Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri o Tlhoka go Itshidila Mmele?

A Ruri o Tlhoka go Itshidila Mmele?

A Ruri o Tlhoka go Itshidila Mmele?

“Itshidile mmele gabedi mo bekeng gore o nne o itekanetse. Itshidile mmele metsotso e le 30 ka letsatsi. Se nwe bojalwa gore o se ka wa tsenwa ke bolwetse jwa kankere. Nwa bojalwa go fokotsa dikotsi tsa go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo. A o tle o ikutlwe o tlhakanngwa tlhogo ke dikgakololo tseno tse di newang batho ka maitlhomo a mantle? Tsatsi lengwe ditlhogo tse dikgolo tsa makwalodikgang di bua jaana, mme mo bekeng e e latelang di bua sengwe se se farologaneng le seo gotlhelele. . . . Ke eng fa baitsesaense ba sa kgone go dumalana? Ke ka ntlha yang fa mo bekeng eno go twe kofi e kotsi mme mo bekeng e e latelang go twe ga e kotsi?”—Barbara A. Brehm, Ed.D., porofesa wa dipatlisiso tse di malebana le go itshidila mmele le metshameko.

GANTSI baitse ba tsa boitekanelo ga ba dumalane mo dikgannyeng tse di bontshang kafa dijo di amang boitekanelo jwa motho ka teng. Batho ba le bantsi ba tlhakanngwa tlhogo ke tshedimosetso e ntsi e e malebana le se ba tshwanetseng go se dira le se ba sa tshwanelang go se dira gore ba nne ba itekanetse. Le fa go ntse jalo, go bonala baitsesaense ba dumalana ka botlalo malebana le botlhokwa jwa go itshidila mmele ka tsela e e lekanetseng—fa o batla botsogo jo bo botoka, o tshwanetse go itshidila mmele ka metlha!

Go se itshidile mmele ka tsela e e lekaneng e setse e le bothata jo bo masisi mo metlheng ya segompieno, segolo jang mo dinageng tse di tlhabologileng. Mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba ba neng ba nna mo dinageng tseno ba ne ba dira ditiro tse di tlhokang maatla, jaaka go lema, go tsoma kgotsa go aga. Ke boammaaruri gore gantsi bagologolwane ba rona ba ne ba utlwalelwa ke go bereka ka thata jalo e le gore fela ba kgone go itshedisa, e bile seno se ne se khutshwafatsa lobaka lo ba lo tshelang. Go ya ka Encyclopædia Britannica, “bogologolo kwa Gerika le Roma, palogare ya lobaka lo motho a neng a ka lo tshela e ne e le dingwaga di ka nna 28.” Go fapaana le moo, mo bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, palogare ya dingwaga tse batho ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng ba neng ba ka di tshela e ne e le dingwaga di ka nna 74. Ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le phetogo eno?

Botegeniki—A bo A Thusa Kgotsa bo a Gobatsa?

Gompieno batho ba na le botsogo jo bo botoka e bile ba tshela lobaka lo loleelenyana go feta batho ba ba neng ba tshela makgolo a le mantsi a dingwaga a a fetileng. Gareng ga dilo tse dingwe seno se bakwa ke diphetogo tse di leng teng mo go tsa botegeniki. Dilo tse di tlhamilweng tsa segompieno di fetotse tsela e re dirang dilo ka yone, mme ditiro di le dintsi ga di tlhole di le bokete go le kalo. Ba tsa kalafi ba dirile kgatelopele e kgolo go lwantsha malwetse, mme seno se tokafaditse botsogo jwa batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, seno gape se baka bothata bongwe.

Le fa botegeniki jwa segompieno bo thusitse batho gore ba nne le botsogo jo bo botoka, fa nako e ntse e tsamaya, gape bo ile jwa dira gore batho ba le bantsi ba dire dilo tse di sa ba tlhokeng gore ba dirise maatla. Mo pegong ya bosheng ya setlhogo se se reng International Cardiovascular Disease Statistics, mokgatlho wa American Heart Association o ne wa tlhalosa gore “go fetoga ga maemo a ikonomi, go fudugela ga batho kwa ditoropong le go tlwaela botshelo jwa teng, go tlhabololwa ga madirelo le diphetogo tse di amang lefatshe lotlhe, di dira gore batho ba latele mokgwa wa botshelo o o ka bakang bolwetse jwa pelo. Pego eno e tlhalosa gore dingwe tsa dilo tse dikgolo tse di ka bakang kotsi eno ke “go sa itshidile mmele le go sa je dijo tse di agang mmele.”

Mo dinageng di le dintsi, dingwaga di le 50 fela tse di fetileng, monna yo o berekang ka natla o ne a fufula kwa masimong a lema ka dipitse le mogoma, a pagama baesekele go ya kwa bankeng kwa motseng, mme maitseboa o ne a baakanya dilo tse di tlhokang go baakanngwa mo ntlong. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa ditlogolwana tsa gagwe bo farologane thata le jwa gagwe. Babereki ba gompieno ba dirisa khomputara mo e ka nnang letsatsi lotlhe, ba kgweetsa koloi go ya gongwe le gongwe kwa ba tlhokang go ya gone, mme ba fetsa maitseboa ba lebeletse thelebishene.

Go ya ka patlisiso nngwe, batho ba ba remang ditlhare kwa Sweden, ba pele ba neng ba dirisa dikilojoule di ka nna 29 000 ka letsatsi ka go rema ditlhare le go di goga, gone jaanong ba dirisa metšhine ya segompieno e e ba direlang bontsi jwa tiro eo e e boima. Mo nakong e e fetileng bontsi jwa ditsela tse di mo lefatsheng di ne di agiwa le go baakanngwa ke banna ba dirisa dipeke le digarawe. Mme gone jaanong, tota le mo dinageng tse di tlhabologang, go dirisiwa diterekere tse dikgolo le metšhine e mengwe e megolo go dira tiro e e ka bong e dirwa ka dipeke le digarawe.

Kwa dikarolong dingwe tsa China, batho ba setse ba simolotse go dirisa dithuthuthu tse dinnye mo boemong jwa dibaesekele. Kwa United States, kwa diperesente di le 25 tsa mesepele yotlhe e batho ba e tsayang e leng kwa tlase ga kilometara e le nngwe le halofo, diperesente di le 75 tsa mesepele eno e mekhutshwane di tsamaiwa ka dikoloi.

Gape, botegeniki jwa segompieno bo dirile gore bana ba se ka ba dirisa maatla a bone a mmele. Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore jaaka metshameko ya dibidio e ntse “e nna monate e bile e lebega e le dilo tsa mmatota go feta pele, bana . . . ba fetsa nako e ntsi ba tobetsa metšhine ya bone ya metshameko eno.” Go ile ga lemogiwa se se tshwanang malebana le go lebelela thelebishene le mefuta mengwe ya go itlosa bodutu e e sa tlhokeng gore bana ba dirise maatla a bone a mmele.

Dikotsi Tsa go se Itshidile Mmele

Go se itshidile mmele go ile ga felela ka mathata a le mantsi a botsogo a a amang mmele, tlhaloganyo le maikutlo. Ka sekai, bosheng jaana mokgatlho mongwe wa tsa boitekanelo kwa Boritane o ne wa bega jaana: “Bana ba ba sa diriseng maatla a bone a mmele ba mo kotsing ya go nna batho ba ba sa itshepeng, ba ba nang le ditlhobaelo le ba ba gateletsweng thata mo maikutlong. Gape go ka direga thata gore bana bano ba goge motsoko le go dirisa diokobatsi go feta bana ba ba dirisang maatla a bone a mmele. Bathapiwa ba tiro ya bone e sa ba tlhokeng go dirisa maatla a mmele ga ba ye tirong ka metlha jaaka bathapiwa ba tiro ya bone e ba tlhokang go dirisa maatla a mmele. Batho ba ba sa itshidileng mmele ba felelwa ke maatla le matlhagatlhaga a go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi fa ba setse ba godile. Ka ntlha ya moo, ba le bantsi ba felelwa ke bokgoni jwa go itirela dilo ka bobone mme ba nna bokoa mo tlhaloganyong.”

Cora Craig, e bong poresidente wa Setheo sa kwa Canada sa Dipatlisiso ka ga Boitekanelo le Mokgwa wa Botshelo, o tlhalosa gore “batho ba Canada ga ba tlhole ba dira tiro ya bone ka matlhagatlhaga jaaka pele . . . Ka kakaretso, matlhagatlhaga a bone a fokotsegile.” Lokwalodikgang lwa kwa Canada lwa Globe and Mail lo bega jaana: “Batho ba diperesente di ka nna 48 ba kwa Canada ba bakima, mme go na le ba diperesente di le 15 ba ba leng bakima ka tsela e e feteletseng.” Gape lokwalodikgang lono lo bontsha gore diperesente di le 59 tsa bagolo kwa Canada ke batho ba tiro ya bone e sa ba tlhokeng go dirisa maatla a bone a mmele. Dr. Matti Uusitupa, wa Yunibesithi ya Kuopio, kwa Finland, o tlhagisa gore “palo ya batho ba ba tshwarwang ke mofuta o o tlwaelegileng wa bolwetse jwa sukiri jwa type 2 e oketsega ka bofefo ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ba bakima ka tsela e e feteletseng e bile ga ba matlhagatlhaga mo botshelong.”

Patlisiso nngwe ya bosheng e ne ya bontsha gore kwa Hong Kong go bonala diperesente di ka nna 20 tsa batho ba dingwaga tse 35 le go feta ba swa ka ntlha ya malwetse a a bakwang ke go sa itshidile mmele. Patlisiso eno e e neng e eteletswe pele ke Porofesa Tai-Hing Lam wa Yunibesithi ya Hong Kong mme ya phasaladiwa ka 2004 ke Annals of Epidemiology, e ne ya konela ka go bolela gore “dikotsi tsa go sa itshidile mmele di feta dikotsi tsa go goga motsoko” mo bathong ba China ba ba nnang kwa Hong Kong. Babatlisisi ba bolelela pele gore naga yotlhe ya China “e tla nna le dipalo tse dikgolo jalo tsa batho ba ba swang ka ntlha ya malwetse a a bakwang ke go sa itshidile mmele.”

A batho ba tshwanetse go tshwenyega ka seno? A go se itshidile mmele go ka tsenya botsogo jwa rona mo kotsing go feta go goga motsoko? Batho ba le bantsi ba dumela gore fa o bapisa batho ba ba itshidilang mmele le ba ba sa itshidileng mmele, go ka direga thata ka ba ba sa itshidileng mmele gore ba nne le bothata jwa kgatelelo e e kwa godimo ya madi, ba tshwarwe ke seterouku le go ema pelo, ba tshwarwe ke mefuta e e rileng ya malwetse a kankere le bolwetse jwa osteoporosis, mme bontsi jwa bone ba nna bakima ka tsela e e feteletseng. *

The Wall Street Journal e bega jaana: “Mo kontinenteng nngwe le nngwe ya lefatshe, tota le mo dikgaolong tse batho ba le bantsi ba tlhaelang dijo mo go tsone, palo ya batho ba ba nonneng kgotsa ba bakima ka tsela e e feteletseng e oketsega ka lobelo lo lo boitshegang. Selo se segolo se se bakang bothata jono: e ntse ke go ja dijo tse di nang le dikilojoule tse dintsi mmogo le go sa itshidile mmele, e leng tsone dilo tse di gakatsang leroborobo la monono kwa United States.” Dr. Stephan Rössner e bong porofesa wa tsa boitekanelo kwa Setheong sa Karolinska kwa Stockholm, kwa Sweden, o dumalana le seno mme o ne a ba a re: “Ga go na naga epe mo lefatsheng e e se nang bothata jo bo ntseng bo oketsega jwa batho ba ba nonang ka tsela e e feteletseng.”

Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go bonala sentle gore fa re batla go nna le botsogo jo bo botoka re tshwanetse go nna le thulaganyo ya go itshidila mmele ka tsela e e lekanetseng. Mme le fa go boletswe phatlalatsa ka dikotsi tsa go sa itshidile mmele, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba sa ntse ba sa dire sepe go itshidila mmele. Mokgatlho wa World Heart Federation o dumela gore batho ba diperesente tse di magareng ga 60 le 85 mo lefatsheng “ga ba itshidile mmele ka tsela e e lekaneng gore ba nne le botsogo jo bo botoka, segolo jang basetsana le basadi.” Mokgatlho ono o bolela gore “le bana ba ba dirang mo e ka nnang karolo ya pedi tharong ga ba matlhagatlhaga ka tsela e e lekaneng gore ba nne le botsogo jo bo botoka.” Kwa United States, bagolo ba diperesente di ka nna 40 ga ba itshidile mmele, mme mo e ka nnang halofo ya basha ba dingwaga tse di fa gare ga 12 le 21 ga ba dire ditiro tsa ka metlha tse di ba tlhokang go dirisa maatla a bone a mmele.

Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa go bona kafa batho ba le bantsi ba sa itshidileng mmele ka teng kwa dinageng di le 15 tsa Yuropa e ne ya fitlhela gore batho bano ke ba diperesente di le 43 kwa Sweden go ya go diperesente di le 87 kwa Portugal. Kwa São Paulo, kwa Brazil, diperesente di ka nna 70 tsa batho ga ba itshidile mmele. Mokgatlho wa World Health Organization (WHO) o bega gore “go a gakgamatsa go bona kafa tshedimosetso ya dipatlisiso tsa boitekanelo tse di dirilweng mo lefatsheng lotlhe e tshwanang ka gone.” Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo go fopholediwa gore batho ba ka nna dimilione di le pedi ba a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya malwetse a a bakwang ke go sa itshidile mmele.

Baitse ba tsa boitekanelo mo lefatsheng lotlhe ba tsaya bothata jono bo le masisi tota. Ka gone, mekgatlho ya dipuso mo lefatsheng lotlhe e simolotse matsholo a a farologaneng a go ruta batho ka melemo ya go itshidila mmele ka tsela e e lekaneng. Australia, Japane, le United States di solofela gore ka ngwaga wa 2010 di tla bo di thusitse baagi ba tsone go oketsa selekanyo se ba itshidilang mmele ka sone ka diperesente di le 10. Naga ya Scotland e ikaeletse gore ka ngwaga wa 2020, diperesente di le 50 tsa bagolo ba naga eno ba bo ba itshidila mmele ka metlha. Pego ya WHO e tlhalosa gore “dinaga tse dingwe tse di buileng thata ka dithulaganyo tsa tsone tsa go tlhagisa batho ka botlhokwa jwa go itshidila mmele ke Mexico, Brazil, Jamaica, New Zealand, Finland, Russian Federation, Morocco, Vietnam, Afrika Borwa le Slovenia.”

Le fa dipuso le mekgatlho ya tsa boitekanelo e dira maiteko a go thusa batho mo kgannyeng eno, mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela botsogo jwa gagwe. Ipotse jaana, ‘A ke matlhagatlhaga ka tsela e e lekaneng? A ke itshidila mmele ka tsela e e lekaneng? Fa e le gore ga go a nna jalo, nka dirang go fetola mokgwa wa me wa go sa itshidile mmele?’ Setlhogo se se latelang se tla go bontsha kafa o ka oketsang ka gone selekanyo se o itshidilang mmele ka sone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Go se itshidile mmele go ka gakatsa thata kotsi ya gore motho a tshwarwe ke malwetse mangwe a a ka tsenyang botshelo jwa gagwe mo kotsing. Ka sekai, go ya ka American Heart Association, go se itshidile mmele “go dira gore motho a nne mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo go menagane gabedi mme go oketsa ka diperesente di le 30 kotsi ya gore a nne le kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi. Gape go menaganya sebedi kotsi ya gore motho a swe ka ntlha ya CVD [cardiovascular disease (bolwetse jwa pelo le ditshika tsa madi)] le seterouku.”

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Ditshenyegelo Tse di Bakwang Ke go Se Itshidile Mmele

Dipuso di le dintsi le mekgatlho ya tsa boitekanelo di tshwenyegile thata ka ntlha ya tsela e go se itshidile mmele go senyetsang setšhaba madi ka yone.

Australia - Kwa nageng eno madi a batho ba a duelelang kalafi ngwaga le ngwaga ka ntlha ya mathata a a bakwang ke go se itshidile mmele ke diranta di le dimilione di le dikete di le 2,15.

Canada - Go ya ka mokgatlho wa World Heart Federation, kwa Canada go ne ga dirisiwa mo ngwageng o le mongwe fela diranta di feta dimilione di le dikete di le 11 go duelela ditshenyegelo tsa kalafi “tse di bakwang ke go se itshidile mmele.”

United States - Ka ngwaga wa 2000, kwa United States go ne ga dirisiwa madi a mantsi tota a diranta di le dimilione di le dikete di le 433 go duelela ditshenyegelo tsa kalafi tsa mathata a a amanang ka tlhamalalo le go se itshidile mmele.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Bana ba Tlhoka go Dirisa Maatla a Bone a Mmele

Dipatlisiso tsa bosheng di lemogile gore bana ba le bantsi ga ba dire dilo tse di tlhokang gore ba dirise maatla a bone a mmele ka metlha. Gantsi basetsana ga ba ke ba dira ditiro tse di tlhokang gore ba dirise maatla a bone a mmele jaaka basimane. Go bonala gore fa bana ba ntse ba gola, matlhagatlhaga a bone a a fokotsega. Eno ke mengwe ya melemo e mentsi e bana ba ka nnang le yone ka go dira dilo tse di ba tlhokang gore ba dirise maatla a bone a mmele ka metlha:

● Go nna le marapo le mesifa e e nonofileng le malokololo a a nonofileng

● Go thibela bothata jwa go nona le go nna mokima ka tsela e e feteletseng

● Go thibela kgotsa go diegisa mathata a go nna le kgatelelo e e kwa godimo ya madi

● Go thibela bolwetse jwa sukiri jwa Type 2

● Go itshepa go feta pele le go se nne le bothata jwa go tlhobaela le go gatelelwa mo maikutlong

● Go nna matlhagatlhaga mo go ka dirang gore ba tswelele ba le matlhagatlhaga le fa ba setse ba godile

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go Thusa Batsofe go Nna le Botsogo jo bo Botoka

Go ile ga bolelwa gore fa motho a tsofetse, a ka solegelwa molemo thata ke go nna le thulaganyo ya go itshidila mmele ka tsela e e lekanetseng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba godileng ba okaoka go itshidila mmele ka metlha ka gonne ba tshaba gore ba tla ikgobatsa kgotsa ba tla lwala. Gone mme, batho ba ba godileng ba tshwanetse go ya go tlhatlhobiwa ke ngaka pele ba simolola thulaganyo ya go itshidila mmele ka matlhagatlhaga. Le fa go ntse jalo, baitse ba dumela gore go itshidila mmele go ka tokafatsa thata botshelo jwa batho ba ba godileng. Tseno ke dingwe tsa dilo tse batho ba ba godileng ba ka di tokafatsang fa ba itshidila mmele ka metlha:

● Go nna tlhaga mo tlhaloganyong

● Go tsamaya ba sa thetheekele le go nna le mesifa e e sa gagamalang

● Go se nne le malwetse a maikutlo

● Go fola ka bonako fa ba lwala kgotsa ba gobetse

● Tsela e mala le sebete sa bone di berekang ka yone

● Selekanyo se mmele wa bone o dirisang dijo ka sone

● Thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse

● Selekanyo se marapo a bone a nonofang ka sone

● Maatla a bone