Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshupanako E e Mo Letsogong la Gago

Tshupanako E e Mo Letsogong la Gago

Tshupanako E e Mo Letsogong la Gago

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITHANE

KE NAKO mang? O ka itse ka go lebelela tshupanako e e mo letsogong la gago. A mme gone e mo nakong? Go motlhofo fela gore re se ka ra tsaya ditshupanako tseno tsia, mme gone re ka ithuta go le gontsi ka tsone.

Le fa gone nako e ka nna selo se se sa tseweng tsia go le kalo e bile e feta ka bonako fela, batho ga ba bolo go nna ba kgatlhegela go e itse. Dilo tse di tshwanang le go fetofetoga ga dipaka, go fetofetoga ga sebopego sa ngwedi, go latelana ga motshegare le bosigo—tsotlhe di supa nako ka tlholego fela. Mme motho ene ga a bolo go leka go supa nako e e tshwanetseng ka dikarolwana tsa yone tse dinnye.

Kafa Tshupanako e Berekang ka Teng

Sengwe sa dilo tsa bogologolo se se neng sa dirwa ke baitsesaense ke tshupanako. Mo teng ga yone, go na le leotwananyana le le dirang gore e tsamaye. Leotwananyana leno ke lone le le laolang selekanyo sa maatla a a dirang gore tshupanako e tsamaye. Re kgona go bona gore ke nako mang ka gonne maatla a a dirang gore tshupanako e tsamaye a ntshiwa ka selekanyo se sennye kgapetsakgapetsa. Ga go na ope yo o itseng gore tshupanako ya ntlhantlha e e sa diriseng betirii e ile ya dirwa leng, mme gone go ne go fitlheletswe sengwe se segolo tota ka ngwaga wa 1500, e leng ngwaga o go neng ga simololwa ka one go dira tshupanako e motho a kgonang go tsamaya a e tshotse.

Tshupanako ya gone jaanong e e rwalwang mo letsogong ga se bogologolo e le gone. E simolotse go nna gone fa dingwaga tsa bo1800 di ne di ela bokhutlong, mme go ne go dirwa thata tse di rwalwang ke basadi. Fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ntse e tsweletse, balaodi ba dibetsa tsa sesole ba ile ba lemoga gore tshupanako ya letsogo ke yone e go leng motlhofo thata go e dirisa go na le e e tsenngwang mo kgetsing. Morago ga moo, ditshupanako tse di rwalwang mo letsogong di ne tsa simolola go ratiwa thata.

Gompieno, ditshupanako di le dintsi di dirisa betirii mme di tsamaisiwa ke legakwa. Fa legakwa le bopilwe ka tsela e e rileng le bo le dikologiwa ke selekanyo se se rileng sa motlakase, le simolola go tshikinyega le sa emise.

Go thata go tsenya tshupanako mo nakong, e ka tswa e bereka ka beterii kgotsa nnyaa. Ka gone, go sa kgathalesege gore o na le tshupanako ya mofuta ofe, e tlile go latlha nako go se kae. Le fa go ntse jalo, gompieno go na le ditshupanako tse di berekang ka beterii tse di kgonang go itsenya mo nakong ka botsone fela di dirisa makhubu a diatomo a a ntshiwang ke tshupanako e kgolo e e dirisang maatla a diatomo. * Batho ba ba buelelang ditshupanako tseno tse di dirisang maatla a diatomo ba re di kgona go tswa mo nakong ka motsotswana o le mongwe fela morago ga dingwaga di le milione!

Batho Bangwe ba sa Ntse ba Rata Ditshupanako Tse di sa Diriseng Betirii

Fa o akanya ka tsela e di nnang di le mo nakong ka yone le kgang ya gore mateng a ditshupanako tse di sa diriseng betirii e sa le a dirwa dingwaga di le makgolo a mabedi a a fetileng, o ka nna wa akanya gore ditshupanako tseno ga di tlhole di na le mosola ope. Le fa go ntse jalo tshupanako eno e e sa diriseng betirii e sa ntse e ratiwa ke batho ba le bantsi. Di dirwa di le dimilionemilione ngwaga le ngwaga. Tlhwatlhwa ya tshupanako e e sa diriseng betirii e e rekwang go tswa kwa Switzerland e ile ya tlhatloga mo dingwageng tsa bosheng go gaisa tshupanako e e dirisang betirii. Le fa gone ditshupanako tseno di setse di dirwa ka tsela e ntšha, e e berekang botokanyana le e ditshitswana tse di mo teng ga yone di sa gotlhaneng fa dinaka tsa yone di ntse di tsamaya, batho ba sa ntse ba batlana le tsele tsa bogologolo e bile ba kopa batho ba ba baakanyang ditshupanako gore ba ba baakanyetse tsone.

Ke eng se se dirang gore batho ba rate ditshupanako tseno tse di sa diriseng betirii? Michael, yo o nang le dingwaga di le masome a mararo a baakanya ditshupanako, o dumela gore batho ba di ratisiwa ke gore di tsaya lobaka lo loleele di sa senyege. O bolela gape gore tshupanako e e dirisang betirii e ka kgona go fetsa dingwaga di ka nna 15 e bereka, mme e e dirilweng sentle e e sa diriseng betirii yone e ka kgona go fetsa dingwaga di feta 100 e ntse e bereka sentle. Tshupanako eno, e ratiwa thata ka gonne e kgona go dirisiwa ke motsadi a bo a e tlogelela ngwana wa gagwe.

Batho ba bangwe bone ba rata tshupanako eno e e sa diriseng betirii ka gonne e dirilwe ka tsela e e raraaneng, e bile e kgona go supa nako ka tsela e e tlhomameng le gore dikarolwana tsa yone tse dinnye di dirilwe ka tsela e e raraaneng. Gape, ba e ratela gore dikarolwana tsa yone di dirilwe ka letsogo, e bile batho ba ba baakanyang ditshupanako ba a di tlhaloganya ka jalo ba kgona go di baakanya.

Go farologana le metšhine e mengwe, batho ba lebeletse gore ditshupanako di fetse dingwagangwaga di bereka bosigo le motshegare. Mo godimo ga moo, tshupanako e e rwalwang mo letsogong e tshwanetse ya bereka kafa tlase ga dithemperetšhara tse di farologaneng le mo maemong mangwe le mangwe, tota le fa o ka tswa o e lebisitse kae, mme e tshwanetse ya nna e ntse e le mo nakong. Tshupanako e e nnang kwa pele kgotsa kwa morago ka metsotswana e le 20 letsatsi le letsatsi e na le bothata ka selekanyo sa diperesente di le 0,023, e leng tsela e go lebeletsweng gore sediriswa sa eleketeroniki se se dirilweng sentle se bereke ka yone. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke tsela e e botswerere le e e botlhale e ditshupanako tsa letsogo tse di sa diriseng betirii di dirilweng ka yone!

Ke boammaaruri gore go na le mabaka a mangwe a go bo batho ba rata tshupanako eno. Michael, yo go builweng ka ene pelenyana, o tlhalosa gore batho bangwe ga ba rate ditshupanako tse di dirisang betirii ka gonne ga ba batle go nna ba ntse ba ntsha betirii e e fedileng ba tsenya e ntšha. Ka gone ke eng se se ka go thusang go tlhopha tshupanako e o e batlang?

O Batla Efe?

Ga go pelaelo gore o batla tshupanako e o tla e ratang. Batho ba le bantsi ba rata tshupanako e e ba tshwanetseng le e berekang sentle, mme gape ba batla e nne ntle. Mo godimo ga moo, Michael o bolela gore motho o tshwanetse a akanyetsa sentle mofuta wa tshupanako e a e batlang. A e tlile go nna e o nnang o e rwele motshegare otlhe letsatsi le letsatsi kgotsa a o tlile go e rwala ka dinako tse di kgethegileng fela? A e tla nna e o se kitlang o tshwenyega fa e itaagana le sengwe kgotsa a e tla nna e e kgonang go emelana le dithemperetšhara tse di kwa godimo? Ka sekai, fa e nna e thelegelwa ke dikhemikale kgotsa metsi a lewatle e ka nna ya senyega leseka le bokafantle jwa yone. Ka gone o tshwanetse wa akanyetsa dilo tseno sentle fa o batla go reka tshupanako.

Malebana le gore e ja bokae, go botlhokwa gore o ipolelele gore o batla ya bokae mme o beele madi a yone kwa thoko. Gantsi ditshupanako tse di sa tsamayeng ka betirii di tura go gaisa tse di tsamayang ka betirii. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ditshupanako di le dintsi tse di farologaneng di tsamaya ka go tshwana. Dilo tse di dirang gore tshupanako e tsamaye di mo teng ga yone mme ke tsone di dirang gore e supe nako. Dilo tseno tse di dirang gore e tsamaye di dirilwe ka botswerere. Gantsi tseno ga se tsone tse di dirang gore e ture, mme se se dirang gore e ture ke dilo tse di jaaka gore tshupanako ka boyone le leseka la yone di dirilwe ka eng. Ka gone fa tshupanako e tura seo ga se reye gore e tlile go bereka sentle kgotsa e tlile go nna e le mo nakong ka dinako tsotlhe.—Bona lebokoso le le fa godimo.

E re ka o rwele tshupanako mo letsogong la gago, go motlhofo gore o lebe nako ka ponyo ya leitlho fela. Go nna le kitso e e rileng malebana le tsela e ditshupanako tsa letsogo di dirilweng ka yone go ka go thusa gore o anaanele didirisiwa tseno tsa botlhokwa. Tota e bile, o ka nna wa ikutlwa o sa kgone go ya gope fela o sa rwala tshupanako.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Ditshupanako tse di dirisang maatla a diatomo ga di ke di latlha nako ka gonne di tsamaisiwa ke go roroma ga diatomo.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

KE EFE E E GO SIAMETSENG?

MOFUTA: Sedirisiwa se se dirisediwang go lekanya nako se o ka se dirisetsang go lekanya lobaka lo lo khutshwane fela lwa nako, ke sedirisiwa se se go siametseng fa e le gore o batla go bona gore tiragalo e e rileng e tsere lobaka lo lo kae. Fa o batla tshupanako e o ka e dirisang fa o le mo metshamekong, o ka siamelwa ke e e sa tsenweng ke metsi. Fa e le gore o lebala go waena tshupanako ya gago, gakologelwa gore e e dirisang betirii yone ga e tlhoke go waeniwa. Gape, go na le ditshupanako tse di sa diriseng betirii tse di itsenyang mo nakong ka botsone, kgotsa tse di sa latlheng nako fa mong wa yone a nna a e rwele ka dinako tsotlhe.

GO NNA MO NAKONG: Fa e le gore o tseela nako kwa godimo, o ka nna wa ithekela tshupanako e e dirilweng ka botswerere jwa maemo a a kwa godimo e e se keng e latlha nako. Go bonala e e dirisang betirii e le yone e e tshwarang nako sentle. Tshupanako ya segompieno e e sa diriseng betirii e na le lonaka lo lo tsamaelang ka bonako lo lo itayang makgetlo a le 28 800 ka ura, mo go rayang gore le itaya ganè motsotswana mongwe le mongwe. E tseye o e bapise le e e dirisang betirii, e yone e itayang makgetlo a a fa gare ga 10 000 le 100 000 ka motsotswana!

MODIRO WA TSHUPANAKO: Go na le tshupanako e e dirisang dipalo go supa nako; go bo go nna le e e dirisang dinaka. Tshupanako e e dirisang dipalo go tlhagisa nako e kgona go bontsha tshedimosetso e e rileng, e e jaaka letlha, e na le alamo, e kgona go bontsha le nako ya mafelo a mangwe e bile e ka dirisediwa go lekanya nako go bona gore tiragalo e e rileng e tsere lobaka lo lo kae. Tshupanako e e dirisang dinaka yone e supa nako ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa ka gonne o tlhoka fela go lebelela gore dinaka tsa yone di fa kae.

GO E TLHOKOMELA: E re ka tshupanako e e sa diriseng betirii e tsamaisiwa ke seporeng se se nonofileng, ga go motlhofo gore e eme fa e tsenwa ke lerole jaaka e e dirisang betirii. Mo godimo ga moo, gore tshupanako eno e e sa diriseng betirii e se ka ya go tshwenya ka go tla e latlha nako, o tshwanetse wa e phepafatsa ka metlha go gaisa e e dirisang betirii. Ditshupanako tse di nang le dibetirii, tse di dirisang dipalo go tlhagisa nako ga di na ditshitswana tse di gotlhanang, ka gone ga go tlhokege gore di phepafadiwe, fa e se fela gore di nne di tsenngwe betirii e nngwe fa e e mo teng ga tsone e fedile.

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

DITSHUPANAKO DINGWE TSE DI ITSEGENG TSA LETSOGO

1810-12

Tshupanako ya ntlhantlha ya letsogo, Abraham-Louis Breguet

1945

Tshupanako e e bontshang letlha, Rolex

1957

Tshupanako ya letsogo e e dirisang mmotoronyana wa motlakase, Hamilton Watch Company

1960

Tshupanako ya eleketeroniki, Bulova

1972

Tshupanako ya letsogo e e tlhagisang nako e dirisa dipalo, Hamilton Watch Company

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho sa bobedi le sa bonè: Courtesy of Hamilton Watches

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

OMEGA