Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ke ne Ke Batla go Ithuta go le Gontsi ka Bodumedi Jwa Me’

‘Ke ne Ke Batla go Ithuta go le Gontsi ka Bodumedi Jwa Me’

‘Ke ne Ke Batla go Ithuta go le Gontsi ka Bodumedi Jwa Me’

FA Ciara wa dingwaga di le 12 wa kwa Florida, kwa U.S.A., a ne a abetswe go dira porojeke ya sekolo ya hisitori, o ne a tlhopha setlhogo se se kgatlhang se se reng Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ya Bonasi. A re: “Ke ne ka tlhopha setlhogo seno ka gonne ke ne ke batla go ithuta go le gontsi ka hisitori ya bodumedi jwa me. Ke ne ke batla go utlwa gore ke eng se tota se neng sa diragalela Basupi ba ga Jehofa ka nako ya go Gailwa ga Batho ke Banasi.”

Fa Ciara a sena go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, o ne a aga Phiramiti ya legong ya mmala o o phepole, e e neng e emela khutlotharo e phepole e e neng e rokeletswe mo diaparong tsa Basupi ba ga Jehofa go ba tlhaola ka tsone kwa dikampeng. Ciara o ne a kgomaretsa ditshwantsho tse di nang le mafoko a a di tlhalosang mo matlhakoreng a phiramiti eno. Mo godimo ga moo, o ne a kgomaretsa le lekwalo le le utlwisang botlhoko mme le nonotsha tumelo, le le neng le kwadilwe ke Mosupi mongwe wa ga Jehofa e bong Wolfgang Kusserow, pele fela ga a bolawa.—Bona makasine wa Tsogang! wa September 8 1995, lebokoso le le mo tsebeng ya 19.

Porojeke ya ga Ciara, e ne ya bontsha sentle gore go farologana le magolegwa a mangwe, Basupi bone ba ne ba na le sengwe se ba ka se dirang gore ba gololwe e leng go saena lekwalo lengwe la gore ba itatola tumelo ya bone. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba se ka ba saena, go ne go bontsha gore ba a ikanyega.

Ciara a re go tlhopha setlhogo seno go ile ga mo thusa thata go dira porojeke ya gagwe ya sekolo. A re go tlhopha setlhogo seno gore a dire porojeke ka sone go ile ga mo thusa thata gore a kgone go ithuta go le gontsi ka bodumedi jwa gagwe. A re: “Le mororo Basupi e ne e le setlhopha se sennye fela kwa Jeremane ka nako eo, tumelo ya bone e ne e nonofile, mme seo se ne sa ba thusa gore ba kgone go itshokela pogiso.”

Fa e le gore o Mosupi wa ga Jehofa yo mosha yo o sa ntseng a tsena sekolo, a go na le ditsela tse ka tsone le wena o ka buang ka hisitori ya bodumedi jwa gago?