Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Masetlapelo a Tlholego a Direga Thata?

A Masetlapelo a Tlholego a Direga Thata?

A Masetlapelo a Tlholego a Direga Thata?

“Re ka lebelela gore ditiragalo tse di sa tlwaelegang tse di bakwang ke go fetoga ga tlelaemete di nne le ditlamorago tse di maswe tota mo isagweng. Seno se raya gore re tshwanetse go lebelela dikotsi tse disha tse di bakwang ke maemo a bosa, tse di ka felelang ka gore batho ba le bantsi ba senyegelwe ke dithoto kgotsa ba swe. . . . Gore re kgone go tsaya dikgato tsa go itshireletsa, re tshwanetse go ipaakanyetsa diphetogo tseo tse di boitshegang.”—“Topics Geo—Annual Review: Natural Catastrophes 2003.”

DIKAROLO dingwe tsa Yuropa di ne le mogote tota ka selemo sa 2003. Go ne ga swa batho ba ka nna 30 000 kwa Belgium, Boritane, Fora, Italy, Netherlands, Portugal, le Spain ka ntlha ya mogote oo. Mogote o o boitshegang o o neng wa nna teng pele ga paka ya dipula kwa Bangladesh, India, le Pakistan o ne wa bolaya batho ba le 1 500, mme komelelo le mogote o o neng o ise o ke o nne teng pele di ne tsa baka melelo e e sa laolesegeng kwa Australia, e e neng ya laila sekgwa sa diheketara di feta dimilione di le tharo.

Go ya ka World Meteorological Organization, “go ile ga nna le difefo di le 16 tse dikgolo mo pakeng ya dikgwanyape ka ngwaga wa 2003 kwa lewatleng la Atlantic, mme palo eno e kwa godimo go feta palogare ya difefo di le 9,8 tse di nnileng gone ngwaga le ngwaga go tloga ka 1944 go fitlha ka 1996, mme gone difefo tseno tse 16 di ne di supa sentle koketsego e e lemogilweng ya dikgwanyape le difefo tse dikgolo tse di sa leng di nna teng ngwaga le ngwaga go tloga ka dingwaga tsa bo1990.” Palo ya tsone e ile ya nna e oketsega jalo go fitlha ka ngwaga wa 2004, o mo go one dikgwanyape tse di maatla di neng tsa senya ditlhaketlhake tsa Caribbean le Kgogometso ya Mexico, mme tsa bolaya batho ba ka nna 2 000 tsa ba tsa baka tshenyo e e seng kana ka sepe.

Ka 2003, go ile ga nna le sefefo se segolo kwa Sri Lanka se se neng sa baka morwalela o mogolo, mme ga swa batho ba ka nna 250. Ka 2004, go begwa gore go ile ga nna le bobotlana ditsokotsane di le 23 tse di maatla kwa bophirima jwa Pacific. Di le lesome tsa tsone di ne tsa ama Japane, koo di neng tsa baka tshenyo e kgolo gone mme tsa bolaya batho ba feta 170. Merwalela e e bakwang ke dipula tsa matsorotsoro tse di nang ka paka ya dipula e ne ya ama batho ba ka nna dimilione di le 30 kwa Asia Borwa, segolo jang kwa Bangladesh. Batho ba le dimilione di le dintsi ba ne ba sala ba se na magae, ba bangwe ba ka nna dimilione di le tharo ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela magae a bone, mme go ne ga swa ba feta 1 300.

Go ile ga nna le dithoromo tsa lefatshe di le mmalwa mo ngwageng wa 2003. Ka May 21, kwa Algiers, kwa Algeria, batho ba le 10 000 ba ne ba gobala ka ntlha ya thoromo ya lefatshe, mme ba le 200 000 ba ne ba sala ba se na magae. Ka December 26, ka 5:26 mo mosong, lefatshe le ne la roroma dikilometara di le 8 kwa borwa jwa toropo ya Bam kwa Iran. Thoromo eno ya lefatshe ya bogolo jwa 6,5, e ne ya senya diperesente di le 70 tsa toropo eo, ya bolaya batho ba le 40 000 mme ya tlogela ba ba fetang 100 000 ba se na magae. E ne e le masetlapelo a a bolaileng batho ba le bantsi go feta otlhe mo ngwageng oo. Thoromo eno e ile ya ba ya gosomanya kago ya phemelo ya kwa Bam ya Arg-e-Bam, e e neng e na le dingwaga di le 2 000, mme seno se ile sa ama ikonomi ya lefelo leno ka gonne kago eno e ne e le yone e e ngokang bajanala thata.

Ngwaga morago ga moo, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 9,0 gaufi le lotshitshi lo lo kwa bophirima lwa bokone jwa Sumatra, kwa Indonesia. Thoromo eno e ne ya baka makhubu a a kotsi tota a a bidiwang tsunami, a a ileng a bolaya batho ba bantsi go feta le fa e le leng pele mo hisitoring. Makhubu ano a a kotsi a ile a bolaya batho ba ba fetang 200 000 mme a tlogela ba le bantsintsi ba gobetse kgotsa ba se na magae, e bile ba bangwe ba ne ba diragalelwa ke dilo tseo ka bobedi jwa tsone. Makhubu ano a tsunami a ile a ba a ama lotshitshi lo lo kafa botlhaba lwa Afrika, dikilometara di ka nna 4 500 kgotsa go feta go tswa kwa bophirima jwa lefelo le thoromo eno ya lefatshe e simologileng kwa go lone.

A go Sa Ntse go Tla Masetlapelo a a Maswe go Feta Ano?

A ditiragalo tseno di re bontsha se se tlileng go direga mo nakong e e tlang? Malebana le masetlapelo a a bakwang ke maemo a bosa, baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore diphetogo tse di bakwang ke batho mo atemosefereng di fetola tlelaemete ya lefatshe mme seno ke sengwe sa dilo tse di bakang maemo a a sa tlwaelegang a bosa. Fa e le gore go ntse jalo, seno se supa gore maemo a tlile go nna maswe mo isagweng. Sengwe gape se se ka gakatsang bothata ke gore gone jaanong batho ba le bantsi ba nna mo mafelong a go ka nnang ga direga masetlapelo a tlholego mo go one, ba nna mo mafelong ano ka gonne ba rata kgotsa ka gonne ba se na kwa ba ka yang go nna teng.

Dipalo di bontsha gore diperesente di le 95 tsa dintsho tsotlhe tse di bakwang ke masetlapelo a tlholego di direga mo dinageng tse di tlhabologang. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go swe batho ba le bantsi jalo kwa dinageng tse di humileng, mme gone maemo a ikonomi a wela kwa tlase ka diperesente di le 75. Tota e bile, dikhampani dingwe tsa inshorense ga di dumele gore di tla nna le madi a a lekaneng a go duelela palo e e ntseng e oketsega ya dintsho le dikgobalo.

Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dingwe tsa dilo tsa tlholego tse di bakang masetlapelo re bo re sekaseka le ditsela tse batho ba ka tswang ba gakatsa masetlapelo ano ka tsone. Re tla sekaseka gape le gore a batho ba na le bokgoni le keletso ya go dira diphetogo tse di tlhokegang gore lefatshe e nne legae le dikokomana tse di tlang di ka nnang mo go lone di babalesegile.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

FORA 2003—Mogote wa selemo kwa Yuropa o bolaya batho ba le 30 000; mogote kwa Spain o fitlha go didikirii di le 44.8 tsa Celsius

[Motswedi wa Setshwantsho]

Alfred/EPA/Sipa Press

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

IRAN 2003—Thoromo ya lefatshe kwa Bam e bolaya batho ba le 40 000; basadi ba fa thoko ga lebitla la batho ba bantsi, ba lelela ba masika ba ba suleng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Background and women: © Tim Dirven/Panos Pictures