Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ise go ye Kae Masetlapelo Otlhe a Tla Fela

Go Ise go ye Kae Masetlapelo Otlhe a Tla Fela

Go Ise go ye Kae Masetlapelo Otlhe a Tla Fela

“Bana le lona ditlogolo. Reetsang! . . . Go ise go ye kae, thaba eno e tlile go kgwa molelo. Mme pele ga seo se direga, go utlwala modumo o o tshosang le dithoromo tsa lefatshe. Go bonala mosi, dikgabo tsa molelo le dikgadima, mme go utlwala modumo o o seng kana ka sepe mo loaping. Siang fa lo sa ntse lo kgona . . . Fa e le gore o tsaya dithoto di le botlhokwa go feta botshelo jwa gago, thaba eno ya lekgwamolelo e tlile go go bolaela go se tseye tsia tlhagiso le go nna bogagapa ga gago. O se ka wa tshwenyega ka ntlo ya gago, mme tshaba kwantle ga go dikadika.”

TLHAGISO eo, e e nopotsweng mo bukeng ya Earth Shock, e e kwadilweng ke Andrew Robinson, e ne ya gabiwa mo letlapanakwalelong la segopotso kwa Portici—e leng toropo e e kwa tlase ga thaba e e bidiwang Mount Vesuvius kwa Italy—morago ga gore thaba eno ya lekgwamolelo e thunye ka 1631. Go thunya gono ga yone go ne ga bolaya batho ba feta 4 000. Robinson a re: “Go thunya mo go sa lebelwang ga lekgwamolelo leno ka 1631 . . . ke gone go dirileng gore thaba ya Vesuvius e itsiwe ke batho ba le bantsi.” Seno se ne sa direga jang? Go agiwa sesha ga Portici go ne ga felela ka gore go ribololwe toropo ya Herculaneum le Pompeii. Ditoropo tseno tse pedi di ne tsa senngwa le go ribegediwa fa thaba ya Vesuvius e ne e thunya ka 79 C.E.

Monna mongwe wa Moroma e bong Pliny yo Mmotlana, yo o neng a falola masetlapelo ao mme moragonyana a nna mmusi, o ne a kwala ka thoromo e e sa tlwaelegang ya lefatshe, mme thoromo eo e ne e le letshwao la kotsi e e tlang. Ene le mmaagwe le batho ba bangwe ba ne ba tsibogela letshwao leo la tlhagiso mme ba falola.

Sesupo sa Tlhagiso sa Motlha wa Rona

Gompieno re atamela ka bofefo kwa bofelong jwa tsamaiso ya lefatshe leno ya tsa ikonomi, loago le dipolotiki. Re itse jang? Ka gonne Jesu Keresete o ne a bolelela pele ditiragalo tse di neng di tla direga mo lefatsheng tse e neng e tla nna sesupo sa gore letsatsi la Modimo la katlholo le atametse. Fela jaaka lekgwamolelo le le roromang, le le kuang mosi le melora, sesupo seo se se dikarolo tse dintsi se akaretsa dintwa tse dikgolo, dithoromo tsa lefatshe, mauba le malwetse a leroborobo—a a kgautlantseng lefatshe ka selekanyo se se iseng se ko se bonwe fa e sa le ka 1914.—Mathaio 24:3-8; Luke 21:10, 11; Tshenolo 6:1-8.

Le fa go ntse jalo, sesupo sa ga Jesu sa tlhagiso se akaretsa molaetsa o o nayang batho tsholofelo. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Ela tlhoko gore Jesu o ne a bitsa molaetsa wa Bogosi a re ke “dikgang tse di molemo.” Eleruri ke dikgang tse di molemo ka gonne Bogosi jwa Modimo, jo e leng puso ya kwa legodimong e e laolwang ke Keresete Jesu, bo tla dirolola mathata otlhe a a bakilweng ke batho. Mo godimo ga moo, bo tla fedisa masetlapelo otlhe a tlholego.—Luke 4:43; Tshenolo 21:3, 4.

Ee ruri, fa Jesu a ne a tshela mo lefatsheng e le motho, o ne a bontsha gore o kgona go laola maemo a bosa ka go didimatsa sefefo se se kotsi. Barutwa ba gagwe ba ba neng ba tshogile ba ne ba bua jaana ba gakgametse: “Tota yono ke mang, gonne o laela le e leng diphefo le metsi, mme di a mo utlwa?” (Luke 8:22-25) Gompieno Jesu ga e tlhole e le motho fela, go na le moo ke sebopiwa se se maatla sa semoya. Ka gone, go tla nna motlhofo thata gore a laole dilo tsa tlholego gore di se ka tsa gobatsa batho ba a tla bong a ba busa!—Pesalema 2:6-9; Tshenolo 11:15.

Bangwe ba ka nna ba akanya gore dilo tseno tsotlhe ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Mme gone, se lebale gore boporofeti jwa Baebele—jo bo sa tshwaneng le dilo tse batho ba di solofetsang le tse ba di bolelelang pele—bo ile jwa diragadiwa jotlhe, go akaretsa le boporofeti jo re neng ra bo bona bo diragadiwa fa e sa le ka 1914. (Isaia 46:10; 55:10, 11) Ee, ruri go tla nna le kagiso mo lefatsheng. E bile re ka tlhomamisega gore isagwe ya rona le yone e tla nna jalo fa re utlwa Lefoko la Modimo mme re tsaya tsia tlhagiso ya lone e e lorato e e malebana le ditiragalo tsa botlhokwa thata tse di tla tlogang di direga.—Mathaio 24:42, 44; Johane 17:3.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

TSHOLOFELO KE EFE KA BENG KA RONA BA BA SULENG?

FA MONGWE yo re mo ratang thata a swa, go a direga gore re welwe ke khutsafalo e e seng kana ka sepe. Baebele e re bolelela gore Jesu o ne a lela fa tsala ya gagwe e kgolo thata e bong Lasaro a swa. Mme metsotsonyana fela morago ga moo Jesu o ne a dira selo se se gakgamatsang thata—o ne a tsosa Lasaro gape! (Johane 11:32-44) Ka go dira jalo, o ne a thusa batho botlhe go nna le tumelo e e nonofileng mo go se a neng a se solofetsa pelenyana mo bodireding jwa gagwe, fa a ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Re eletsa e kete botlhe ba ba swetsweng ke beng ka bone ba ba ba ratang ba ka gomodiwa ke tsholofelo eno e ntlentle ya tsogo mo lefatsheng la paradaise.—Ditiro 24:15.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

A o tsaya tsia tlhagiso ya gore lefatshe leno le mo metlheng ya lone ya bofelo?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

USGS, David A. Johnston, Cascades Volcano Observatory