Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?

Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?

Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?

A GO na le mongwe mo lefatsheng le le kotsi leno la gompieno yo o ka tshelang a sa boife gotlhelele? Ga a yo le eseng! Tota le batho ba ba dumelang mo Modimong ba lebana le dikotsi tse di dirang gore ba tlhobaele. Ka sekai, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo yo o neng a tsaya mesepele e le mentsi o bolela gore o ne a thubegelwa ke sekepe, a nna le dikotsi mo dinokeng, a nna mo kotsing ya dikebekwa tsa ditsela tse dikgolo le go nna mo kotsing mo motseng. (2 Bakorintha 11:25-28) Le gompieno bontsi jwa rona re sa ntse re lebana le maemo a a kotsi.

Le fa go ntse jalo, re ka kgona go dira sengwe go itshireletsa, mme re ka se tlhobaele thata fa re sa ipeye mo kotsing. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Ke dikgato dife tse re ka di tsayang gore re itshireletse?

Dira Dilo ka Kelotlhoko

Le fa Baebele e ile ya kwalwa bogologolo, selo se se kgatlhang ka yone ke gore e na le melaometheo e e sa ntseng e le mosola le gompieno go tila dikotsi. Ka sekai, ya re: “Fa e le ope fela yo o botlhale, matlho a gagwe a mo tlhogong ya gagwe; mme sematla se tswelela go tsamaya mo lefifing le legolo.” (Moreri 2:14) O tla bo o dira sentle fa o nna o etse tlhoko gore go na le batho ba ba ntseng jang gaufi le wena le go tila go tsamaya mo mafelong a a lefifi fa go kgonega. Gongwe o ka tsamaya ka tsela e e tshubilweng dipone sentle fa o ya gae, tota le fa e ka nna ya go dikolosa go sekae. Gape, Baebele ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe. . . . Fa mongwe a ka fekeetsa yo mongwe a le nosi, ba le babedi ba ka kgona go emelana le ene.” (Moreri 4:9, 12) Fa o nna mo lefelong le le kotsi, a o ka kgona go kopa mongwe gore a tsamaye le wena fa o ya gae?

Fa motho a go kgothosa, o tshwanetse wa nna o gakologetswe gore botshelo bo botlhokwa go gaisa dilo tse a di batlang tse o nang le tsone. (Mathaio 16:26) Go botlhokwa go nna o gakologetswe gape gore fa batho ba kokoane ka bontsi e bile ba galefile, ba kotsi e bile ba ka dira sengwe se o neng o sa se lebelela.—Ekesodo 23:2.

Fa monna mongwe a go tshwaratshwara, a dira metlae e e leswe kgotsa a leka go go kgoma ka tsela e e sa siamang, mmontshe o tiisitse gore ga o rate se a se dirang. O ka nna wa tshwanelwa ke go tswa o tsamaye, jaaka fa Josefa a ile a dira fa mosadi yo o se nang boitshwaro a ne a mo phamola. O ne “a tshaba a tswela kwa ntle.” (Genesise 39:12) Fa e le gore ga o kgone go tsamaya, o ka nna wa re: “Tlogela go dira jalo!” kgotsa “O se ka wa ba wa nkgoma!” kgotsa “Ga ke rate se o se buang.” Fa o kgona, o se ka wa ya mo mafelong a gantsi banna ba ratang go tshwaratshwara basadi mo go one.

Go Lepalepana le Poifo ya mo Lelapeng

O ka dira eng fa o boifa monna wa gago yo o ratang go lwa le wena? Go ka nna molemo fa o ka loga leano la gore o tla iphalotsa jang fa monna wa gago a itshwara ka tsela e e dirang gore boitekanelo le botshelo jwa gago le jwa bana ba gago di nne mo kotsing. * Baebele e bontsha kafa Jakobe a ileng a loga leano ka kelotlhoko ka gone le le ka mo thusang go falola fa mogolowe e bong Esau a ne a ka mo tlhasela. Tsela e dilo di neng tsa tsamaya ka yone e ne ya dira gore a se ka a dirisa leano leno, mme gone o ne a rulagantse dilo ka kelotlhoko. (Genesise 32:6-8) Go loga leano la go falola go ka nna ga tlhoka gore o bue le mongwe yo o tla go amogelang mo legaeng la gagwe fa o tlhoka thuso. O ka nna wa itsise motho yono go sa le gale gore ke eng se o ka ratang a go thusa ka sone. Go botlhale gore o beye dipampiri tsa gago tsa botlhokwa le dilo tse dingwe mo lefelong le o ka kgonang go di tsaya motlhofo fela mo go lone.

Selo se sengwe se o ka se dirang ke go bega monna yo o go sotlang kwa balaoding o bo o kopa gore ba go sireletse. * Baebele e ruta gore batho botlhe ba tshwanetse ba lebana le matswela a ditiro tsa bone. (Bagalatia 6:7) Baebele fa e bua ka balaodi ba puso ya re: “Ke modiredi wa Modimo mo go lona gore lo bone molemo. Mme fa e le gore lo dira se se bosula, boifang.” (Baroma 13:4) Fa monna a tlhasela mosadi wa gagwe mo gae, o dira bokebekwa jo bo tshwanang fela le go tlhaselwa fa o le mo tseleng. Fa monna wa gago a nna a go sala morago ka dinako tsotlhe seo le sone ke tlolomolao mo dinageng di le dintsi.

Go dirisa dikakantsho tse re tlotlileng ka tsone go ka nna ga fokotsa poifo ka selekanyo se se rileng. Mme Baebele e na le mo gontsi go na le go fa kgakololo fela. Ga se buka fela e motho a ka e dirisang go itshireletsa. Ke buka ya boporofeti jo bo diragadiwang e e bontshang se Modimo a se dirang gone jaanong le se a tla se dirang mo isagweng. Baebele e naya batho ba ba tshelelang mo letshogong tsholofelo efe?

Se go Tshelela mo Letshogong go se Bolelang

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala dintlha tseno tse di botlhokwa: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Timotheo 3:1-3) A bo mafoko ao a tlhalosa dinako tse di boifisang jang ne!

Fa Jesu a ne a bua ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo; mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo go tswa legodimong.” (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11) Ka gone, “dipono tse di boifisang” tse re di boneng le tse di dirang gore batho ba boife thata gone jaanong ga di a tshwanela go re gakgamatsa. Mme gone di bolela eng?

Jesu o ne a re: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:31) Mo metlheng eno ya rona, re ka lebelela gore puso ya Modimo e buse go tswa kwa legodimong mme e buse batho botlhe. (Daniele 2:44) Botshelo bo tla bo bo ntse jang ka nako eo?

Go Tshela re sa Boife!

Baebele e bua ka nako ya mo isagweng ya fa go tla bo go na le kagiso mme go sa tlhole go na le dintwa, batho ba ba dirang dilo tse di bosula ba seyo mme lefatshe le tletse ka batho ba ba ratang Modimo. Moaposetoloi wa ga Jesu e bong Petere o ne a kwala ka nako e e sa ntseng e tla ya ‘letsatsi la katlholo le la go senngwa ga baikepi.’ Go tla bo go se na ope yo o bosula yo o boifiwang ka gonne ‘go tla nna le tshiamo’ mo lefatsheng. (2 Petere 3:7, 9, 13) Akanya fela gore re tla wela makgwafo jang ka gonne re tshela le batho ba ba ikanyegang le ba ruri ba ratanang! Tsholofelo eno e re thusa gore re lebe nako e e kotsi e re tshelang mo go yone ka leitlho le le siameng. Ga e kitla e nnela ruri.—Pesalema 37:9-11.

Mo bathong ba ba nnang ba tlhobaela, moporofeti wa ga Jehofa o ne a bolelelwa jaana: “Rayang ba ba pelo e tlhobaelang lo re: ‘Nonofang. Lo se ka lwa boifa. Bonang! Modimo wa lona o tla tla ka pusoloso, Modimo o tla tla le ka tuelo. O tla tla go lo boloka.’” (Isaia 35:4) Ka gone, batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ba na le tsholofelo ka isagwe. (Bafilipi 4:6, 7) Batho ba ba ileng ba tshwanelwa ke go tshelela fela mo letshogong ba kgothadiwa fela thata ke go itse gore Jehofa ga a latlha maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong ka lefatshe, a gore le tlale ka batho ba ba mo itseng le ba ba bontshang dinonofo tsa gagwe tse di lorato.—Genesise 1:26-28; Isaia 11:9.

Re a itse gore ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa gore a diragatse maikaelelo a gagwe a a lorato ka batho. (Isaia 55:10, 11; Baroma 8:35-39) Fa re itse seno, mafoko a Pesalema e e itsegeng thata a nna le bokao le go feta. E balega jaana: : “Jehofa ke Modisa wa me. . . . O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna.” (Pesalema 23:1-4) Le fa metlha eno e e boifisang e ka boifisa le go feta, lefatshe le le se nang poifo le gaufi mme ruri le tla tla.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Mabapi le maemo a mo go one motho a ka tshwanelwang ke go kgaogana le molekane wa gagwe wa lenyalo tumalanong le melaometheo ya Baebele, bona Tsogang! ya February 8, 2002, tsebe 28.

^ ser. 10 Mabapi le basadi ba ba itewang ke banna ba bone, bona Tsogang! ya November 8, 2001, ditsebe 3-12, le Tsogang! ya February 8, 1993, ditsebe 3-14.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8-10]

Mo bogautshwaneng, Modimo o tla tlisa lefatshe le le se nang poifo