Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Puo ya Rona Ga e Na Matlhapa”

“Puo ya Rona Ga e Na Matlhapa”

“Puo ya Rona Ga e Na Matlhapa”

MATLHAPA ke eng? Ke “go kgoba ka mafoko, go rogana kgotsa go nyatsa.” (The American Heritage Dictionary) Dikishinare e nngwe e tlhalosa go “tlhapatsa” jaana: “Go itshekolola (sengwe se se itshekileng), go se nyatsa kgotsa go sotla ka sone.” Ka maswabi, mo dinageng di le dintsi matlhapa ke puo e e dirisiwang mo mebileng. Le mororo mo nakong e e fetileng e gantsi banna e neng e le bone ba dirisang puo e e leswe jalo, gompieno go tlwaelegile thata go utlwa basadi le bone ba rogana. Le fa go ntse jalo, mo ditsong dingwe, matlhapa a ne a se ke a dirisiwa mo puong ya letsatsi le letsatsi. Akanya ka sekai sa ga James Kaywaykla, Moindia wa Mo-Apache.

James o ne a tsholwa mo e ka nnang ka 1873 kwa New Mexico kwa United States. Fa a setse a tsofetse thata, a na le dingwaga di le 90, o ne a tlhalosa jaana:

“Moso mongwe ke ne ka tsosiwa ke lentswe la ga Rremogolo. O ne a ntse mo maribeleng a a ruletsweng ka bojang, a lebile kwa botlhabatsatsi a ntse a opela Sefela sa mo Mosong. Ke sefela se se opelelwang Ussen . . . a lebogelwa mpho e kgolo e a e fileng batho—maikutlo a monna le mosadi ba nang le one a go tlhakanela dikobo, e leng selo se se boitshepo mo setsong sa Ba-Apache. * Le ka motlha ga ba ke ba dira metlae ka tlhakanelodikobo, mme ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa makgoa one a tsaya go ima le go tshola ngwana e le selo se go ka dirwang motlae ka sone. Mo go bone, go dira metlae ka tlhakanelodikobo go tshwana le go biletsa leina la Modimo lefela. Ke ipela tota go bo go se na matlhapa mo puong ya rona. Re leboga Monei Botshelo go bo a re neile tshiamelo ya go tshola bana.”—Native Heritage, e e kwadilweng ke Arlene Hirschfelder.

Mo e ka nnang dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” Mme o ne a kwala gape jaana: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang, mme go na le moo go ntshiwe ditebogo.”—Baefeso 4:29; 5:3, 4.

Re ka dira jang gore go se ka ga fitlhelwa matlhapa le metlae e e ferosang sebete mo pelong, mo megopolong le mo melomong ya rona? Gongwe kgakololo e Paulo a neng a e naya Bafilipi e ka re thusa rotlhe: “Bakaulengwe, dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go ya ka tumelo ya Ba-Apache, Ussen ke monei wa botshelo.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 31]

All photos: Library of Congress, Prints & Photographs Division; Apache symbol: Dover Publications, Inc.