Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go Tshaba Haramagedona?

A o Tshwanetse go Tshaba Haramagedona?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A o Tshwanetse go Tshaba Haramagedona?

“HARAMAGEDONA” ke eng? Totatota lefoko leno le raya tiragalo e mo go yone babusi ba lefatshe ba tla phuthegang mmogo go lwantshana le Modimo le Bogosi jwa gagwe jo kgosi ya jone e leng Jesu Keresete. Mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o ile a bontshiwa ponatshegelo ya babusi ba phuthega mmogo ba bo ba lwa le Modimo mo lefelong la tshwantshetso le le bidiwang Haramagedona.

Lefoko leno “Haramagedona” le tlhagelela gangwe fela mo Dikwalong, mme le fa go ntse jalo mo dipuong dingwe le dirisiwa thata gompieno go tshwantshetsa dilo di le dintsi. Lefoko leno le ile la dirisiwa fa go buiwa ka masetlapelo mangwe, e ka tswa e le a magolo kgotsa a mannye, go ka tswa go buiwa ka go gailwa ga batho ka dibomo tsa nuklea kgotsa go buiwa ka baerase ya khomputara. Dibuka di le mmalwa tse di rekwang thata di ile tsa kwalwa go akantswe ka se go tweng ke bokhutlo jwa lefatshe, kgotsa nako ya pele fela ga Haramagedona. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng go ile ga rekisiwa dibuka dingwe tsa padi tse di tlotlang ka kgang eno ya Haramagedona, mme ga rekisiwa dikopi di feta dimilione di le 60.

Batho bangwe ba tshaba Haramagedona. Ba akanya gore dirukhutlhi, dinaga tse di ratang ntwa, kgotsa masetlapelo mangwe a batho ba ka se kgoneng go a laola di tlile go ganyaola lefatshe lotlhe mo e leng gore le tla sala e le lefelo le go ka se tshelweng mo go lone. Ba bangwe ba dumela gore Modimo o na le nako e a e beileng e ka boene a tla senyang lefatshe le sotlhe se se mo go lone a tuka bogale. Ruri dilo tseno tse batho ba di akanyang di a tshosa! Mme gone re tshwanetse ra tlhaloganya jang ‘ntwa [eno] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e e tla lwelwang kwa Haramagedona?—Tshenolo 16:14, 16.

A Lefatshe le Tla Senngwa?

Ga go kitla go fedisiwa batho botlhe ka Haramagedona. Re itse jang seno? Baebele e re tlhomamisetsa gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” (2 Petere 2:9) Ka gone re ka tshepa gore Modimo ga a kitla a dirisa maatla a gagwe a magolo go ripitla sengwe le sengwe fela. Ka nako ya Haramagedona, go tla senngwa fela batho ba ba kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe. Ga go na batho bape ba go tla diregang gore ba swe go ne go sa ikaelelwa gore ba swe.—Pesalema 2:2, 9; Genesise 18:23, 25.

Baebele e re bolelela gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Ka gone, ga go pelaelo gore maikaelelo a ga Jehofa Modimo ga se go senya lefatshe la rona. Go na le moo, o tla fedisa batho botlhe ba ba boikepo ba ba kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe. Go tla tshwana fela le se a neng a se dira ka nako ya Morwalela wa ga Noa.—Genesise 6:11-14; 7:1; Mathaio 24:37-39.

“Letsatsi le le Boitshegang”

Gone ke boammaaruri gore dikarolo di le mmalwa tsa boporofeti jwa Baebele tse di buang ka tshenyego e e tlang di a boifisa. Ka sekai, moporofeti Joele o ne a bua ka “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.” (Joele 2:31) Dibetsa tsa Modimo tsa ntwa di akaretsa kapoko, sefako, thoromo ya lefatshe, malwetse a leroborobo, merwalela, pula ya molelo le sulefera, tlhakatlhakano e batho ba bolaanang mo go yone, dikgadima le sebetso sa go bola ga nama ya motho. * (Jobe 38:22, 23; Esekiele 38:14-23; Habakuke 3:10, 11; Sekarea 14:12, 13) Baebele gape e tlhalosa sentle nako e ka yone batho ba ba suleng ba tla bong ba namaletse mo godimo ga lefatshe, ba tlogetswe fela e le motshotelo kgotsa ba tlogeletswe dinonyane le diphologolo tse dingwe gore di ba je. (Jeremia 25:33, 34; Esekiele 39:17-20) Baba ba Modimo ba tla bo ba tshogile fela thata mo ntweng eno.—Tshenolo 6:16, 17.

A seno se raya gore baobamedi ba ba kutlo ba Modimo wa boammaaruri ba tshwanetse go tshoga ditiragalo tseno tse di tshosang tse di tla diragalang ka Haramagedona? Ruri ga ba tshwanela go tshoga ka gonne batlhanka ba Modimo ba ba mo lefatsheng ga ba kitla ba lwa mo ntweng eno. Mo godimo ga moo, ba tla bo ba sireleditswe ke Jehofa. Mme gone, baobamedi ba boammaaruri ba tla gakgamadiwa thata ke tsela e Modimo a tla bontshang maatla a gagwe a a boitshegang ka yone.—Pesalema 37:34; Diane 3:25, 26.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa go re tlhomamisetsa jaana: “Go itumela le fa e le mang yo o bolokang mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno,” go akaretsa le tlhagiso kaga Haramagedona. (Tshenolo 1:3; 22:7) A motho a ka kgona go itumela fa a akanya ka Haramagedona? Seno se ka kgonega jang?

Tlhagiso ya Modimo

Fa setsuatsue se segolo se tla mo lefelong le le rileng, balaodi ba lefelo leo ba tlhagisa batho gore ba ba boloke. Gore ba tlhomamise gore batho botlhe ba utlwa tlhagiso eno, mapodise a ka nna a romiwa go opa mokgosi kgotsa go etela batho mo magaeng a bone go ba tlhagisa. Lebaka la go bo go dirwa seno sotlhe ga se go boifisa batho, go na le moo ke go ba thusa gore ba tseye kgato gore ba boloke botshelo jwa bone. Batho ba ba botlhale ba tsaya tlhagiso eno tsia ba bo ba dira sengwe go ipoloka, mme moragonyana ba itumelela go bo ba ile ba dira jalo.

Go ntse fela jalo le ka molaetsa wa Modimo o o tlhagisang batho ka “phefo ya matsubutsubu” e e tlang ya Haramagedona. (Diane 10:25) Jehofa o neile batho dintlha ka botlalo malebana le ntwa eno ya gagwe mo Lefokong la gagwe. Ga se gore o batla go tshosa batho, go na le moo o batla go ba tlhagisa le go dira gore ba ikotlhaye ba bo ba leke ka natla go mo direla. (Sefania 2:2, 3; 2 Petere 3:9) Batho ba ba tla tsayang tlhagiso eno tsia ba tla falola. Ka gone, ga re a tshwanela go boifa ntwa ya Modimo e e ntseng e atamela. Go na le moo, re ka lebelela isagwe re na le tshepo ya gore “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.”—Joele 2:32.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore dilo dingwe tse di kwadilweng mo Baebeleng ke tsa tshwantshetso, kgotsa ke “ditshupo.” (Tshenolo 1:1) Ka gone, re ka se ka ra bua re tlhomamisegile gore dilo tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jono gore di tlile go dirisiwa di tla dirisiwa go le kana kang.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Fa setsuatsue se se maatla se tla, balaodi ba tlhagisa batho gore ba ba boloke

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Molaetsa wa Modimo o o tlhagisang batho ka Haramagedona ke wa go ba thusa gore ba ipoloke gore ba se ka ba swa