Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Ka se Dirang Gore O se Ka wa Latlhegelwa ke Tiro

Se o Ka se Dirang Gore O se Ka wa Latlhegelwa ke Tiro

Se o Ka se Dirang Gore O se Ka wa Latlhegelwa ke Tiro

“A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi.”—Diane 22:29.

JAAKA fa temana e e fa godimo ya Baebele e bontsha, batho ba ba ditswerere mo tirong ya bone gantsi ba tseelwa kwa godimo thata. Ke bokgoni bofe le dinonofo dife tse bathapi ba di ratang thata mo badiring ba bone? George, yo e leng mokaedi wa lephata le le tlhokomelang badiri la khampani e e hirileng batho ba le 700, o ne a bolelela bakwadi ba Tsogang! jaana: “Selo se re se tseelang kwa godimo thata mo modiring, ke fa e le motho yo o buang e bile a bereka le badirimmogo le ene ka kutlwano.” Baebele e na le kgakololo e e mosola e e ka go thusang go tokafatsa mo dintlheng tseno, mme fa o e dirisa, go ka direga gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro ya gago. Akanya ka dikai tseno di le mmalwa.

Go Itse go Buisana Sentle le ba Bangwe

Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o bontsha gore motho yo o kgonang go buisana sentle le ba bangwe o a akanya pele ga a bua. Jakobe o ne a kwala gore motho o tshwanetse go “nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Ke ka ntlha yang fa kgakololo eno e le molemo? Solomone o ne a kwala jaana: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” (Diane 18:13) Ee ruri, go reetsa mothapi wa gago le badirimmogo le wena ka kelotlhoko go ka dira gore lo se ka lwa nna le dikgotlhang mme go tla go thusa gore o se ka wa dira diphoso tse o tla di ikotlhaelang.

Fa o batla go bua, mokgwa o o buang ka one le one o botlhokwa. Fa o bua ka tsela e e utlwalang sentle e bile o buela kwa godimo sentle, o ka tlhaloganngwa sentle mme le se o se buang se tla tsewa tsia. Brian, yo e leng mongwe wa batho ba ba thusang ba bangwe go batla tiro yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a re: “O tla gakgamadiwa ke go itse gore bontsi jwa batho ba ba latlhegelwang ke ditiro tsa bone ga se ka gonne ba palelwa ke tiro ya bone, mme ke ka gonne ba sa itse go bua sentle le ba bangwe.”

Dirisana Mmogo le ba Bangwe

E re ka o fetsa nako e ntsi o na le badirimmogo le wena, ga go pelaelo gore o ba itse sentle. Ka ntlha ya seo, o ka nna wa raelesega go seba ka bone, o bua thata ka diphoso tsa bone le makoa a bone. Le fa go ntse jalo, Baebele e re neela kgakololo eno: “Lo go dire boikaelelo jwa lona go tshela ka tidimalo le go tlhokomela dikgang tsa lona.” (1 Bathesalonika 4:11) Fa o dira jalo, ga o kitla o itsiwe jaaka motho “yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.” (1 Petere 4:15) Mo godimo ga moo, ga o kitla o senya nako e bile ga o na go nna le dikgotlhang go sa tlhokege le badirimmogo le wena.

Fa o kopiwa go dira tiro nngwe, nna o akantse ka kgakololo eno e e botlhale ya ga Jesu: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) Jesu o ne a bua ka go laola ga mebuso, mme gone molaomotheo oo o a dira le kwa o berekang gone. Fa o itsege o le motho yo o dirang ka natla—yo o dirang se se fetang se o kopilweng go se dira—go ka direga thata gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro ya gago. Mme gone ke boammaaruri gore seo ga se reye gore o dire sengwe le sengwe fela se mothapi wa gago a go kopang gore o se dire. Jesu o ne a re go duelwe “Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Ka kakaretso fela, Jesu fano o ne a bontsha gore batho ba ba nang le taolo ga ba a tshwanela go kgoreletsa dilo tse o di tsayang di le botlhokwa segolo, tse di jaaka go obamela Modimo.

Ikanyege

Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo dikhampaning di le 1 400 e ne ya bontsha gore bathapi ba le bantsi “ba ne ba tsaya go ikanyega le bothokgami e le dinonofo tse di ba kgatlhang thata tse ba di batlang mo badiring.” Ga go pelaelo gore fa o ikanyega ga o kitla o utswa madi kgotsa didiriswa tsa mothapi wa gago. Gape ga o kitla o utswa nako ya tiro. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke sengwe sa ditheo tse di thusang batho go batlana le tiro e ile ya bontsha gore nako ya tiro e e utswiwang e fitlha go diura di ka nna 4 le metsotso e le 15 go modiri mongwe le mongwe ka beke. Mo godimo ga dilo tse dingwe, batho bano ba ba utswang nako ya tiro gantsi ba fitlha thari, ba tšhaisa e ise e nne nako e bile ba nnela go tlotla le badirimmogo fa ba le mo tirong.

Baebele e gakolola jaana: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo.” (Baefeso 4:28) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le kgothaletsa Bakeresete go dira ka natla, go sa kgathalesege gore a yo o ba okametseng wa ba bona kgotsa ga a ba bone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang kutlo mo go sengwe le sengwe mo go ba e leng beng ba lona ka tlhaloganyo ya senama, e seng ka ditiro tsa go direla fa lo lebilwe, jaaka bakgatlhi ba batho, fa e se ka bopeloephepa jwa pelo, ka go boifa Jehofa.” (Bakolosa 3:22) Fa o itsege o le motho yo o berekang ka tlhoafalo—tota le fa go se na ope yo o go lebileng—itse gore o modiri yo o ka ikanngwang.

Leba Dilo ka Tsela e di Leng ka Yone

Baebele e boleletse pele sentle gore motlha o re tshelang mo go one o tla nna le mathata e bile go tla nna boima go lebana le one. (2 Timotheo 3:1) Dikgotlhang tse di nnang gone tsa sepolotiki le tsa loago di tla nna di dira gore maemo a ikonomi a fetofetoge. (Mathaio 24:3-8) Ka gone, tota le fa o dirisa dikakantsho tse di fa godimo, o sa ntse o ka nna wa latlhegelwa ke tiro ya gago.

Le fa go ntse jalo, go dirisa melaometheo ya Baebele go ka go thusa go fokotsa tlhobaelo e e bakwang ke botlhokatiro. Jesu o ne a re: “Jaanong, fa Modimo a apesa dimela tsa naga jalo, tse di leng gone gompieno mme ka moso di latlhelwa mo pesetsong, a go na le moo ga a na a apesa lona bogolo, lona ba lo nang le tumelo e potlana? Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ . . . Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.”—Mathaio 6:30-32.

Fela jaaka batho ba bangwe ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe, Ericka, yo o umakilweng pelenyana, o ile a iponela boammaaruri jwa mafoko a a nopotsweng fa godimo. O sobokanya maikutlo a gagwe ka tsela eno: “Ke itumelela thata tiro e ke e dirang gone jaanong. Mme gone ke itse ka se se kileng sa ntiragalela gore dilo di ka nna tsa fetoga. Le fa go ntse jalo, ka go dirisa melaometheo ya Baebele le go ikanya Jehofa, ke ithutile kafa nka fokotsang go tlhobaela ga me ka teng fa ke sa bereke le kafa nka oketsang kgotsofalo ya me ka teng mo tirong e ke tla e bonang.”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go se reetse ka kelotlhoko fa o le mo kokoanong kwa tirong go ka dira gore o latlhegelwe ke tiro ya gago