Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” a se Solofetsang

Se “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” a se Solofetsang

Se “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” a se Solofetsang

JEHOFA MODIMO o ne a baya batho ba ntlha ba babedi mo paradaiseng mo lefatsheng—mo tshimong ya Edene. O ne a ba laela gore ba nne le bana mme ba ‘fenye lefatshe,’ mme tiro eno e ne e tlile go akaretsa gore ba atolose legae la bone la Paradaise jaaka fa lelapa la bone le ntse le oketsega. (Genesise 1:26-28; 2:15) A boikaelelo jwa Modimo jwa gore batho ba tshele mo lefatsheng la paradaise bo tla tsamaya bo diragadiwa?

Eleruri bo tla diragadiwa! Go ya ka boporofeti jwa Baebele, “ruri [Jehofa] o tla kometsa loso ka bosaengkae” mme “o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” Fa seno se direga, “[ruri motho] o tla re: ‘Bona! Yono ke Modimo wa rona. Re solofetse mo go ene, mme o tla re boloka. Yono ke Jehofa. Re solofetse mo go ene. A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.’”—Isaia 25:8, 9.

Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa gore maemo a tla bo a ntse jang mo lefatsheng fa lefatshe leno kgotsa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e e laolwang ke Satane e tla bo e fedisitswe. Baebele e bua jaana ka “lefatshe le lesha” la batho ba ba ratang Modimo: “Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:1-4.

A ditsholofetso tse di molemolemo! A re ka di dumela? Akanya kafa loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo le dikgakgamatso tse a neng a di dira di re nayang lebaka ka gone la go dumela gore Modimo o tla diragatsa sengwe le sengwe se a se solofetsang.—2 Bakorintha 1:20.

Jesu o Ntsha Botshelo Jwa Gagwe e le Thekololo

Fa Satane a ne a tlhotlheletsa Adame gore a se ka a utlwa Modimo mme a leofe, bana botlhe ba ga Adame ba ne ba rua boleo. Baebele ya re: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” Le fa go ntse jalo, pego ya Baebele e tswelela e re: “Ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe [e bong Jesu yo o itekanetseng].” (Baroma 5:12, 19) Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo, Jesu ke “Adame wa bofelo,”—ene yo o ‘tswang kwa legodimong’—yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe e le “thekololo gore a bone ba le bantsi.”—1 Bakorintha 15:45, 47; Mathaio 20:28.

Ka jalo, batho botlhe ba ba bontshang tumelo mo go Jesu ba ka “gololwa [mo boleong] ka thekololo” mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Baefeso 1:7; Johane 3:36) Ntle le pelaelo re itumelela gore Jehofa Modimo o ile a rata lefatshe la batho mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe go nna Mmoloki wa rona! (Luke 2:10-12; Johane 3:16) Go sekaseka se Jesu a se diretseng batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba boga, go tla re thusa go bona se se tla diregang mo isagweng. Mme dilo tse Jesu a neng a di dira, ruri di ne di gakgamatsa!

Dilo Tse di Neng di Bontsha Gore Lefatshe le Lesha le Tla Nna Jang

Jesu o ne a kgona go fodisa batho botlhe ba ba neng ba lwala ba ba neng ba tlisiwa kwa go ene. Ga go na batho bape ba a neng a se ka a kgona go ba fodisa, go sa kgathalesege malwetse a bone. Mo godimo ga moo, o ne a dirisa ditlhapi le dinkgwe di se kae go fepa batho ba le diketekete ka tsela ya kgakgamatso, mme o ne a dira seo ka makgetlhonyana.—Mathaio 14:14-22; 15:30-38.

Fa Jesu a ne a thusa monna mongwe yo o neng a tshotswe e le sefofu gore a bone gape, baagelani ba gagwe le batho ba ba neng ba mo itse ba ne ba dumela gore seo ke kgakgamatso, mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba belaela. Ka jalo, monna yono yo o neng a thusitswe gore a bone gape o ne a ba raya a re: “Go tswa bogologolong ga go ise go ke go utlwiwe gore mongwe o butse matlho a motho yo o tsetsweng a le sefofu. Fa monna yono a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka se ka a dira sepe ka gope.”—Johane 9:32, 33.

Fa Jesu a ntse a tsweletse mo bodireding jwa gagwe, ntsalae e bong Johane Mokolobetsi yo o neng a golegilwe, o ne a roma barongwa ba gagwe gore ba ye go tlhomamisa dipego tse a neng a di utlwa ka ga Jesu. Baebele ya re: “Mo nakong eo [Jesu] o ne a alafa bontsi jwa dipobolo le malwetse a a hutsafatsang le meya e e boikepo, a ba a naya batho ba le bantsi ba ba foufetseng letlhogonolo la go bona.” Mme Jesu o ne a raya barongwa bano a re: “Tsamayang, begelang Johane se lo se boneng le se lo se utlwileng: difofu di kgona go bona, ditlhotsa di a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa.”—Luke 7:18-22.

Akanya ka gone: Fa e le gore go kile ga direga sengwe se se molemo mo nakong e e fetileng, a seno se ne se ka se ka sa dira gore o dumele gore se ka direga gape? Fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso o ne a bontsha ka selekanyo se sennye se a tlileng go se dira ka selekanyo se segolo mo pusong ya gagwe ka nako ya fa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Dikgakgamatso tsa gagwe ke bosupi jwa gore o ne a rometswe ke Modimo le gore ruri e ne e le Morwa Modimo.

Mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, boporofeti jo bo buang ka dilo tse di molemolemo bo tla diragadiwa ka tsela ya mmatota. Jaaka go boleletswe pele, matlho a difofu a tla bulwa, ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa, ditlhotsa di tla tlolaka jaaka kgama, mme ga go kitla go nna le motho ope yo o lwalang. Gape go tla bo go rena kagiso le pabalesego mo lefatsheng lotlhe. Tota le diphologolo tse gone jaanong di leng kotsi di tla bo di tshela le batho ka kagiso.—Isaia 9:6, 7; 11:6-9; 33:24; 35:5, 6; 65:17-25.

A o ne o ka rata go tshelela ruri mo pusong ya Bogosi jwa Modimo mo maemong a a ntseng jalo? Jesu o ne a bontsha se o tshwanetseng go se dira fa a ne a rapela rraagwe jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) E kete o ka se letle sepe go go thibela go tswelela pele o ithuta kitso eno e e nayang botshelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Modimo o solofetsa gore lefatshe le tla nna jaana