong go fitlha ka 1949.

Matlhotlhapelo a Morago ga Ntwa

Fa ntwa e sena go khutla ka 1945, Moldova e ne ya tlhaselwa ke komelelo e kgolo. Le fa go ne go na le leuba, puso ya Soviet e ne e ntse e batla gore balemirui ba ntshe karolo e kgolo ya dilo tse ba di lemang go duela lekgetho. Seno se ne sa dira gore go nne le leuba le le boitshegang. Mo e ka nnang ka 1947, ke ne ke setse ke bone ditopo di le dintsi mo mebileng ya T̩aul. Nkgonne yo o bidiwang Yefim o ne a tlhokafala mme nna ke ne ka nna ke le bokoa ka ntlha ya tlala dibeke di le dintsi mo ke neng ke sa kgone le go tsamaya. Leuba le ne la feta mme rona Basupi ba ba neng ba sa ntse ba tshela re ne ra tswelela ka bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa. Fa nna ke ne ke ntse ke rera molaetsa wa Bogosi mo motseng wa rona, nkgonne yo mongwe yo o bidiwang Vasile, yo o neng a mpheta ka dingwaga di le supa, ene o ne a rera mo metsaneng e mengwe e e fa gaufi.

Fa Basupi ba ntse ba tswelela ka tlhagafalo mo bodireding, balaodi ba ne ba simolola go ba ela tlhoko thata. Ka ntlha ya tiro ya rona ya go rera le go sa batle ga rona go nna le seabe mo dipolotiking kgotsa go dira tiro ya bosole, puso ya Soviet e ne ya simolola go phuruphutsha matlo a rona e batla dikgatiso tsa Baebele le go re tshwara. Ka 1949 Basupi bangwe ba diphuthego tse di gaufi ba ne ba fudusediwa kwa Siberia. Mme rona ba re setseng re ne ra simolola gape go dira maiteko a go nna kelotlhoko thata mo bodireding jwa rona.

Mme ka nako eo, ke ne ka lwala thata mme ka nna bokoa le go feta. Kgabagare dingaka di ne tsa re ke na le thibii ya marapo mme ka 1950 leoto la me la moja le ne la tsenngwa semente.

Go Romelwa Kwa Siberia

Ka April 1, 1951, leoto la me le sa ntse le le mo sementeng, nna le ba lelapa la gaetsho re ne ra tshwarwa mmogo le Basupi ba bangwe, mme ra fudusediwa kwa Siberia. * E re ka re ne re sa fiwa le nako ya go ipaakanya, re ne ra kgona go tsaya fela dijonyana di sekae.

Kgabagare, morago ga go tsamaya dibeke di le pedi ka terena, re ne ra goroga kwa Asino, kwa kgaolong ya Tomsk. Fa re fitlha koo, re ne ra folosiwa jaaka dikgomo. Le fa go ne go le tsididi thata, go ne go le monate go hema mowa o o phepa. Ka May, fa aese e ne e simolola go gakologa, re ne ra tsewa ka sekepe ra isiwa kwa Torba e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 100, kwa go neng go na le kampa e e agilweng ka dikgong mo sekgweng se se kitlaneng sa Siberia. Re ne ra simolola katlholo ya rona ya go dira tiro e e boima mo lefelong leno—katlholo e re neng ra bolelelwa gore e ka se ka ya fela.

Le mororo go dira tiro e e boima mo kampeng eno e e agilweng ka dikgong go ne go sa tshwane le go nna kwa kgolegelong, re ne re nna re beilwe leitlho. Bosigo lelapa la gaetsho le ne le robala mmogo mo letorokong la diterena. Ka setlha seo sa selemo re ne ra aga matlo—bontlhanngwe jwa one bo ne bo le kwa tlase ga lefatshe mme jo bongwe bo le ka fa godimo—gore re tle re itshireletse mo marigeng.

E re ka leoto la me le ne le le mo sementeng, ke ne ka abelwa tiro ya go dira dipekere go na le go bereka kwa sekgweng. Tiro eno e ne ya dira gore ke kgone go thusa go kwalolola ka sephiri dimakasine tsa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele. Ka tsela nngwe dikgatiso tseno di ne di tsena ka metlha ka bokhukhuntshwane mo lefelong le re neng re le mo go lone di tswa sekgala sa dikilometara di le dintsi go tswa kwa bophirima jwa Yuropa.

Go Tshwarwa le go Tsenngwa mo Kgolegelong

Ka 1953 semente se ne sa ntshiwa mo leotong la me. Mme ka nako eo, le fa ke ne ke leka go nna kelotlhoko, mapodise a KGB a ne a utlwa ka tiro ya me ya semoya, go akaretsa le go kwalololwa ga dikgatiso tsa Baebele. Ka jalo, kgabagare nna mmogo le Basupi ba bangwe re ne ra atlholelwa dingwaga di le 12 mo kgolegelong ya kampa. Le fa go ntse jalo, ka nako ya tsheko, rotlhe re ne ra kgona go neela bosupi jo bo molemo ka Modimo wa rona e bong Jehofa le ka maikaelelo a gagwe a a lorato ka batho.

Rona magolegwa re ne ra romelwa kwa dikampeng tse di farologaneng gaufi le Irkutsk, dikilometara di le makgolokgolo go ya kwa botlhaba. Dikampa tseno di ne di diretswe go otlhaya batho ba ba neng ba tsewa e le baba ba Puso ya Soviet. Go tloga ka April 8, 1954, go fitlha mo masimologong a 1960, ke ne ke le mo dikampeng tsa pogisetso tse 12 tse di farologaneng. Morago ga foo, ke ne ka fudusediwa dikilometara tse di fetang 3 000 go ya kwa bophirima kwa lefelong le legolo la dikampa tsa kgolegelo tsa kwa Mordovia mo e ka nnang dikilometara di le 400 go ya borwabotlhaba jwa kwa Moscow. Fa ke le koo ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le Basupi ba ba ikanyegang ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Soviet Union.

Ba-Soviet ba ne ba lemoga gore fa Basupi ba ne ba letlwa gore ba kopakopane ba gololesegile le magolegwa a e seng Basupi, bangwe ba batho bano le bone ba ne ba nna Basupi. Ka jalo, kwa kgolegelong ya Mordovia e e leng bogolo jwa dikilometara di le 30, e e neng e na le dikampa di le dintsi tse go berekelwang mo go tsone, go ne ga dirwa maiteko a gore re kgaoganngwe le magolegwa a mangwe. Go ne ga tsenngwa Basupi ba ba fetang 400 mo kampeng ya rona. Mo e ka nnang dikilometara di se kae go tswa mo kampeng ya rona, go ne go na le bokgaitsadi ba Bakeresete mo kampeng e nngwe.

Mo kampeng ya rona ke ne ke thusa thata ka go rulaganya dipokano tsa Bokeresete le go kwalolola dikgatiso tsa Baebele, tse di neng di tsentswe mo kampeng ya rona ka bokhukhuntshwane. Go bonala balaodi ba kampa ba ile ba utlwa ka dilo tse di neng di direga mo kampeng. Ka bonako morago ga foo, ka August 1961, ke ne ka atlholelwa ngwaga kwa Kgolegelong e e sa rategeng ya Vladimir ya nako ya fa go ne go busa bo-czar mo e neng e le dikilometara di le 200 kwa bokonebotlhaba jwa Moscow. Mokgweetsi wa sefofane wa kwa United States e bong Francis Gary Powers, yo sefofane sa gagwe se ileng sa thuntshiwa sa bo sa wa ka May 1, 1960, fa a ne a feta ka sefofane sa ditlhola kwa Russia, le ene e ne e le legolegwa koo go fitlha ka February 1962.

Fa ke ne ke sa ntse ke le kwa Kgolegelong ya Vladimir, ke ne ka fiwa dijo tse di lekaneng fela gore ke kgone go tshela. Ke ne ka kgona go itshokela tlala, ka gonne ke ile ka bolawa ke tlala fa ke ne ke le mosha, mme go ne go le boima go itshokela serame se se botlhoko sa mariga a dingwaga tsa 1961/62. Diphaepe tse di neng di fetlha mowa o o bothito di ne tsa thubega mme ga nna tsididi thata mo seleng e ke neng ke le mo go yone. Ngaka nngwe e ne ya bona seemo se se kotsi se ke leng mo go sone mme a rulaganya gore ke fudusediwe kwa seleng e nngwe e e botokanyana ka nako ya dibeke tse serame se neng se gaketse thata ka tsone.

Go Nonotshiwa Gore ke Kgone go Lebana le Kgwetlho

Go nna le dikakanyo tse di sa siamang go ka kgoba motho marapo fa a ntse a le mo kgolegelong dikgwedi di le dintsi, mme ke sone se balaodi ba kgolegelo ba neng ba batla gore se direge. Le fa go ntse jalo, ke ne ka rapela ka metlha mme moya wa ga Jehofa le Dikwalo tse ke neng ke di gakologelwa di ne tsa nnonotsha.

Fa ke ne ke le kwa Kgolegelong ya Vladimir ke ne ke kgona go tlhaloganya sentle mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng “re patikwa ka tsela nngwe le nngwe, mme ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng” le gore re “akabetse, mme ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele.” (2 Bakorintha 4:8-10) Morago ga ngwaga, ke ne ka busediwa kwa kampeng ya kgolegelo ya Mordovia. Mo dikampeng tseno, ke ne ka wetsa katlholo ya dingwaga di le 12 ka April 8, 1966. E ne ya re ke gololwa, ke ne ka tlhalosiwa ke le motho “yo o ka se fetolweng.” Mo go nna seo se ne se supa sentle gore ke ile ka ikanyega mo go Jehofa.

Gantsi ke ne ke bodiwa gore re kgonne jang go amogela le go kwalolola dikgatiso tsa Baebele fa re ne re le kwa dikampeng tsa Soviet le fa go ne go dirwa maiteko a go re thibela. Mogolegwa mongwe wa dipolotiki wa kwa Latvia yo o neng a nna dingwaga di le nnè kwa kampeng ya kgolegelo ya basadi ya Potma o ne a re ke selo se se neng se kgonwa go dirwa ke batho ba se kae fela. Fa a sena go gololwa ka 1966, o ne a kwala a re: “Ka tsela nngwe Basupi ba ne ba amogela dikgatiso tse dintsintsi.” O ne a konela ka gore: “Go ne go ntse jaaka e kete baengele ba ne ba tla bosigo ba tla go latlhela dikgatiso tseo foo.” Ee, ke ka thuso ya Modimo fela re neng ra kgona go fitlhelela tiro ya rona!

Lobakanyana Lwa Kgololesego

Fa ke sena go gololwa, bakaulengwe ba ba etelelang pele ba ne ba nkopa gore ke fudugele kwa bophirima jwa Ukraine, gaufi le Moldova, gore ke ye go thusa bakaulengwe ba kwa Moldova. Le fa go ntse jalo, e re ka nkile ka bo ke le legolegwa, mapodise a KGB a ne a mpeile leitlho thata, mme ke ne ke sa kgone go dira sepe. Morago ga dingwaga di le pedi, ke sena go tshosediwa ka gore ke tla busediwa kwa kgolegelong, ke ne ka fudugela kwa repaboliking ya Soviet ya Kazakhstan, kwa balaodi ba teng ba neng ba tlhatlhoba makwalo itshupo a rona sewelo gone. Mme ka 1969, fa batsadi ba me ba ne ba ne ba simolola go lwala thata, ke ne ka fudugela kwa Ukraine go ya go ba tlhokomela. Fa ke le koo, mo toropong ya Artyomosk kwa bokone jwa motse o mogolo wa Donetsk, mookamedi mongwe wa mapodise a KGB o ne a ntshosetsa ka gore o tla mpusetsa gape kwa kgolegelong, jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno.

Jaaka go ile ga lemotshega, mookamedi yono o ne a leka fela go ntshosetsa. Go ne go se na bosupi jo bo lekaneng jwa go mpona molato. E re ka ke ne ke ikemiseditse go tswelela ka bodiredi jwa me jwa Bokeresete, mapodise a KGB a ne a nna a mpeile leitlho gongwe le gongwe kwa ke yang gone, ka jalo ke ne ka tswelela ke tlhokomela batsadi ba me. Mmè le Rre ka bobedi ba ne ba tlhokafala ba ikanyega mo go Jehofa. Rre o ne a tlhokafala ka November 1969 mme Mmè ene o ne a tshela go fitlha ka February 1976.

Fa ke fudugela gape kwa Ukraine, ke ne ke le dingwaga di le 40. Fa ke ntse ke tlhokomela batsadi ba me koo, ke ne ke le mo phuthegong e le nngwe le mosetsana mongwe yo o bidiwang Maria. O ne a le dingwaga di le robedi fela, fa jaaka lelapa la gaetsho, batsadi ba gagwe le bone ba ne ba tsewa go tswa kwa Moldova mme ba isiwa kwa Siberia mo masimologong a April 1951. Maria o ne a re o rata tsela e ke opelang ka yone. Seo ke sone se dirileng gore re simolole go ratana mme le mororo ka bobedi jwa rona re ne re tshwaregile mo bodireding, re ne ra kgona go nna le nako ya go godisa botsala jwa rona. Mo e ka nnang ka 1970, ke ne ka mo kopa gore re nyalane.

Ka bonako morago ga foo morwadiarona e bong Lidia o ne a tsholwa. Mme ka 1983, fa Lidia a ne a le dingwaga di le lesome, motho mongwe yo pele e neng e le Mosupi o ne a nthekisa mo mapodiseng a KGB. Ka nako eo ke ne ke setse ke nnile le dingwaga tse di ka nnang lesome ke le molebedi yo o etang go ralala botlhaba jwa Ukraine. Batho ba ba neng ba ganetsa tiro ya rona ya Bokeresete ba ne ba kgona go tlisa batho ba ba neng ba ntsha bosupi jwa maaka kwa tshekong mme ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.

Fa ke le kwa kgolegelong ke ne ka kgaoganngwa le Basupi ba bangwe. Le mororo ke ne ke le nosi dingwaga di le dintsi jalo, batho ba ne ba ka se ka ba kgona go nthibela go atamela Jehofa, mme ka metlha o ne a ntshegetsa. Mo godimo ga moo, ke ne ka bona ditshono tsa go neela magolegwa a mangwe bosupi. Kgabagare, fa ke sena go nna dingwaga di le nnè mo kgolegelong, ke ne ka gololwa mme ka boa ka kopana le mosadi wa me le morwadiake, ba ka bobedi jwa bone ba ileng ba nna ba ikanyega mo go Jehofa.

Ke Boela Gape Kwa Moldova

Re ne ra nna ngwaga o mongwe gape kwa Ukraine mme morago ga foo ra boela ruri kwa Moldova kwa go neng go tlhokega mongwe yo o godileng semoyeng yo o nang le maitemogelo go thusa bakaulengwe gone. Ka nako eo, puso ya Soviet e ne ya re naya kgololesego e e oketsegileng. Re ne ra fitlha kwa Bălţi ka 1988, kwa Maria a neng a nna gone pele a isiwa botshwarwa dingwaga di le 37 pele ga foo. Ka 1988 go ne go na le Basupi ba ba ka nnang 375 mo motseng oo wa Moldova o e leng one wa bobedi o mogolo koo; gone jaanong go na le Basupi ba ba fetang 1 500! Le mororo re ne re nna kwa Moldova, ke ne ke ntse ke le molebedi yo o etang kwa Ukraine.

Ka nako ya fa mokgatlho wa rona o ne o amogelwa semolao kwa Soviet Union ka March 1991, batho ba le bantsi ba ne ba setse ba swabisitswe ke go palelwa ga puso ya Bokomonisi. Ba le bantsi ba ne ba tlhakane tlhogo e bile ba se na tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Ka jalo, fa Moldova e ikemela jaaka repaboliki, baagelani ba rona—tota le batho ba pele ba neng ba re bogisa ba ne ba fetogile ka gonne ba ne ba simolola go reetsa molaetsa wa rona thata! Fa re sena go gololwa ka 1951, go ne go setse Basupi ba sekaenyana fela kwa Moldova, mme gone jaanong go na le ba ba fetang 18 000 mo nageng e nnye eno ya baagi ba le 4 200 000. Go bogisiwa ga rona e ne e se sepe fa go bapisiwa le dilo tse dintsi tse di itumedisang tse di ileng tsa re diragalela!

Mo dingwageng tse di fa gare tsa bo1990 ke ne ka tlogela go nna molebedi yo o etang ka gonne ke ne ke lwala. Go na le dinako tse ka tsone ke neng ke tle ke ikutlwe ke kgobegile marapo ka ntlha ya boitekanelo jwa me. Le fa go ntse jalo, ke lemogile gore Jehofa o itse se re se tlhokang gore a re kgothatse. O re naya kgothatso e re e tlhokang ka nako e e tshwanetseng. Fa nka bo ke na le tshono ya go tshela botshelo jwa me sesha, a ke ne ke tla tlhopha go tshela ka tsela e nngwe? Nnyaa. Go na le moo, ke eletsa e kete nka bo ke ile ka nna pelokgale le go feta mo bodireding jwa me le go nna matlhagatlhaga le go feta.

Ke akanya gore Jehofa o ntshegofaditse le gore o segofatsa batlhanka ba gagwe botlhe go sa kgathalesege gore boemo jwa bone bo ntse jang. Re na le tsholofelo e e bonalang sentle, tumelo e e nonofileng e bile re tlhomamisega gore go ise go ye kae mongwe le mongwe o tla nna le botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Leina la naga eo gone jaanong ke Moldova, mme go tla dirisiwa lone mo setlhogong seno sotlhe go na le maina a pele e leng Moldavia kgotsa Moldavian Soviet Socialist Republic.

^ ser. 22 Mo mafelobekeng a mabedi a ntlha a April 1951, Ba-Soviet ba ne ba dira thulaganyo ya go phutha Basupi ba ga Jehofa le ba malapa a bone ba ba fetang 7 000 ba ba neng ba nna kwa karolong e e kwa bophirima jwa Soviet Union, mme ba fudusetsa diketekete tsa bone ka terena bokgakala jwa dikilometara di le dintsi go ya kwa botlhaba jwa Siberia.

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Legae la rona fa re ne re sa ntse re le kwa botshwarwa kwa Torba, Siberia, ka 1953. Rre le Mmè (kafa molemeng) le nkgonne e bong Vasile le morwawe (kafa mojeng)

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mo kampeng ya kgolegelo ka 1955

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bokgaitsadi ba Bakeresete kwa Siberia, fa Maria (kwa tlase kafa molemeng) a ne a le dingwaga di ka nna 20

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re na le morwadiarona e bong Lidia

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ka lenyalo la rona ka 1970

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke na le Maria gompieno