Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Latlhegelwa ke Tiro o sa Lebelela!

Go Latlhegelwa ke Tiro o sa Lebelela!

Go Latlhegelwa ke Tiro o sa Lebelela!

“Fa ke sena go latlhegelwa ke tiro, ke ne ka sala ke gamaregile. Ke ne ka ikutlwa ke se na seriti gotlhelele.”—Tony, wa kwa Jeremane.

“Ke ne ka ikutlwa jaaka e kete ke pegilwe kgetsi e e tletseng maje mo magetleng. E re ka ke le motsadi yo o se nang molekane, ke ne ke tshwenyegile ke sa itse gore ke tlile go fepa bana ba me ba babedi ka eng le gore ke tlile go duela dikoloto tsa me ka eng.”—Mary, wa kwa India.

“Ke ne ke kgobegile marapo tota fa ke sena go latlhegelwa ke tiro ya me, mme ke ne ke ipotsa gore a ke tla tsamaya ke bona tiro e nngwe gape.”—Jaime, wa kwa Mexico.

BATHO ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba itshoketse mahutsana a a tshwanang le a ga Tony, Mary le Jaime. E ne ya re fa lekgolo leno la dingwaga le simolola, go ile ga fopholediwa gore diperesente di le 10 tsa batho ba ba ka kgonang go hiriwa kwa Yuropa le kwa Asia Bogare—batho ba ka nna dimilione di le 23—ba ne ba batlana le tiro. Mo dinageng tse di iseng di tlhabologe go le kalo, batho ba ba fetang kwatara ba ba ka kgonang go hiriwa ga ba bereke. Kwa United States, makasine wa The New York Times wa July 2003 o bolela gore “batho ba le dimilione di le 2,6 ba ile ba latlhegelwa ke ditiro mo lobakeng lwa dikgwedi di le 28 tse di fetileng.”

Mo dinageng di le dintsi, go batlana le tiro go baka dikgoreletsi tse di masisi. Ka sekai, ngwaga le ngwaga palo e ntsi thata ya basha ba ba alogang mo sekolong se segolo kgotsa mo dikholetšheng le bone ba tswa letsholo go ya go batlana le ditiro. Mo godimo ga moo, go nna le thuto e e kwa godimo kgotsa go ithutela tiro e e rileng ga go tlhomamise gore motho o tla bona yone tiro eo e a e ithutetseng. Ka jalo, gone jaanong go tlwaelegile gore batho ba nne ba fetofetole ditiro tsa bone ka makgetlhonyana mo nakong ya fa ba bereka. Ba bangwe ba ya bokgakaleng jwa gore ba bo ba tlogele gotlhelele tiro e ba e ithutetseng mme ba dire sengwe se sele.

Fa o latlhegelwa ke tiro, ke eng se o ka se dirang gore o bone e nngwe? Fa o sena go bona tiro, o ka dirang gore tiro eo e se ka ya go latlhegela?