Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute se Baebele e se Rutang

Ithute se Baebele e se Rutang

Ithute se Baebele e se Rutang

Modimo o Batla Gore re Direng? ke kgatiso e e nang le ditsebe tse 32 e e lekanang le makasine ono. E diretswe go thusa batho gore ba tlhaloganye dithuto tsa motheo tsa Baebele. Boroutšhara jono bo bontsha sentle gore maikaelelo a Modimo ke eng ka batho mme bo re naya tshedimosetso e e tswang mo Baebeleng e e bontshang gore re tshwanetse go dira eng gore a re amogele. Dingwe tsa dithuto tsa yone tse di kgatlhang ke tse di reng “Modimo ke Mang?,” “Jesu Keresete ke Mang?,” “Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?” le e e reng “Bogosi jwa Modimo ke Eng?”

Kopa gore o romelelwe khopi ya jone kgotsa bona tshedimosetso ya jone go tswa mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org. Bo teng ka dipuo tse di fetang 250.

Gore o bo romelelwe, tlatsa fela setlankana seno mme o se romele kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa ka sepe, ke kopa lo nthomelele boroutšhara jwa setlhogo se se reng Modimo o Batla Gore re Direng?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.