Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Utswa mo Mabenkeleng—A ke Go Ijesa Monate Kgotsa ke Tlolomolao e e Masisi?

Go Utswa mo Mabenkeleng—A ke Go Ijesa Monate Kgotsa ke Tlolomolao e e Masisi?

Go Utswa mo Mabenkeleng—A ke Go Ijesa Monate Kgotsa ke Tlolomolao e e Masisi?

AKANYA ka seemo seno. Lebenkele le a bulwa, mme go tsena basetsanyana bangwe ba babedi ba apere diaparo tsa feshene. Ba fetela kwa karolong e go beilweng ditlolo tsa go intlafatsa mo go yone. Molebeledi mongwe wa lebenkele o ba sala morago mme o ema dimetara di le lesome kwa moragonyana ga bone, a potisitse matsogo kafa morago a leba se se tla diregang. O lebile basetsanyana bano fa ba ntse ba tshwaratshwara ditlolo tsa molomo le tsa matlho.

Basetsanyana bano ba utswa molebeledi yono ka matlho, yo o ba lebileng. Ba garoga pelo. Mongwe wa bone o ema fa go beilweng dipoletšhe tsa dinala gone, a bo a tshwara mabotlolo a sekae. O itira e kete ga a itse gore a tseye lebotlolo lefe fa gare ga mebala e mebedi e mehibidu e e batlileng e tshwana. O baya lebotlolo le lengwe fa fatshe a bo a tsaya le lengwe la mmala o o sa galolang go le kalo.

Molebeledi o diga matlho, a bo a retologa a leba go sele. Ka bonako fela, basetsana bano ba latlhela ditlolo tsa molomo le mabotlolo a poletšhe ya dinala mo dikgetsaneng tsa bone. Ba lebega ba wetse makgwafo mme tota ba tshogile. Ba ema foo metsotso e sekae, yo mongwe a lebile didirisiwa tse di gotlhang dinala, fa yo mongwe ene a lebile dipensele tse di tshasang dintshi.

Basetsana bano ba a lebana, ba dumalana ka tlhogo, mme ba simolola go tsamaela kwa karolong e e kwa pele ya lebenkele. Molebeledi o a ba sutela, mme basetsana bano ba nyenya le ene fa ba mo feta. Fa ba fitlha kwa karolong e e kwa pele ya lebenkele ba leba didirisiwa tse di farologaneng tsa difouno tsa selula tse di beilweng go lebagana le fa go duelwang gone. Ba sebaseba ka dikgetsana tsa letlalo tse go tsenngwang difouno tsa selula mo go tsone. Go tswa foo ba tsamaela kwa kgorong.

Fa ba ntse ba tsamaya, dipelo tsa bone di itaya thata ba tshogile gape ba kgatlhegile. Fa basetsana bano ba tswa ka kgoro, ba ikutlwa e kete ba ka goa, mme gone ba nna fela ba didimetse. Fa ba setse ba le kwa ntle, difatlhego tsa bone di a hibila ka ntlha ya go tlalelana maikutlo. Ba wela dibete mme ba kgwa moya. Ba tsamaela ka bonako, mme ba nnela go khinkhinyega. Ba akantse selo se le sengwe fela: ‘Ga re a tshwarwa!’

Basetsana bano ba babedi ba ikakanyeditswe fela, mme gone ka maswabi go a tle go nne le ditiragalo tse di tshwanang le e e tlhalositsweng fano. Go fopholediwa gore go utswa mo mabenkeleng go direga makgetlho a ka nna milione letsatsi le letsatsi kwa United States fela, mme jono ke bothata jwa lefatshe lotlhe. Jaaka re tla bona, bothata jono bo baka tshenyo e kgolo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba utswang mo mabenkeleng ga ba re sepe ka tshenyo e kgolo eno e ba e bakang. Tota le batho ba le bantsi ba ba nang le madi a go duelela dilo, ba rata go utswa. Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo?