Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Intsha le Motho o Dirisa Internet go ka Nna Kotsi Tota?

A go Intsha le Motho o Dirisa Internet go ka Nna Kotsi Tota?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A go Intsha le Motho o Dirisa Internet go ka Nna Kotsi Tota?

“Fa o dirisa Internet, go ka nna ga direga gore o se ka wa itse motho yo o buisanang le ene.”—Dan, 17. *

“Batho ba kgona go bua maaka fa ba dirisa Internet. Go motlhofo go itira se o seng sone.”—George, 26.

GO INTSHA ka go dirisa Internet go ntse go a oketsega mo lefatsheng. Jaaka setlhogo se se fetileng sa metseletsele eno ya ditlhogo se ile sa bontsha, dithatano tsa Internet di ka nna tsa simologa ka bonako mme gantsi di fela ka bonako fa baratani ba lebana le boammaaruri. * Le fa go ntse jalo, bothata jo bogolo fano ga se fela gore o tla sala o swabile. Go intsha le mongwe ka tsela eno go ka go gobatsa thata—mo mmeleng, mo maikutlong le semoyeng.

Go ka direga jang gore selo se se lebegang se se kotsi jaana—se se jaaka khomputara mo legaeng la gago—se go tlhagisetse kotsi? Dikotsi dingwe di amana le molaomotheo mongwe o o botlhokwa wa Baebele. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Gone mme, seno ga se reye gore ga o ikanyege fa o dirisa Internet kgotsa le e leng gore Internet e tla dira gore o se ka wa ikanyega. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore gantsi batho ba bangwe ga ba ikanyege le gore jaaka dikakgelo dingwe kwa tshimologong ya setlhogo seno di ile tsa bontsha, go bonala Internet e dira gore go nne motlhofo go dira dilo dingwe tsa go sa ikanyege mme e bile e dira gore go nne thata gore di lemogiwe. Mme fa go tla mo kgannyeng ya thatano, go na le dikotsi tse dikgolo fa motho a sa ikanyege.

Ka sekai, ela tlhoko mofuta wa go sa ikanyege o temana eno ya Baebele e o tlhalosang: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.” (Pesalema 26:4) Go tewa eng fa go buiwa ka “ba ba fitlhang se ba leng sone”? Dithanolo dingwe tsa Baebele tsa re “baitimokanyi” mo temaneng eno. Jaaka buka nngwe ya dipatlisiso e bontsha, polelwana eno e ka raya “batho ba ba fitlhang maikaelelo a bone kgotsa maano a bone, kgotsa ba ba fitlhang se tota ba leng sone le maitlhomo a bone.” Go sa ikanyege go go ntseng jalo go dirwa jang mo Internet? Mme seno se ka nna kotsi jang mo bathong ba ba batlang mongwe yo ba ka ratanang le ene?

Diphiri mo Letlalong la Dinku

Rre mongwe yo o bidiwang Michael o ne a tshoga fa a utlwa kwa seminareng nngwe gore bontsi jwa bana ga ba ikobele melao ya batsadi malebana le go bula dikarolo tse di kotsi mo Internet. A re: “Se se neng sa ntshwenya le go feta e ne e le go utlwa gore banna ba ba ratang go tlhakanela dikobo le bana ba ka dirisa Internet go ngoka bana go kopanela le bone mo ditirong tse di maswe tsa tlhakanelodikobo.” Fa basha ba dirisa Internet go kopana le batho ba bangwe, ba ka tsena mo kotsing e kgolo go feta kafa ba akanyang ka teng.

Go ile ga nna le dipego tsa gore go na le dilalome tsa bagolo ba ba ratang go tlhakanela dikobo le basha ba ba dirang e kete ke basha fa ba ntse ba fenyenkolola Internet ba batla basha ba ba ka tlhakanelang dikobo le bone. Go ya ka patlisiso nngwe, “a le mongwe mo baneng ba le batlhano ba ba dirisang Internet o setse a kile a kopiwa go tlhakanela dikobo.” Lokwalodikgang longwe le lone lo ile lwa bolela gore ngwana a le 1 mo go ba le 33 ba dingwaga di le magareng ga 10 le 17 o ne a “tlhorontshiwa” ka metlotlo ya khomputara.

Ka maswabi basha bangwe ba ile ba tshoga fa ba lemoga gore “mosha” yo ba ntseng ba ratana le ene mo Internet tota e ne e le legolegwa la motho yo o godileng. Basha ba bangwe, ba sa lemoge, ba ile ba ikamanya le batho ba ba batlang gore ba tlhakanele dikobo le bone. Dilalome tseno di simolola pele ka go “kgwabofatsa” motho yo ba batlang go mo tlhasela ka go dira gore a ba ikanye ka go mo romelela melaetsa e e botsalano ka Internet. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ba tla bo ba batla go kopana le motho yoo gore ba tle ba diragatse dikeletso tsa bone tse di bosula. Se se utlwisang botlhoko ke gore basha ba ile ba itewa, ba betelelwa tota le go bolawa ka ntlha ya seno.

Tota ke boammaaruri gore batho ba ba boikepo ba “fitlha se ba leng sone” gore ba tle ba bone batho ba ba ka ba tlhaselang ka go dirisa Internet. Dilalome tse di ntseng jalo di ka tswa di go gopotsa setshwantsho sa ga Jesu se se malebana le baporofeti ba maaka ba ba “tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku” mme tota e le “diphiri tse di garolakang.” (Mathaio 7:15) Motho a ka kgona go fitlha se a leng sone thata fa a dirisa Internet mo e leng gore ga go na go nna motlhofo go lemoga fa a go tsietsa. George yo o umakilweng pelenyana a re: “Fa o bua le motho o mmona, o kgona go ithuta sengwe mo sefatlhegong sa gagwe le mo segalong sa lentswe la gagwe. Mme fa o dirisa Internet ga o bone dilo tseo. Go motlhofo gore o tsiediwe.”

Kgakololo eno ya Baebele e tshwanela tota: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o kopanang le ene mo Internet yo e leng motsietsi. Le fa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe tse ka tsone batho ba “fitlhang se ba leng sone.”

Dikotsi Tsa Tsietso le go Fitlha se o Leng Sone

Ga go gakgamatse go bo gantsi batho ba ba dirisang Internet go batla mongwe yo ba ka ratanang le ene ba rata go feteletsa dinonofo tse dintle tse ba ka tswang ba na le tsone kgotsa go umaka dilo tse di seyong, ba bolela mekgwa ya bone e mentle le go nyenyefatsa kgotsa go fitlha diphoso tsa bone tse di masisi. Mo godimo ga moo, The Washington Post e ne ya nopola mokwadi mongwe a bolela jaana: “Go intsha le motho o dirisa Internet ga go a siama ka gonne batho ba a tsiediwa.” Makasine oo o oketsa jaana: “Gantsi batho ba go bolelela gore ke ba bong jo bo rileng jo e seng jone . . . . Gantsi ga ba bue sepe ka gore ba amogela bokae, . . . gore ke ba lotso lofe, gore ba kile ba ya kgolegelong, gore ba lwala malwetse a tlhaloganyo le gore a ba nyetse kgotsa nnyaa go fitlha lo setse lo na le nako e e telele lo ratana.” Go tlhagisa ba bangwe, ba le bantsi ba ile ba bolela kafa ba ileng ba tsiediwa ka gone ke batho ba ba neng ba intsha le bone ba dirisa Internet.

A go ka direga gore batho ba bue maaka ka selo se se botlhokwa jaaka boemo jwa bone jwa semoya? Ka maswabi go a direga—bangwe ba bolela gore ke Bakeresete ba boammaaruri fa tota e se bone. Ke eng fa ba tsietsa jalo? Lebaka ke ka go bo Internet e dira gore go nne motlhofo go dira jalo. Mosha mongwe wa kwa Ireland yo o bidiwang Sean o dumela jaana: “Go motlhofo go itira se o seng sone fa o kwala molaetsa mo khomputareng.”

Batho ba le bantsi ba tsaya tsietso eno e se sepe, ba ipolelela gore go tlwaelegile gore motho a bue maaka go sekaenyana fa a ratana. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Modimo o tlhoile maaka. (Diane 6:16-19) Go na le lebaka le le utlwalang la go bo a ikutlwa jalo. Botlhoko le khutsafalo e ntsi e e leng mo lefatsheng e bakilwe ke maaka. (Johane 8:44) Go sa ikanyege ke selo se se maswe fa motho a simolola go ratana, segolo jang fa boikaelelo e le go nna le kamano ya botshelo jotlhe. Se se maswe le go feta, go sa ikanyege go kotsi semoyeng, go senya kamano e motho a nang le yone le Jehofa Modimo ka gonne o bua maaka.

Ka maswabi, basha bangwe ba ile ba ineela mo mofuteng o mongwe wa go sa ikanyege. Ba ile ba tswelela ba na le botsalano le mongwe ba dirisa Internet mme ba sa bolelele batsadi ba bone ka seno. Ka sekai, batsadi ba mosha mongwe ba ne ba tshoga thata letsatsi lengwe fa kgarebe nngwe e e neng e se Mokeresete e ne e fitlha kwa legaeng la bone ba sa e lebelela e tswa bokgakala jwa dikilometara di le 1 500. Morwaabone o ne a ntse a intsha le ene a dirisa Internet ka dikgwedi di le thataro mme ba ne ba sa itse sepe ka ene go fitlha ba mmona!

Batsadi ba ne ba ipotsa jaana: “Seno se diragetse jang?” Ba ne ba akanya gore, ‘Go raya gore morwaarona o ile a kgatlhegela motho yo a iseng a ko a mmone le go mmona.’ Boammaaruri ke gore, ngwana wa bone o ne a ntse a ba tsietsa—mme e bile a fitlha se tota a leng sone. A ga se boammaaruri gore go tsietsa jalo ga se tsela e e molemo ya go simolola thatano?

Ratana le Motho yo o Mmonang Go na Le wa Internet

Go intsha le mongwe ka go dirisa Internet go na le dikotsi tse dingwe. Ka dinako tse dingwe, tsala e o kwalelanang le yone mo Internet e ka lebega e le yone e e tshelang go na le batho ba o ba bonang letsatsi le letsatsi. Ba losika, ditsala le maikarabelo a mangwe a gago di simolola go tla kwa morago. Mosha mongwe yo o bidiwang Monika wa kwa Austria a re: “Ke ne ka simolola go lebala ka batho ba bangwe ba ba botlhokwa mo botshelong jwa me ka gonne ke ne ke senya nako e ntsi ke kwalela batho ba ke sa ba itseng mo Internet.” E re ka seno se ne se mo tshwenya, o ne a swetsa gore a tlogele go dirisa Internet ka tsela eno.

Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba kgona go dirisa Internet ka tsela e e siameng. Go buisana ka Internet go ka nna mosola thata fa motho a batla go nna a ikgolaganya le ditsala le batho ba a ba ratang. Le fa go ntse jalo, wa itse gore ke boammaaruri gore ga go na sepe se se botlhokwa jaaka go bona motho ka matlho. Fa e le gore o “fetile nako ya bosha”—nako e dikeletso tsa tlhakanelodikobo di nonofileng ka yone—mme o batla go nyala, o na le tshwetso e e botlhokwa thata e o tshwanetseng go e dira mo botshelong jwa gago. (1 Bakorintha 7:36) Leka ka bojotlhe go dira tshwetso e e siameng.

Baebele e gakolola jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Go na le gore o dumele sengwe le sengwe se o se kwalelwang ke motho yo o iseng o ke o mmone, sekaseka dikgato tsa gago ka kelotlhoko. Go botoka gore o akantshe gore lo kopane mme o dire botsala le ene o mmona. Lekang go bona gore a lo a tshwanelana, segolo jang fa go tsenwa mo dilong tse di jaaka mekgele ya lona ya semoya le dilo tse lo di tsayang di le botlhokwa. Thatano e e ntseng jalo e tla dira gore lo nne le lenyalo le le itumedisang tota.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . ‘A ke Tshwanetse go Leka go Intsha le Mongwe ke Dirisa Internet?’” mo makasineng wa Tsogang! wa May 8, 2005.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

A tota o itse gore ke mang yo o go kwalelang melaetsa ka Internet?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Fa go tla mo kgannyeng ya thatano, go botlhokwa thata go kopana le motho ka namana