Sireletsa Letlalo la Gago!
Sireletsa Letlalo la Gago!
“Batho ba mo lefifing fela malebana le kafa letsatsi le ka nnang kotsi ka gone mo go bone . . . le kafa le ka gobatsang ditogwa tsa letlalo tse di laolang tsela e disele tsa letlalo [di-DNA] di berekang ka yone. Fa disele tseno di ntse di senyegela pele seno se ka dira gore motho a tshwarwe ke kankere ya letlalo.”—Dr. Mark Birch-Machin, yo o eleng mankge wa kankere ya letlalo.
LETLALO ke serwe se segolo thata mo mmeleng, mo banneng ba le bantsi le disekweremetara di ka nna 1,8 fa mo basading ba le bantsi le le disekweremetara di ka nna 1,6. Le na le disele tse di thusang motho go tsibogela dilo tse di jaaka go utlwa botlhoko, go amiwa le go gotediwa ke sengwe. Letlalo ke lone serwe sa pele se se sireletsang mmele gore o se ka wa sha, wa sitwa le go gobala, e bile gape le o sireletsa mo botlholeng, mo dikhemikaleng le mo dilong tse di ka o kgotlelang. Le dira gore metsi a a kafa ntle ga mmele a se ka a tsena mo teng ga mmele mme a a kafa gare a se ka a tswela kwa ntle. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se ka gobatsang letlalo. Selo seo ke letsatsi. Mme gone a letsatsi ga le botlhokwa mo botshelong?
Ruri le botlhokwa. Dimela tse re di tlhokang gore re tswelele re tshela di tlhoka letsatsi gore di gole. Mo godimo ga moo, marang a a lekanetseng fela a letsatsi a thusa mmele gore o itirele bitamine D, e e kgonang go sila calcium, mme calcium eno e re thuse go nna le marapo a a tiileng. Mme gone ela tlhoko gore sengwe le sengwe se nna kotsi fa se dirisiwa go feta selekanyo. Letsatsi le na le marang a a bidiwang ultraviolet (UV), a a kgonang go senyetsa letlalo ruri. Nngwe ya mathata a a bakwang ke marang ano ke go sosobana ga letlalo la motho mme a sa le monnye.
Buka ya Saving Your Skin e tlhagisa ka kotsi nngwe e e maswe le go feta: “Marang a ultraviolet a senya ditogwa tsa mmele tse di laolang tsela e disele di berekang ka yone, a bo a dira gore letlalo le se ka la kgona go itshireletsa mo dilong tse di ka le gobatsang e bile a kgona go gakatsa dikhemikale dingwe mo mmeleng tse di ka feleletsang di bakile kankere.” Ga go na motho ope yo o batlang go tshwarwa ke kankere. Mme gone kankere ya letlalo e aname go le kana kang? A ke sengwe se re tshwanetseng go tshwenyega ka sone?
Kankere ya Letlalo—Bolwetse jo bo Tlhasetseng Batho ba le Bantsi Gompieno
The Merck Manual e bolela gore kankere eno ke yone e segolobogolo e tlhaselang batho mo lefatsheng lotlhe. Kwa United States, motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le 6 go ya go 7 ba tshwarwa ke mofuta o o rileng wa kankere ya letlalo. Mme gone palo eno e ntse e oketsega le go feta. Go ya ka Dr. I. William Lane mo bukeng ya The Skin Cancer Answer, “go fopholediwa gore diperesente di le 50 tsa batho ba ba tshwarang dingwaga di le 65 ba tla tshwarwa ke mofuta o o rileng wa kankere.” Go ya ka American Academy of Dermatology (Mokgatlho wa Amerika o o Ithutang ka Malwetse a Letlalo), kankere ya letlalo e e kotsi ya melanoma, ke yone e bolayang batho ba le 7 500 ka ngwaga mo nageng eo mme palo eo e ntse e oketsega le go feta. Batho ba letlalo le lentsho le bone ba a tle ba tshwarwe ke kankere ya letlalo, mme e seng mo go kalo.
Ke eng fa kankere ya letlalo e tlhasela batho ka bontsi jaana? Le fa gone go ka tswa go na le dilo di le mmalwa
tse di e bakang, tse di jaaka gore motho o mo lefelong lefe, lefelo leo le apesiwa go le kana kang ke maru le gore ozone layer e senyegile go le kana kang, se se salang ke gore selo se segolo se se bakang kankere ya letlalo ke go fisiwa thata ke letsatsi. Tsela e batho ba tshelang ka yone e fetogile. Go ya malatsing a boikhutso kwa losing lwa lewatle le ditsela tsa go intsha bodutu tse di dirang gore motho a fisiwe ke letsatsi tse di jaaka go palama dithaba le go rerela mo kapokong di ratiwa thata e bile di itumelelwa thata ke batho ba gantsi ba berekelang mo moriting. Tsela e go aparwang ka yone le yone e fetogile. Le fa gone banna le basadi ba kile ba bo ba apara diaparo tsa go thuma tse di telele e bile seo se tsewa e le moaparo o o siameng, gone jaanong diaparo tsa go thuma di setse di ntshetsa mmele otlhe fela kwa ntle. Kankere ya letlalo le yone e ile ya simolola go oketsega fela jalo. Go a bonala jaanong gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba nnang mo sekakeng ba Bedouin ba apara diaparo tse di telele le go bipa ditlhogo tsa bone.Kankere ya Letlalo—E Gone e Bile e Kotsi
Mefuta e le meraro ya kankere ya letlalo e gantsi e tlhaselang batho ke kankere e e tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego (basal cell carcinoma), e e tlhaselang disele tse di sireletsang dirwe tsa mmele (squamous cell carcinoma) le kankere e e kotsi ya melanoma. Mefuta ya ntlha e mebedi e e umakilweng fa godimo ya kankere e simolola pele kafa ntle ga letlalo, mme ntho ya yone e nna bogolo jwa milimetara e le nngwe. Mefuta eno ya kankere e e seng ya melanoma go bonala e bakwa ke go fisiwa ke letsatsi ka lobaka lo loleele, jaaka ga batho ba ba berekang mo letsatsing, mme gantsi e tswa fela mo dikarolong tsa mmele tse gantsi di fisiwang ke letsatsi, tse di jaaka sefatlhego le mabogo. * Mefuta eno ya kankere go banala e rata go simolola e le kgotonyana fela kgotsa ntho e e tswang mo letlalong e bo e nna e gola, gantsi e tswa madi e bile ga e fole. Kgotonyana eno e ka nna ya anama mo e tswileng gone, mme ya tlhasela le ditogwa tse dingwe tse di e dikologileng. Mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa batho ba ba tshwerweng ke kankere ya letlalo ba a bo ba tshwerwe ke mofuta wa e e tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego. Le fa gone kankere e e tlhaselang disele tse di sireletsang dirwe tsa mmele yone e sa tshware batho go le kalo, gantsi e anama go tswa mo karolong e e tswileng mo go yone go ela kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele. Go botlhokwa gore mefuta eno ya kankere e lemogiwe ka bonako ka gonne ke yone e gantsi e kgonang go alafiwa, mme e ka bolaya motho fa e ka tlogelwa fela e sa alafiwe.
Kankere e e kotsi ya melanoma, e gantsi e tshwarang fela diperesente di le 5 tsa batho, le yone e simolola pele ka fa ntle ga letlalo. Sengwe sa dilo tsa konokono tse di bakang kankere eno ke go fisiwa ke letsatsi nako nngwe mme le bo le go fisa thata, jaaka go ntse ka batho ba ba berekelang mo moriting mme ba bo ba nna thata mo letsatsing ka nako ya fa ba ile malatsing a boikhutso. Mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa kankere eno e e kotsi di tswa mo dipatsong tse di mebalabala tse batho ba nang le go nna le tsone mo letlalong, segolobogolo tse di mo karolong e e fa godingwana ya mokwatla le go ela kwa tlase mo maotong.
Kankere eno ke yone e e kotsi thata, ka gonne fa e sa alafiwe e sa ntse e simologa, e ka nna ya tlhasela letlalo kwa garegare, koo go nang le ditshika le seedi se se dirang gore ditogwa tsa mmele di nne di le bongola. Fa e setse e le koo, e ka nna ya anama ka bonako. Dr. Larry Nathanson, yo e leng ngaka e e arang ditlhagala, a re: “Selo se se gakgamatsang ka kankere eno ke gore e kgona go alafega fa e ka lemogiwa ka bonako. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e setse e anametse mo dikarolong tse dingwe tsa mmele, ga e tlhole e kgona go alafiwa ka diokobatsi kgotsa ka go e fisa ka marang.” Tota e bile, ke diperesente di le 2 kgotsa di le 3 fela tsa balwetse ba ba nang le kankere eno e e setseng e aname ba ba tshelang dingwaga di le tlhano. (Bona lebokoso le le mo tsebeng
ya 7 go bona matshwao a kankere eno fa e sa ntse e simologa.)Ke bomang ba go ka diregang thata gore ba tshwarwe ke kankere ya letlalo? Mo godimo ga batho ba ba fisiwang ke letsatsi ka lobaka lo loleele kgotsa ba le ba fisang thata mme e le ka sewelo, go na le ba bangwe gape ba segolobogolo ba ka tshwarwang ke bolwetse jono, e leng ba ba nang le letlalo le lesetlhana, moriri le matlho a masetlhana, ba ba nang le dipatso le dikgoto mo mmeleng le ba ba tswang mo lelapeng le mongwe mo go lone a kileng a tshwarwa ke kankere. Batho ba letlalo le lentshonyana ga se gantsi ba tshwarwa ke kankere. A mme seno se raya gore fa o na le letlalo le lentshonyana o ka se ka wa tshwarwa ke kankere ya letlalo? Nnyaa, ga go a nna jalo, ka gonne le fa gone letlalo le nna lentshonyana go itshireletsa ka bolone gore le se ka la fisiwa ke marang a ultraviolet, le a gobala ka nako eo ya fa le dirwa lentshonyana, mme fa le ntse le senyegela pele o nna mo kotsing e kgolwanyane ya go tshwarwa ke kankere ya letlalo.
Kalafi ya Kankere ya Letlalo
Go na le ditsela di le mmalwa tsa kalafi, mme di dirisiwa go ikaegile ka gore ke kankere ya mofuta ofe, e dule fa kae, bogolo jwa yone le gore a e setse e kile ya alafiwa pele ga foo: go e sega, go gorula ditogwa tsa yone, go e fisa ka nnalete ya motlakase, go e gatsetsa le go e fisa ka marang. Selo se se leng thata go se dira ke go tlosa disele tsotlhe tse di nang le kankere. Mokgwa o mongwe wa go ara o o bidiwang Mohs, o mo go one go ntshiwang disele tse di nang le kankere go dirisiwa maekerosekoupo, o nna le matswela mo go alafeng kankere e e tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego le e e tlhaselang disele tse di sireletsang dirwe tsa mmele (o kgona go di alafa ka selekanyo sa diperesente di le 95 go ya go 99), fa kafa letlhakoreng le lengwe o tla o sireletsa ditogwa di le dintsi tse di iseng di tlhaselwe ke kankere e bile gape mabadi a karo ya teng ga a iponatse go le kalo. Kalafi epe fela e e dirisiwang e ka nna ya tlhoka gore morago ga yone ditogwa di boe di baakanngwe.
Mokgatlho wa National Institute on Aging wa kwa United States wa re: “Mefuta yotlhe ya kankere ya letlalo e ne e ka alafiwa fa fela e ne e ka lemogiwa ka bonako e bo e alafiwa ke ngaka pele ga e etegela.” Ka gone, go botlhokwa gore kankere e lemogiwe ka bonako. Mme gone motho a ka dirang gore a se ka a tshwarwa ke kankere ya letlalo?
Ithute Mekgwa e e Molemo ya go Itshireletsa mo Letsatsing
Go ithuta ka mekgwa e o ka itshireletsang ka yone go tloga fela mo bongwaneng gore o se ka wa fisiwa ke letsatsi go botlhokwa. Go ya ka Setheo sa Kankere ya Letlalo, bontsi ‘jwa batho ba fisiwa ke letsatsi ka selekanyo sa diperesente di le 80 pele ga ba nna le dingwaga di le 18. Go fopholediwa gore motho o nna mo kotsing ya go tshwarwa ke kankere e e kotsi go menagane gabedi fa e le gore ka nako ya fa a sa le monnye letsatsi le kile la mo fisa thata gangwe fela mo a neng a tswa marophi.’ Go ntse jalo ka gonne kankere ya letlalo e ka nna ya tsaya dingwaga di le 20 kgotsa go feta gore e iponatse. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 8 go bona dikakantsho tse di mosola tsa kafa o ka itshireletsang ka gone gore o se ka wa fisiwa ke letsatsi.)
Australia e na le palo e e kwa godimo thata ya batho ba ba tshwerweng ke kankere ya letlalo—segolobogolo kankere e e kotsi ya melanoma. * Go ntse jalo ka gonne baagi ba naga eno gantsi ke batswakwa ba Yuropa Bokone ba letlalo le lesetlhana, ba bontsi jwa bone ba nnang fa thoko ga losi lo lo letsatsi lwa lewatle. Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo bathong bano ba batswakwa di ile tsa bontsha gore ba ba ileng Australia ba sa ntse ba le bannye, ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing ya go tshwarwa ke kankere ya melanoma, e leng se se bontshang gore motho o tshwanetse a rutiwa a sa le monnye ka ditsela tse a ka itshireletsang ka tsone gore a se ka a fisiwa ke letsatsi. Puso ya Australia e setse e simolotse letsholo le legolo la go ruta batho ka dikotsi tse di bakwang ke letsatsi, mme e kgothaletsa batho go apara sekipa, go rwala hutshe le gore ba itshase setlolo se se sireletsang motho gore a se ka a fisiwa ke letsatsi. Diphetogo tseno tse dinnye fela di thusitse thata mo go fokotseng palo ya basha ba ba tshwarwang ke kankere ya melanoma mo nageng eo.
Malebana le setlolo se se sireletsang motho gore a se ka a fisiwa ke letsatsi, go tla bo go siame fa o dirisa setlolo se se kgonang go thibela marang a ultraviolet-A le a ultraviolet-B. Go botlhokwa gore o se dirise tota le fa go na le maru ka gonne diperesente di le 85 tsa marang a ultraviolet di kgona go phunyeletsa mo marung. Marang ano a kgona gape le go phunyeletsa mo metsing. Bomankge ba re go botoka gore motho a dirise setlolo se se kgonang go mo sireletsa ka makgetlo a ka nna 15. Gore o bone gore setlolo seno se ka go sireletsa go le kana kang, atisa palo ya metsotso e o e ntseng mo letsatsing go menagane ga 15. Motho o tshwanetse a itshasa setlolo seno morago ga diura dingwe le dingwe di le pedi fa a le mo letsatsing, mme seo ga se reye gore tsela e se kgonang go mo sireletsa ka yone e a menagana.
Mo godimo ga moo, buka ya The Skin Cancer Answer e tlhagisa gore ga wa tshwanela go akanya gore o sireletsegile fela ka go bo o dirisa setlolo seno. Ga go na setlolo sepe se se sireletsang motho ka botlalo gore a se ka a fisiwa ke letsatsi, e bile ga go reye gore tota se sireletsa motho gore a se ka a tshwarwa ke kankere ya letlalo. Tota e
bile, go dirisa setlolo seno go ka nna ga baya motho mo kotsing le go feta ya gore a tshwarwe ke kankere ya letlalo ene a sa lemoge—fa e le gore o tla ikutlwa a phuthologile fela go nna nako e e telele mo letsatsing ka gonne fela a itshasitse setlolo seno. Yone buka eno ya The Skin Cancer Answer ya re: “Selo se le sosi fela se se ka go thusang ke go dirisa mekgwa e e siameng ya go itshireletsa mo letsatsing. Go apara diaparo tse di go sireletsang le go nna mo ntlong ka nako ya fa letsatsi le le bogale thata, ke dilo tse di tsewang di ‘thusa’ go sireletsa motho gore a se ka a tshwarwa ke kankere ya letlalo.”Go tweng he ka go dira letlalo gore le nne lentshonyana mme o sa nne mo letsatsing, gongwe o dirisa dipone tsa marang a ultraviolet tse di diretsweng go le fisa kgotsa o ya kwa mafelong a le fisiwang mo go one? Go fopholediwa gore metsotso e le 20 fela e motho a e fetsang a le mo mafelong a letlalo le fisiwang mo go one e lekana le mo e ka nnang diura di le nne a le mo letsatsing. Go ile ga akanngwa gore go fisiwa letlalo o ntse o le mo ntlong ga go kotsi ka gonne go dirisiwa fela marang a ultraviolet-A, a go neng go bonala a sa tlabole letlalo. Mme buka ya The Skin Cancer Answer ya re: “Gone jaanong go setse go lemogilwe gore marang a ultraviolet-A a kgona go nwelelela kwa teng mo letlalong go gaisa marang a ultraviolet-B, a ka tshwarisa motho kankere ya letlalo e bile a ka nna a senya thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse.” Patlisiso nngwe e e neng ya gatisiwa mo bukeng e e anamisiwang lefatshe ka bophara ya The Miami Herald e ile ya fitlhela gore basadi ba ba yang gangwe ka kgwedi kgotsa go feta kwa mafelong a go fisiwang letlalo mo go one gore le nne lentshonyana “ba ne ba nna mo kotsing le go feta ya gore ba tshwarwe ke kankere ya melanoma ka diperesente di le 55.”
Ka gone go botlhokwa gore motho a tseye tsia ditsela tse a ka itshireletsang ka tsone gore a se ka a fisiwa ke letsatsi. Gakologelwa gore go fisiwa ke letsatsi gone jaanong go ka nna ga dira gore o tshwarwe ke kankere ya letlalo morago ga dingwaga di le 20 kgotsa go feta. Batho bangwe ba ile ba kgona jang go lebana le kankere ya letlalo, mme ke eng se se ba thusitseng go e itshokela?
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 10 Marang a ultraviolet a ka nna a senya gape le disele tsa letlalo tse di amanang le thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse (Langerhans cells) tse di fitlhelwang mo karolong e e kafa ntle ya letlalo, tse di leng botlhokwa thata mo go lwantsheng malwetse. Buka ya The Skin Cancer Answer ya re: “Ka gone, baitsesaense bangwe ba dumela gore go senyega ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse ke gone go dirang gore batho ba tshwarwe ke kankere ya letlalo.”
^ ser. 19 Go ya ka Komiti ya Kankere ya New South Wales, “motho a le mongwe mo go ba le babedi kwa Australia o tlile go tshwarwa ke kankere ya mofuta mongwe ka nako nngwe mo botshelong jwa gagwe.” Kwa Queensland, kwa Australia, batho ba ba neng ba le mo kotsing ya go tshwarwa ke kankere e e kotsi ya melanoma kwa morago kwa ka 1998 e ne e le a le 1 mo go ba le 15.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
MATSHWAO A MAGOLO A KANKERE E E KOTSI YA MELANOMA
1. GO SE TSHWANE GA DIPATSO. Gantsi dipatso tsa letlalo tse di supang gore motho o na le kankere ya melanoma di ikaroganya sebedi mme dikarolo tseo tsa tsone tsoopedi ga di tshwane. Dipatso tse dingwe tse di tlwaelegileng tsa letlalo tsone di kgolokwe e bile dikarolo tsa tsone tsoopedi di tshwana kgo.
2. MO DI FELELANG TENG GA GO LEKALEKANE. Mo dipatso tsa letlalo tse di supang gore motho o na le kankere ya melanoma di felelang teng gantsi ga go borethe. Dipatso tsa letlalo tse di tlwaelegileng fela di borethe.
3. GO SE TSHWANE KA MMALA. Dipatso tsa letlalo tse di mebala e e farologaneng e e jaaka o o bosetlha jo bo tseneletseng, o montshonyana kgotsa o montsho thata ke tsone tse gantsi di bontshang gore motho o tshwerwe ke kankere ya melanoma. Fa kankere eno e ntse gola, di ka nna tsa simolola go nna khibidu, tsa nna ditshweu le botala jwa legodimo. Dipatso tsa letlalo tse di tlwaelegileng gantsi di nna fela le mmala o o bosetlha jo bo tseneletseng.
4. BOGOLO. Dipatso tsa letlalo tse di supang gore motho o na le kankere ya melanoma gantsi di rata go nna dikgolo go gaisa dipatso fela tse di tlwaelegileng (di nna bogolo jwa dimilimetara di ka nna 6).
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Tshedimosetso eno e tserwe go: Setheo sa Kankere ya Letlalo
Skin samples: Images courtesy of the Skin Cancer Foundation, New York, NY, www.skincancer.org
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]
DIKAKANTSHO TSE DI MOSOLA TSA GO SIRELETSA LETLALO LA GAGO
1. Se nne mo letsatsing thata, segolobogolo fa gare ga 10:00 a.m. le 4:00 p.m., e leng dinako tse marang a ultraviolet a leng bogale thata ka tsone.
2. Tlhatlhoba letlalo la gago go tloga kwa tlhogong go ya kwa dinaong mo e ka nnang gangwe morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le tharo.
3. Fa o tlile go tswela mo letsatsing ka lobaka lo loleele, dirisa setlolo se se dirisediwang go sireletsa letlalo gore le se ka la fisiwa ke letsatsi se se kgonang go sireletsa letlalo ka makgetlo a le 15 kgotsa go feta. Se itshase se le sentsinyana metsotso e le 30 pele ga o tswela mo letsatsing mme morago ga moo, o nne o se itshase morago ga diura dingwe le dingwe di le pedi. (Setlolo se se sireletsang letlalo gore le se ka la fisiwa ke letsatsi ga se a tshwanela go tshasiwa bana ba ba kafa tlase ga dikgwedi di le thataro.)
4. Ruta bana ba gago ba sa le bannye thata gore ba ka itshireletsa jang mo letsatsing, e re ka go fisiwa ke letsatsi go go dirang gore motho a nne le kankere ya letlalo fa a setse a godile go simolola fa a sa le ngwana.
5. Apara diaparo tse di go sireletsang mo letsatsing tse di jaaka marokgwe a maleele, dihempe tsa mabogo a maleele, dihutshe tse dikgolo le digalase tsa letsatsi tse di fokotsang bogale jwa marang a ultraviolet.