Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” ke Mang?

“Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” ke Mang?

“Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” ke Mang?

JESU o ne a rapela Modimo gangwe le gape, yo a neng a mmitsa Rara, e bile o ne a ruta batho ba bangwe gore ba rapele Modimo. (Mathaio 6:9-11; Luke 11:1, 2) Fa Jesu a ne a rapela a na le baaposetoloi ba gagwe—diura di sekae pele a swa—o ne a kopa jaana: “Rara, nako e tlile; galaletsa morwao, gore morwao a tle a go galaletse. Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:1, 3.

Ela tlhoko gore Jesu o rapela Ene yo a mmitsang “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” Fa a tswelela o bontsha bogolo jwa Modimo jaana: “Jalo jaanong wena Rara, nkgalaletse gaufi le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone gaufi le wena pele lefatshe le nna gone.” (Johane 17:5) E re ka Jesu a ne a rapela Modimo a mo kopa gore a nne gaufi le ene, jaanong o ne a ka nna “Modimo yo o esi wa boammaaruri” jang gape? A re sekasekeng kgang eno.

Maemo a ga Jesu Kwa Legodimong

Jesu o ne a bolawa diura di sekae a sena go rapela thapelo eno. Le fa go ntse jalo, ga a ka a robala mo losong nako e telele—e ne ya nna go tloga ka Labotlhano thapama go fitlha ka Sontaga mo mosong. (Mathaio 27:57–28:6) Moaposetoloi Petere o bega jaana: “Jesu yono Modimo o ne a mo tsosa mo losong, tiragalo e rotlhe re leng basupi ba yone.” (Ditiro 2:31, 32) A go ne go ka direga gore Jesu a itsose mo losong? Nnyaa, go ya ka Baebele, baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) “Modimo yo o esi wa boammaaruri,” e bong Rraagwe Jesu wa kwa legodimong ke ene yo o neng a tsosa Morwawe.—Ditiro 2:32; 10:40.

Nakwana morago ga moo, morutwa wa ga Jesu e bong Setefane o ne a bolawa ke babogisi ba bodumedi. Setefane o ne a bona ponatshegelo nngwe fa ba tloga ba mo kgobotletsa ka maje. O ne a re: “Bonang! Ke bona magodimo a butswe le Morwa motho a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” (Ditiro 7:56) Ka jalo Setefane o ne a bona Jesu, “Morwa motho,” a thusa Modimo kwa legodimong—a le “kafa seatleng sa moja sa Modimo”—fela jaaka a ne a le ‘gaufi le Modimo’ pele a tla mo lefatsheng.—Johane 17:5.

Moragonyana fa Setefane a sena go bolawa, Jesu o ne a bonala ka tsela ya kgakgamatso kwa go Saulo, yo o itsegeng botoka ka leina la gagwe la Seroma, e bong Paulo. (Ditiro 9:3-6) Fa Paulo a ne a le kwa Athena kwa Gerika, o ne a bua ka “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.” O ne a re Modimo yono, ke gore “Modimo yo o esi wa boammaaruri,” o tla “atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng, e bile o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a mo tsositse mo baswing.” (Ditiro 17:24, 31) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa Jesu fano a re ke “monna”—ee, yo o kwa tlasenyana ka maemo mo Modimong—yo Modimo a neng a mo tsosetsa go ya go tshela kwa legodimong.

Moaposetoloi Johane le ene o ne a tlhalosa Jesu a re o kwa tlase mo Modimong ka maemo. Johane o ne a bolela gore o kwadile Efangele ya gagwe ka maikaelelo a gore batho ba ba e balang ba dumele gore “Jesu ke Keresete Morwa Modimo”—ga se Modimo ka boene. (Johane 20:31) Gape Johane o ne a bona ponatshegelo nngwe go tswa kwa legodimong e mo go yone a neng a bona “Kwana,” yo mo Efangeleng ya gagwe a neng a re ke Jesu. (Johane 1:29) Kwana yono o eme le ba bangwe ba ba 144 000, ba Johane a bolelang gore ke “ba ba rekilweng [kgotsa ba ba tsositsweng] mo lefatsheng.” Johane o tlhalosa gore ba ba 144 000 bano ba “kwadilwe leina la [ga Kwana] le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.”—Tshenolo 14:1, 3.

A Jesu e ka nna “Kwana” a bo a nna “Rraagwe [Kwana]” gape? Nnyaa le e seng. Baebele e bontsha gore batho bano ke batho ba babedi ba ba farologaneng. Tota e bile ba na le maina a a sa tshwaneng.

Leina la ga Kwana le la Rara

Jaaka re fetsa go bona, leina la Morwa Modimo, Kwana, ke Jesu. (Luke 1:30-32) Mme leina la ga Rraagwe lone ke mang? Le tlhaga mo Baebeleng makgetlho a le diketekete. Ka sekai, Pesalema 83:18 ya re: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Ka maswabi, leina la Modimo, Jehofa, le ntshitswe mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele, mme mo boemong jwa lone go dirisiwa mafoko “MORENA” le “MODIMO,” a gantsi a kwalwang ka ditlhaka tse dikgolo. A kwalwa jalo ka ditlhaka tse dikgolo go twe go bontshiwa pharologanyo magareng ga ga Jehofa le batho ba bangwe ba ba bidiwang medimo kgotsa barena. * Mme gone, Leina la Modimo le buseditswe mo le tshwanetseng teng mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele.

Thanolo ya Seesemane ya American Standard Version (1901) ke sekai se sentle sa thanolo ya Baebele e e buseditseng leina la Modimo, Jehofa, mo le tshwanetseng teng. Ketapele ya yone ya re: “Fa Baranodi ba [American Standard Version] ba sena go leba dilo ka kelotlhoko, ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore tumelobotlhodi ya Bajuda, e go ya ka yone Leina la Modimo le tsewang le le boitshepo thata gore le ka bidiwa, e ne e sa tlhole e tshwanela go laola thanolo ya Seesemane kgotsa thanolo epe fela e nngwe ya Tesetamente e Kgologolo, fela jaaka ka lesego e sa laole dithanolo di le dintsi tsa barongwa ba motlha wa rona.”

Thuto ya Tharonngwe e Tswa Kae?

Jaanong go tweng ka thuto ya gore tota Jehofa le Jesu ke Modimo a le mongwe, jaaka thuto ya Tharonngwe e bontsha? Makasine wa April-June 1999 wa The Living Pulpit o ne wa tlhalosa Tharonngwe jaana: “Go na le Modimo le Rara a le mongwe, Morena Jesu Keresete a le mongwe, le Moya o o Boitshepo o le mongwe, ‘batho’ ba bararo . . . ba ba tshwanang kgotsa ba tota e leng motho a le mongwe fela . . . ; batho bano ba bararo ke Modimo a le mongwe, ba na le dinonofo tse di tshwanang tsa tlholego, mme gone ba farologane thata, mongwe le mongwe a itsege ka botho jwa gagwe.” *

Thuto eno e e raraaneng ya Tharonngwe e simologile kae? Makasine wa May 20-27, 1998 wa Christian Century o nopola moruti mongwe yo o bolelang gore Tharonngwe ke “thuto e e simolotsweng ke kereke, ga se thuto ya ga Jesu.” Tota le fa Tharonngwe e se thuto ya ga Jesu, a e dumalana le se a neng a se ruta?

Rara o Mogolo go Morwa

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” Mo Baebeleng, Rraarona yo o kwa legodimong, yo leina la gagwe e leng Jehofa, o tlhalosiwa a le mogolo go Morwa. Ka sekai, Jehofa o “tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” Mme Baebele ya re Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe.” Jesu ka boene o ne a ruta gore Jehofa o mogolo mo go ene fa a ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Mathaio 6:9; Pesalema 90:1, 2; Bakolosa 1:15; Johane 14:28) Le fa go ntse jalo, thuto ya Tharonngwe e tlhalosa gore Rara le Morwa ke “Modimo a le mongwe.”

Kgang ya gore Rara o mogolo go Morwa, le gore Rara ke motho yo mongwe o sele, e bontshiwa sentle le mo dithapelong tsa ga Jesu, jaaka mo thapelong eno e a neng a e rapela pele a bolawa: “Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno [ke gore, loso lo lo tlontlololang] mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) Fa e le gore Modimo le Jesu ‘tota ke motho a le mongwe fela,’ jaaka thuto ya Tharonngwe e bontsha, go ne go ka direga jang gore thato ya ga Jesu kgotsa keletso ya gagwe e lebege e farologane le ya ga Rraagwe?—Bahebera 5:7, 8; 9:24.

Mo godimo ga moo, fa e le gore Jehofa le Jesu e ne e le motho a le mongwe, go ne go ka direga jang gore mongwe wa bone a itse dilo tse yo mongwe a sa di itseng? Ka sekai, Jesu o ne a bua jaana malebana le nako ya go atlholwa ga lefatshe: “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong kgotsa Morwa, fa e se Rara.”—Mareko 13:32.

Kafa Tharonngwe e Amanang ka Teng le Kereke

Jesu le Bakeresete ba pele ba ne ba sa rute thuto ya Tharonngwe. Jaaka go bontshitswe fa godimo, “ke thuto e e simolotsweng ke kereke.” Makasine wa 1999 wa The Living Pulpit o ne wa bua jaana ka Tharonngwe: “Ka dinako tse dingwe, go bonala mongwe le mongwe a akanya gore tharonngwe ke thuto ya motheo ya bodumedi ya Bokeresete,” mme fa makasine ono o tswelela pele o ne wa bontsha gore thuto eno ga se “kgopolo e e tswang mo Baebeleng.”

New Catholic Encyclopedia (1967) e tlhalosa Tharonngwe ka botlalo mme ya re: “Fa go sekasekwa dintlha tsotlhe, Tharonngwe ke thuto e e neng ya simololwa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo4 la dingwaga. . . . Tlhaloso ya ‘Modimo o le mongwe mo Bathong ba le bararo’ e ne e sa tlhomama, tota e bile e ne e se sengwe se Bakeresete ba neng ba se latela ka botlalo e bile e se karolo ya tumelo ya bone, pele ga lekgolo la bo4 la dingwaga le fela.”

Martin Werner, yo e leng porofesa kwa Yunibesithing ya kwa Bern, kwa Switzerland o ne a re: “Gongwe le gongwe mo Tesetamenteng e Ntšha mo go buiwang ka kamano ya ga Jesu le Modimo Rara, Jesu o tlhalosiwa sentle gore o kwa tlase ga Rara ka maemo, tota le fa go ka tswa go buiwa ka go tla ga gagwe mo lefatsheng e le motho kgotsa go nna ga gagwe Mesia.” Go bonala sentle gore se Jesu le Bakeresete ba pele ba neng ba se dumela se farologane thata le thuto e dikereke di e rutang gompieno ya Tharonngwe. Ka jalo, thuto eno e simologile kae?

Kwa Tharonngwe e Tlholegileng Gone

Baebele e bua ka ga medimo le medimogadi e le mentsi e batho ba neng ba e obamela, e e akaretsang Ashethorethe, Milekome, Kemoshe le Moleke. (1 Dikgosi 11:1, 2, 5, 7) Tota e bile nako nngwe batho ba le bantsi mo setšhabeng sa bogologolo sa Iseraele ba ne ba dumela gore Baale ke Modimo wa boammaaruri. Ka jalo, moporofeti wa ga Jehofa e bong Elija o ne a raya batho bao a re: “Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.”—1 Dikgosi 18:21.

Batho ba ne ba tlwaetse go obamela medimo ya boheitane ya tharonngwe le pele Jesu a tsholwa. Mokwalahisitori Will Durant a re: “Kgopolo ya medimo ya tharonngwe e simologile kwa Egepeto.” James Hastings o ne a kwala jaana mo bukeng ya Encyclopædia of Religion and Ethics: “Ka sekai, mo bodumeding jwa Se-India, go na le tharonngwe ya medimo Brahmā, Siva le Viṣṇu; mme mo bodumeding jwa Egepeto go na le tharonngwe ya medimo Osiris, Isis le Horus.”

Ka jalo, go na le medimo e mentsi. A Bakeresete ba pele ba ne ba dumela seo? Mme a ba ne ba tsaya Jesu e le Modimo Mothatayotlhe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Ka sekai, bona Pesalema 110:1 mo Baebeleng ya Setswana ya Central. Jesu le Petere ba ne ba nopola temana eno.—Mathaio 22:42-45; Ditiro 2:34-36.

^ ser. 14 Tumelo ya Motheo ya Ba-Athanasius, e e simolotsweng dingwaga di le makgolo a sekae morago ga loso lwa ga Jesu, e tlhalosa Tharonngwe jaana: “Rara ke Modimo: Morwa ke Modimo: le Moya o o Boitshepo ke Modimo. Mme le fa go ntse jalo, ga se Medimo e meraro: ke Modimo a le mongwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

EGEPETO

Tharonngwe ya medimo Horus, Osiris le Isis, mileniamo wa bobedi B.C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

PALMYRA, SIRIA

Tharonngwe ya modimo wa ngwedi, Morena wa Magodimo, le modimo wa letsatsi, mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

INDIA

Modimo yo o ditlhogo di tharo wa Bahindu, mo e ka nnang ka lekgolo la bosupa la dingwaga C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

NORWAY

Tharonngwe (Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo), mo e ka nnang ka lekgolo la bo13 la dingwaga C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ditshwantsho tse pedi tse di kwa godimo: Musée du Louvre, Paris